LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w18 July ts. 30-31
  • O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Batla Gore re Atlege Joshua 1:6-9
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Ithuta—Go Mosola e Bile go Monate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dithulaganyo Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Bala Baebele Go ka Go Solegela Molemo Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
w18 July ts. 30-31
Joshua o bala Molao ka kerese

O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Joshua o bala Molao; dipota tsa Jeriko di wele mme ntlo ya ga Rahabe e sa ntse e eme; Joshua o tsholeleditse diatla kwa magodimong a rapela

JOSHUA o ne a lebane le kgwetlho e e boima. O ne a tshwanetse go etelela Baiseraele pele go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore o tla atlega, o ne a mo kgothatsa jaana: ‘O nne pelokgale o bo o nonofe. Ikobele molao wa me. O bale bosigo le motshegare gore o dire kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go one. O tla atlega e bile o tla dira ka botlhale.’—Josh. 1:7, 8.

Re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ ka jalo le rona re lebana le dikgwetlho tse di boima. (2 Tim. 3:1) Re ka kgona go atlega fa re ka dirisa kgakololo e Jehofa a neng a e naya Joshua. Re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go dirisa se re se ithutileng fa re lebane le diteko.

Bontsi jwa rona ga re baithuti ba ba molemo kgotsa ga re rate go bala. Mme gone, go bala Baebele go botlhokwa, ka jalo, bala lebokoso le le reng “Leka Dikakantsho Tseno” go bona gore o ka itumelela jang go ithuta Baebele.

Mopesalema o ne a re: “Ntira gore ke gate mo tselaneng ya ditaelo tsa gago, gonne e nnatefeletse.” (Pes. 119:35) Le wena o ka itumelela go ithuta Lefoko la Modimo. Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla ribolola dithuto di le dintsi tse di itumedisang.

Le fa gone o sa tle go etelela setšhaba pele jaaka Joshua, boammaaruri ke gore le wena o lebane le dikgwetlho dingwe. Ka jalo, ithute Lefoko la Modimo mme o dirise se o se ithutileng. Fa o dira jalo, o tla atlega e bile o tla nna botlhale.

LEKA DIKAKANTSHO TSENO

  • Monna o a rapela

    Rapela pele o ithuta. Baebele e na le dikakanyo tsa Modimo mme di kwaletswe gore di go thuse. Ka jalo fa o bala Baebele, kopa Jehofa gore a go thuse gore o kgone go e tlhaloganya, go gopola se o se ithutileng le go se dirisa mo botshelong jwa gago.—Esera 7:10.

  • Monna o ipotsa potso

    Ipotse dipotso fa o bala Baebele kgotsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Ipotse jaana: ‘Pego eno e nthuta eng ka Jehofa? E amana jang le molaetsa wa Baebele? Nka dirisa jang ditemana tseno go thusa ba bangwe?’

  • Monna o a tlhatlhanya

    Tlhatlhanya ka se o se balang. Emisa go bala go se kae mme o akanye. Ipotse jaana: Se ke se balang se dira gore ke ikutlwe jang? Ke eng fa ke ikutlwa jalo? Se ke se balang se amana jang le dilo tse di ntiragaletseng mo nakong e e fetileng, tse di diregang gone jaanong le tse di tla diregang mo nakong e e tlang? Nka dirisa jang melaometheo eno ya Baebele mo botshelong jwa me? (Jobe 23:5; Pes. 49:3) Leka go tlhalosa gore ke eng fa Jehofa a kgothaletsa batho ba gagwe go tila dilo dingwe le gore go dira dilo tse Jehofa a sa di batleng go ka nna le ditlamorago dife.—Dute. 32:28, 29.

  • Monna o bona dipego tsa Baebele ka leitlho la mogopolo

    Dirisa tlhaloganyo fa o bala. Ka sekai, leka go akanya gore maemo a ne a ntse jang fa bomorwarraagwe Josefa ba mo rekisetsa Baishemaele. (Gen. 37:18-28) Fa o ntse o akanya, o bona eng, o utlwa eng e bile go na le menko efe? Ipeye mo maemong a batho ba o balang ka bone. Ba akanya eng e bile ba ikutlwa jang? Go akanya ka dilo tse di ntseng jalo go tla dira gore mmalo wa gago o nne le botshelo.

  • Monna o dirisa didirisiwa tsa go ithuta

    Dirisa didirisiwa tsa go ithuta fa o dira dipatlisiso. Ithute go dirisa didirisiwa tseno tse di leng gone ka puo ya gago, e ka tswa e le tse di mo Internet kgotsa tse di gatisitsweng. Kopa thuso mo go ba bangwe gore ba go bontshe gore o ka di dirisa jang. Ka sekai, Watch Tower Publications Index le Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa di tla go thusa go bona tshedimosetso e e oketsegileng le ditlhaloso tsa ditemana tsa Baebele. Dirisa dintlha tse di oketsegileng tse di mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo fa e le gone ka puo e o e tlhaloganyang. Dintlha tseno di na le tshedimosetso ka mafelo a go buiwang ka one mo Baebeleng, tatelano ya ditiragalo, jalo le jalo.

  • Monna o sobokanya dintlha tsa botlhokwa

    Sobokanya dintlha tsa konokono. Seno se tla go thusa gore o gopole dilo tse o di ithutileng. Gape o ka thusiwa ke go tlotlela ba bangwe se o se ithutileng. O ka dirisa jang se o se ithutileng fa o le mo bodireding? Fa o dira jalo, o tla nna o gopola dintlha tsa botlhokwa tse o di ithutileng e bile o tla kgona go di dirisa go thusa batho ba bangwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela