Loso lo Tla Fedisiwa Jang?
LE FA Adame le Efa ba ile ba se ka ba reetsa Modimo mme ba fetisetsa boleo le loso mo bathong botlhe, seo ga se a ka sa dira gore Modimo a fetole se a neng a ikaeletse go se direla batho. Baebele e re bontsha gore Modimo ga a ise a fetole maikaelelo a gagwe.
“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.
“O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.
“Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.
“Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.
Modimo o tla kometsa loso jang? Baebele ya re ‘basiami ba tla tshela ka bosakhutleng.’ Mme gape ya re “ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo.” (Moreri 7:20) A seo se raya gore Modimo o bua maaka fa a re basiami ba tla tshela ka bosakhutleng mme a ntse a itse gore ga go na motho ope yo o siameng mo lefatsheng? Modimo ga a bue maaka. (Tito 1:2) Jaanong Modimo o tla dirang gore maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong a diragale?
MODIMO “O TLA KOMETSA LOSO KA BOSAENGKAE.”—ISAIA 25:8
LOSO LO LO RE GOLOTSENG MO LOSONG
Jehofa Modimo o ile a romela Jesu mo lefatsheng gore a re swele e le gore re kgone go gololwa mo losong. Mme goreng e ne e tshwanetse go nna Jesu? Rotlhe re baleofi e bile re atlholetswe loso, ke ka moo Baebele e reng: “Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o ka gololang morwarraagwe, le fa e le go mo ntshetsa thekololo mo Modimong; (tlhwatlhwa ya kgololo ya moya wa bone e kgolo thata mo e leng gore e kgaoditse ka bosakhutleng).”—Pesalema 49:7, 8
Fa motho a swa, o duelela maleo a gagwe, loso lwa gagwe lo ka se kgone go golola motho yo mongwe e bile a ka se kgone go swela maleo a batho ba bangwe. (Baroma 6:7) Ka jalo, go ne go tlhokega motho yo o se nang boleo gore a kgone go re swela le go duelela maleo a rona.—Bahebera 10:1-4.
Seo ke se Modimo a ileng a se dira. O ile a romela Morwawe e bong Jesu go tla mo lefatsheng gore a tle a tsholwa e le motho yo o se nang boleo. (1 Petere 2:22) Jesu o ne a re o tlile mo lefatsheng go “ntsha moya wa gagwe [kgotsa botshelo jwa gagwe] go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mareko 10:45) O ile a swa gore re kgone go gololwa mo boleong le mo losong.—Johane 3:16.
LOSO LO TLA FEDISIWA LENG?
Dilo tse di maswe tse di diregang gone jaanong di bontsha gore Baebele e opile kgomo lonaka fa e ne e re go tlile go nna le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Kwa bofelong, letsatsi la Modimo la katlholo le tlile go tla mme batho ba ba sa siamang ba bo ba senngwa. (2 Petere 3:3, 7) Batho ba ba siameng bone ga ba kitla ba senngwa e bile Modimo o tla ba naya ‘botshelo jo bo sa khutleng.’—Mathaio 25:46.
Jesu o tlile mo lefatsheng go tla go “ntsha moya wa gagwe [kgotsa botshelo jwa gagwe] go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.”—Mareko 10:45
Batho ba bantsintsi ba ba tlhokafetseng ba tla nna le tshono ya go tsosiwa gore ba kgone go tshelela ruri. Jesu o ile a dira kgakgamatso ya go tsosa motho fa a le kwa motseng wa Naina. Motlholagadi mongwe o ne a tlhokafaletswe ke ngwana mme Jesu o ile a mo “tlhomogela pelo” a bo a tsosa ngwana wa gagwe mo baswing. (Luke 7:11-15) Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Tsholofetso eno e re bontsha gore Modimo o a re rata.—Ditiro 24:15.
Batho ba le bantsi ba tla tshelela ruri. Baebele ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng” (Pesalema 37:29) Ka nako eo ba tla itumelela go bona fa mafoko a moaposetoloi Paulo a ileng a a bua dingwaga di le 2 000 tse di fetileng a diragadiwa, fa a ne a re: “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?” (1 Bakorintha 15:55) Mmaba wa rona o tla bo a nyeleditswe ka bosakhutleng!