LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp19 no. 2 ts. 8-9
  • Fa Mokapelo wa Gago a Ratana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Mokapelo wa Gago a Ratana
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DITEMANA TSA BAEBELE TSE DI KA GO THUSANG
  • Go Lwantshana le Mathata ka go Itlhomela Mekgele
    Tsogang!—2001
  • Go Gomodiwa ka Dinako Tsa Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • A lo Ka Letlana?
    Tsogang!—1999
  • Ke ne Ka Tlhopha Tiro ya Botshelo Jotlhe e e Siameng
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
wp19 no. 2 ts. 8-9
Mosadi a rapela

Fa Mokapelo wa Gago a Ratana

“Ke batlile ke ema pelo fa monna wa me a mpolelela gore o a ntlogela ka gore o ratana le mosadi yo monnyane mo go nna. Ke ne ke utlwisiwa botlhoko thata ke gore ke mo diretse dilo tse dintsi.” —Maria wa kwa Spain.

“Ke ne ke utlwile botlhoko thata fa mosadi wa me a ntlogela. Go ne go ile fela jalo ka dilo tse re neng re ikaeletse go di dira mmogo. Ka dinako tse dingwe ke tla bo ke ithaya ke re ke lebetse kgang eo, mme go tla diragala sengwe se se tla e nkgopotsang gape.”—Bill wa kwa Spain.

GO BOTLHOKO fa o nyetse motho a bo a tswa a ya go ratana le motho yo mongwe. Mme go na le batho ba ba kgonang go itshwarela bakapelo ba bone ba bo ba leka go baakanya lenyalo.a Le fa lenyalo le ka siama kgotsa dilo tsa pala, kgang eo e sa ntse e tla utlwisa yo o diretsweng phoso botlhoko. Batho bao ba ka dirang gore ba kgone go itshoka le fa go le botlhoko?

DITEMANA TSA BAEBELE TSE DI KA GO THUSANG

Baebele e gomoditse banyalani ba le bantsi ba ba diretsweng phoso. Batho bano ba ithutile gore Modimo o tlhaloganya botlhoko jo ba leng mo go jone.—Malaki 2:13-16.

“Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala, . . .  dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—Pesalema 94:19.

Bill a re: “Fa ke bala temana eno, e ne e kete Jehofa o sidila maikutlo a me fela jaaka rre a sidila ngwana yo o utlwileng botlhoko.”

“[Modimo] o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.”—Pesalema 18:25.

Go ile ga feta dikgwedi monna wa ga Carmen a ratana le mosadi yo mongwe. Carmen o ile a itse ka kgang eo mme a re: “Le fa monna wa me a ile a ratana le mosadi yo mongwe, ke ne ke itse gore Jehofa o a nthata e bile ga a kitla a nkutlwisa botlhoko.”

“Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo . . . a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona.”—Bafilipi 4:6, 7.

Sasha a re: “Fa ke bala temana eno kgapetsakgapetsa e bile ke rapela, Modimo o nthusa gore ke kgone go itshoka.”

Batho ba re buileng ka bone ba kile ba batla go itlhoboga. Mme ba ile ba ithuta go tshepa Jehofa Modimo le go tshepa Lefoko la gagwe Baebele. Bill a re: “Go tshepa Modimo go ile ga dira gore ke lemoge gore le fa ke utlwisitswe botlhoko, go sa ntse go na le motho yo o nkgathalelang. Le fa ke ne ke ‘tsamaya mo mogogorong wa moriti wa loso,’ Modimo o ne a na le nna.”—Pesalema 23:4.

a Go bona tshedimosetso ya gore a o ka tlhala kgotsa a o ka mo itshwarela, bala makasine wa Tsogang! ya May 8 1999, ya setlhogo se se reng “Fa Molekane a sa Ikanyege.”

Se se Thusitseng ba Bangwe

Bala o bo o akanya ka ditemana tse di gomotsang.

Bill a re: “Ke ne ke bala buka ya Jobe, go tswa foo, ke bo ke bala ya Dipesalema mme ke tla ke thalela temana nngwe le nngwe e e tsamaisanang le seemo se ke leng mo go sone. Ke ile ka lemoga gore bakwadi bano ba Baebele le bone ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko.”

Reetsa mmino.

Carmen a re: “Ke ne ke reetsa mmino fa ke sa kgone go robala bosigo. O ne o dira gore ke ikutlwe botoka thata.” Daniel a re: “Go ithuta go tshameka katara go nthusitse gore ke tlogele go tshwenyega thata.”

Se didimale fela o sa bue sepe.

Daniel a re: “Ke ne ke sa tlwaela go bolelela batho gore ke ikutlwa jang. Mme ke ile ka leka go tlotla le ditsala tsa me letsatsi le letsatsi. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ba kwalela mme ka dinako tse dingwe re ne re kopana re bo re tlotla. Seo se nthusitse thata.” Sasha a re: “Ba lelapa la me ba nthusitse fela thata mme segolo jang Mama. Ke ene ke neng ke bua thata le ene. Papa le ene o ile a mpontsha gore o a nthata e bile ga a ka a nkgakalela gore ke lebale ka se se diragetseng.”

O se ka wa tlogela go rapela.

Carmen a re: “Ke ne ke tlhola ke rapela. Mme seo se dirile gore ke bone gore Modimo o ne a na le nna, a ntheetsa e bile a nthusa. Tiragalo eno e dirile gore ke nne gaufi thata le Modimo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela