LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w18 April ts. 32
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A3 Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • A1 Dikaelo Tsa go Ranola Baebele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Thanolo e e Motlhofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A2 Dilo Tse di Fetotsweng mo Baebeleng Eno
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
w18 April ts. 32

Dipotso Tse Di Tswang Kwa Babading

A Pesalema 144:12-15 e bua ka batho ba Modimo kgotsa ka batswakwa ba baikepi ba go buiwang ka bone mo temana 11?

Mafoko a Sehebera a a dirisitsweng fano a ka tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng. Mme gone, dintlha tse di latelang di ka re thusa go tlhaloganya gore a kaya eng:

  1. Akanya ka Pesalema 144 yotlhe. Masego a go buiwang ka one mo temana 12 go ya go 14 a lebisitswe mo basiaming, ba ba kopang gore ba ‘gololwe’ mo baikeping (temana 11). Seno re se bona gape mo temana 15 e e umakang lefoko “itumela” gabedi, mme mo makgetlhong ao oomabedi go buiwa ka batho ba ‘Modimo wa bone e leng Jehofa.’

  2. Tlhaloso eno e dumalana le ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di tlhalosang gore batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba tla segofadiwa. Pesalema eno e bontsha gore mokwadi wa yone e bong Dafide o ne a tlhomamisegile gore fa Jehofa a sena go golola Baiseraele mo babeng ba bone, o ne a tla ba segofatsa le go dira gore ba itumele. (Lefi. 26:9, 10; Dute. 7:13; Pes. 128:1-6) Ka sekai, Duteronome 28:4 ya re: “Leungo la sebopelo sa gago le tla segofala le leungo la mmu wa gago le leungo la phologolo ya gago e o e ruileng, dinamane tsa gago le lotsalo lwa letsomane la gago.” Eleruri, fa go ne go busa morwa Dafide e bong Solomone, Jehofa o ne a segofatsa Baiseraele e bile ba ne ba tshela ka kagiso. Mo godimo ga moo, puso ya ga Solomone e ne e bontsha se se tla diregang ka nako ya fa Mesia a busa.—1 Dikg. 4:20, 21; Pes. 72:1-20.

Ka jalo, Pesalema 144 e re thusa go lemoga sentle tsholofelo e e molemo e batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba nang le yone, e leng tsholofelo ya gore Jehofa o tla nyeletsa baikepi le go dira gore batho ba gagwe ba tshele ka kagiso e bile ba itumetse.—Pes. 37:10, 11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela