LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp19 no. 2 ts. 10-11
  • Fa o Lwala Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa o Lwala Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SE SE THUSITSENG BA BANGWE GO ITSHOKA
  • Bolwetse Jo bo Sa Foleng—Bothata Jwa Lelapa Lotlhe
    Tsogang!—2000
  • O ka Lepalepana Jang le Bolwetse Jwa Gago ka Katlego?
    Tsogang!—2001
  • Kafa Malapa a Lepalepanang le Bolwetse Jo bo Sa Foleng ka Teng
    Tsogang!—2000
  • Ke Eng fa ke Lwala Thata Jaana?
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
wp19 no. 2 ts. 10-11

Fa o Lwala Thata

“Fa dingaka di mpolelela gore ke na le kankere ya makgwafo le ya mala, ke ne ka itlhoboga ka botshelo. Mme fa ke fitlha kwa gae, ke ne ka ipolelela gore ke tlhoka go dira sengwe gore ke kgone go itshokela bolwetse jono.”—Linda yo o nang le dingwaga tse 71.

“Ke na le bolwetse jo bo dirang gore ditshika tse di ka fa molemeng wa sefatlhego sa me di se ka tsa bereka sentle. Ka dinako tse dingwe ke ne ke peinelwa thata mo ke ileng ka tshwarwa ke bolwe- tse jwa dipreshene. Gantsi ke ne ke jewa ke bodutu thata mo ke neng ke akanya go ipolaya.” —Elise yo o nang le dingwaga tse 49.

Monna yo o lwalang a na le ba lelapa la gagwe

BONTSI jwa rona re a itse gore go botlhoko fa rona kgotsa mongwe wa losika a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng. Mo godimo ga go itshokela ditlhabi, o tlhoka go nna kelotlhoko gore o se ka wa tshwenyega thata kgotsa go tenegela batho ba ba lekang go go thusa. Dilo tse dingwe tse di ka dirang gore o tshwenyege thata ke fa o tlhoka go bona ngaka kgapetsakgapetsa, o sa kgone go bona kalafi kgotsa go e duelela kgotsa melemo ya bolwetse joo e sa go tseye sentle. Dilo tseno tsotlhe di ka dira gore o feleletse o sa itse gore o direng.

O ka bona kae thuso? Batho ba le bantsi ba gomodiwa ke go rapela le go bala Baebele. Gape o ka thusiwa ke ba masika le ditsala.

SE SE THUSITSENG BA BANGWE GO ITSHOKA

Robert yo o nang le dingwaga di le 58 a re: “Tshepa gore Modimo o tla go thusa go itshokela bolwetse jo o nang le jone. Rapela Jehofa o mmolelele gore o ikutlwa jang. Mo kope gore a go neye moya o o boitshepo. Gape mo kope gore a thuse ba lelapa la gago gore ba kgone go go ema nokeng le gore o kgone go nna o ritibetse maikutlo.”

Gape Robert a re: “Go itumedisa tota fa ba masika ba go ema nokeng. Letsatsi le letsatsi ba nfounela ba mpotsa gore ke tsoga jang. Ditsala tsa me le tsone di a ntshegetsa mme seo se dira gore ke ikutlwe botoka le gore ke kgone go itshokela bolwetse jwa me.”

Fa o etela motho yo o lwalang, nna o gopotse mafoko ano a ga Linda: “Motho yo o lwalang o eletsa gore dilo di nne fela jaaka di ne di ntse pele a lwala, mme a ka tswa a sa batle gore nako le nako lo bue ka bolwetse jwa gagwe. Ka jalo, tlotlang ka dilo tse lo neng lo tlhola lo tlotla ka tsone.”

Fa re kopa Modimo gore a re thuse, re bala Baebele e bile re letla ba masika le ditsala gore ba re thuse, re ka kgona go tswelela re itshokile le fa re lwala thata.

Ditemana Tsa Baebele Tse Di ka Go Thusang

Kopa Modimo gore a go thuse.

“Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me. Yo o bogisiwang yono o ne a bitsa, mme Jehofa a utlwa.”—Pesalema 34:4, 6.

Linda yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Ga nke ke kopa Modimo gore a nthuse gore ke fole, go na le moo, ke mo kopa gore a mphe maatla a go itshokela bolwetse jwa me.”

Bala Baebele.

“Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Akanya ka dilo tse Modimo a re solofeditseng gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang. Go dira jalo go tla go thusa gore o itshoke.

Kopa ba masika le ditsala gore ba go thuse.

‘Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.’—Diane 17:17.

Elise yo re buileng ka ene a re: “O se ka wa itlhaola mo bathong. Letla ditsala tsa gago gore di go thuse. Ka dinako tse dingwe o tla ikutlwa o jewa ke bodutu obo o akanya gore Modimo o go latlhile mme gone o se ka wa itlhaola mo bathong.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela