LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp18 no. 3 ts. 12
  • Ke Mang Yo o Re Bogisang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Re Bogisang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Se Baebele e se Buang ka go Boga
    Tsogang!—2015
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
wp18 no. 3 ts. 12
Batho ba ntlha go goroga fa kotsi ya koloi e diragetseng gone

Ke Mang Yo o Re Bogisang?

Fa e le gore Modimo ga se ene a re bogisang, jaanong ke mang yo o bakang tlhaelo ya dijo, lehuma le le sa feleng, dintwa tse di setlhogo, malwetse a leroborobo le masetlapelo a dilo tsa tlholego? Lefoko la Modimo e leng Baebele le bua ka dilo tse tharo tse di dirang gore batho ba boge:

  1. Bopelotshetlha le Letlhoo. ‘Motho o laola motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Gantsi batho ba ba pelotshetlha le ba ba pelo e e maswe ke bone ba ba bogisang batho ba bangwe.

  2. Nako le Tiragalo E e Sa Lebelelwang. Gantsi batho ba welwa ke masetlapelo ka gonne “ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Seno se raya gore motho a ka iphitlhela a le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa tshwanelang kgotsa gore mongwe a ka baka kotsi ka phoso kgotsa ka go sa nne kelotlhoko.

  3. Mmusi yo o Bosula wa Lefatshe. Baebele e tlhalosa lebaka la konokono le le dirang gore batho ba boge. Ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) “Yo o boikepo” yo go buiwang ka ene fano ke moengele yo o maatla e bong Satane Diabolo yo kwa tshimologong e neng e le moengele yo o siameng yo o ileng a se ka a “a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) Go na le baengele ba bangwe ba ba ileng ba etsa Satane mme ba tlhanogela Modimo e bo e nna madimona. (Genesise 6:1-5) Fa e sa le Satane le madimona a gagwe ba tlhanogela Modimo, ba ntse ba tlhotlheletsa batho go dira dilo tse di sa siamang. Le gompieno ba sa ntse ba dira jalo. Gone jaanong Diabolo o galefile thata e bile ‘o tsietsa lefatshe lotlhe’ mme seo se dirile gore lefatshe le hutsege. (Tshenolo 12:9, 12) Ruri Satane ke mmusi yo o setlhogo. O itumelela go bona batho ba boga. Ka jalo, Satane ke ene a dirang gore batho ba boge, e seng Modimo.

AKANYA KA SENO: Satane Diabolo ke ene fela a ka dirang gore batho ba ba siameng ba boge ka gonne o setlhogo. Mme Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ka jalo, “a go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!”​—Jobe 34:10.

Mme gone re ka ipotsa gore, ‘Modimo Mothatayotlhe o tla letlelela Satane ka lobaka lo lo kae gore a tswelele a dira dilo tse di bosula thata jaana?’ Re ithutile gore Modimo o tlhoile dilo tse di bosula e bile o utlwa botlhoko fa a re bona re boga. Gape Baebele ya re: “Latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Petere 5:7) Modimo o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula ka gonne o a re rata e bile o na le maatla a go dira jalo. Tsebe e e latelang e tlhalosa gore o tla dira seo jang.a

a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng e e tlhalosang lebaka la go bo batho ba boga thata jaana, bala thuto 26 ya buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e bile e le gone mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela