LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp19 no. 2 ts. 4-5
  • Fa o Wetswe ke Masetlapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa o Wetswe ke Masetlapelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BAEBELE E KA GO THUSA GORE O SE KA WA ITLHOBOGA
  • Nna o le Malala a Laotswe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Ngomoga Pelo mo go Bakwang ke Tiragalo Nngwe e e Garolang Pelo go Tla Fela!
    Tsogang!—2001
  • Ke Eng Se se Ka go Thusang go Itshoka fa o Tlhobaela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
wp19 no. 2 ts. 4-5
Banna ba babedi ba ntse mo kagong e e senyegileng

Fa o Wetswe ke Masetlapelo

“Fa morwalela o sena go senya sengwe le sengwe se re neng re na le sone, ke ile ka ipotsa gore re tla bona re dirileng.”—Andrew wa kwa Sierra Leone.

“Re ile ra boela kwa ntlong ya rona morago ga setsuatsue. Mme ra fitlhela go se na sepe. Re ne re utlwile botlhoko. Ngwanake wa mosetsana o ne a thubega ka selelo.”—David wa kwa Virgin Islands.

FA E le gore o kile wa nna mo seemong se se tshwanang le sa ga Andrew le David, gongwe o tla tlhaloganya gore ke eng fa batho ba ba diragaletsweng ke dilo tseno ba nna ba tshogile thata, ba sa batle go amogela se se diragetseng, ba tlhakane tlhogo, ba tlhobaela thata e bile ba lora dilo tse di botlhoko. Bontsi jwa bone ba felelwa ke maatla mo ba ipotsang gore ba sa ntse ba tshelelang.

Go botlhoko go senyegelwa ke dilo tse o di bereketseng ka thata. O ka nna wa feleletsa o ikutlwa e kete botlhoko jwa teng o ka se kgone go bo emela kgotsa gore go botoka gore o swe. Mme Baebele yone ya re o ka kgona go itshoka e bile ya re dilo di tla siama mo nakong e e tlang.

BAEBELE E KA GO THUSA GORE O SE KA WA ITLHOBOGA

Moreri 7:8 ya re: “Bokhutlo jwa kgang bo botoka . . .go na le tshimologo ya yone.” Kwa tshimologong go ka nna ga lebega e kete dilo ga di kitla di siama. Mme fa o sa fele pelo, o tla kgona go simolola botshelo sesha mme dilo di tla tokafala fa nako e ntse e ya.

Baebele ya re go tla tla nako e go se kitlang “go tlhola go utlwiwa modumo wa go lela . . . le modumo wa go goa ka khutsafalo.” (Isaia 65:19) Seno se tla direga fa Bogosi Jwa Modimo bo busa e bile lefatshe lotlhe e le paradaise. (Pesalema 37:11, 29) Ka nako eo ga go kitla go tlhola go nna le dilo tse di jaaka merwalela le ditsuatsue. Batho ga ba kitla ba gopola dilo tse di ba utlwisitseng botlhoko ka gonne Modimo Mothatayotlhe o solofetsa gore, “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.”—Isaia 65:17.

Modimo a re ka nako ya fa a busa, go tlile go nna le kagiso mo lefatsheng. (Jeremia 29:11) A go itse gore maemo a tlile go nna botoka go ka go thusa gore o se ka wa itlhoboga fa dilo di sa tsamaye sentle? Sally yo go builweng ka ene mo setlhogong se se fetileng a re, “Go nna re akantse ka dilo tse Bogosi Jwa Modimo bo tla re direlang tsone, go tla re thusa gore re tlogele go akanya ka dilo tse di botlhoko tse di kileng tsa re diragalela e bile go tla re thusa gore re kgone go itshoka.”

Re go kgothaletsa gore o ithute Baebele mme o utlwe gore Bogosi Jwa Modimo bo tla re direlang mo nakong e e tlang. Fa o ka dira jalo, o tla lemoga gore le fa o diragaletswe ke dilo tse di botlhoko, ga go reye gore go ile fela jalo ka botshelo jwa gago, ka gonne dilo di tlile go siama. Mme fa re sa ntse re letile nako eo, a re bone gore Baebele e ka re thusa jang gone jaanong gore re se ka ra itlhoboga.

Ditemana Tsa Baebele Tse Di ka Go Thusang

Iphe nako ya go robala.

“Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6.

Babatlisisi ba re fa motho a diragaletswe ke selo se se botlhoko mme a bo a sa ikhutse kgotsa “a sa robale . . . go tla tsaya nako gore selo seo se tswe mo tlhaloganyong e bile a ka nna a simolola go nna le malwetse a tlhaloganyo.” Ke sone se go leng botlhokwa gore motho a iphe nako ya go robala.

Se didimale fela o sa bue.

‘Go tlhobaela mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.’—Diane 12:25.

Bua le mongwe wa losika kgotsa tsala. O tla go reetsa e bile o tla go kgothatsa le go go thusa.a

Akanya ka nako ya fa botshelo bo tla bo bo le monate.

“Mme go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”—2 Petere 3:13.

a Fa go ka feta nako e e telele selo se se go diragaletseng se sa tswe mo tlhaloganyong kgotsa se go tshwenya thata, o tlhoka go bona ngaka.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela