LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w19 March ts. 29-31
  • Jehofa o a Itumela Fa re Re “Amen”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o a Itumela Fa re Re “Amen”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “BATHO BOTLHE BA RE, ‘AMEN!’”
  • “BATHO BOTLHE BA RE: ‘AMEN!’ MME BA BAKA JEHOFA”
  • “AMEN” E BOTLHOKWA
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Anaanela Seabe se se Tlhomologileng sa ga Jesu mo Boikaelelong Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • “A Dikopo Tsa Lona di Itsisiwe Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
w19 March ts. 29-31
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba eme fa go rapelwa

Jehofa o a Itumela Fa re Re “Amen”

JEHOFA o tsaya kobamelo ya rona e le botlhokwa. O “tlhwaya tsebe [e bile o] reetsa” sengwe le sengwe se batlhanka ba gagwe ba se dirang fa ba mo obamela, le fa se ka tswa se le sennye go le kae. (Mal. 3:16) Ka sekai, akanya ka lefoko le re le buang thata e leng “amen.” A Jehofa o tsaya “amen” e le botlhokwa? Ee. Mma re bone gore lefoko leo le kayang le gore le dirisiwa jang mo Baebeleng.

“BATHO BOTLHE BA RE, ‘AMEN!’”

Lefoko la Seesemane “amen” le kaya “a go diragale.” Le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “go ikanyega” kgotsa “go tshepagala.” Ka dinako dingwe, le ne le dirisiwa mo dikgannyeng tsa molao. Fa motho a sena go dira maikano, o ne a re “amen” go bontsha gore se a se buileng se boammaaruri le gore o tla amogela sepe fela se se ka mo diragalelang morago ga moo. (Dipa. 5:22) Fa a bua a re “amen” fa pele ga batho, o ne a tshwanetse go dira se a se buileng.—Neh. 5:13.

Sekai se se molemo sa go dirisa lefoko “amen” ke se se mo go Duteronome kgaolo 27. Fa Baiseraele ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba tshwanetse go kopana mo gare ga Thaba ya Ebale le Thaba ya Gerisime gore ba utlwe Molao. Mme gone, ba ne ba sa o reetse fela, gape ba ne ba tshwanetse go tlhalosa gore ba a o amogela. Ba ne ba dira jalo ka go bua ba re “Amen!” fa ditlamorago tsa go tlola molao di balwa. (Dute. 27:15-26) Akanya fela banna, basadi le bana ba le bantsi ba bua jalo ba goa! (Josh. 8:30-35) Ruri ga ba a ka ba lebala se ba neng ba se bua. Baiseraele ba ile ba dira se ba neng ba se solofeditse, ka gonne Baebele ya re: “Iseraele ya tswelela go direla Jehofa malatsi otlhe a ga Joshua le malatsi otlhe a banna ba bagolwane ba ba neng ba tswelela ba tshela morago ga ga Joshua le ba ba neng ba itse tiro yotlhe ya ga Jehofa e a neng a e direla Iseraele.”—Josh. 24:31.

Jesu le ene o ne a re “amen” go bontsha gore se a se buang se boammaaruri, mme gone, o ile a dira jalo ka tsela e e kgethegileng. Jesu o ne a sa re “amen” fa mongwe a sena go bua sengwe. Go na le moo, o ne a re “amen” pele ene a bua sengwe go bontsha gore selo seo se boammaaruri. (Ka Seesemane lefoko leno le ranotswe e le ‘Ammaaruri.’) Ka dinako dingwe, o ne a boaboeletsa mafoko ano ka go re “amen amen.” (Math. 5:18; Joh. 1:51) Ka go dira jalo, o ne a netefaletsa batho gore se a se buang ruri ke boammaaruri. Jesu o ne a kgona go bua jalo ka gonne o ne a neilwe thata ya go diragatsa ditsholofetso tsa Modimo.—2 Bakor. 1:20; Tshen. 3:14.

“BATHO BOTLHE BA RE: ‘AMEN!’ MME BA BAKA JEHOFA”

Gape Baiseraele ba ne ba re “amen” fa ba galaletsa Jehofa le fa ba rapela. (Neh. 8:6; Pes. 41:13) Fa ba re “amen” ba ne ba bontsha gore ba dumalana le se se builweng. Batho botlhe ba ne ba kgona go bua jalo, ka ntlha ya seo, ba ne ba ka kgona go itumelela go obamela Jehofa. Go ile ga direga jalo fa Kgosi Dafide a ne a isa Letlole la ga Jehofa kwa Jerusalema. Go ile ga dirwa moletlo, mme Dafide o ne a bua thapelo e e kwadilweng mo go 1 Ditiragalo 16:8-36. Batho botlhe ba ba neng ba le gone, ba ne ba amiwa maikutlo ke seo, mme “botlhe ba re: ‘Amen!’ [ba bo] ba baka Jehofa.” Ba ne ba itumeletse go obamela Jehofa mmogo.

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba re “amen” fa ba galaletsa Jehofa. Gantsi bakwadi ba Baebele ba ne ba tsenya lefoko leno fa ba kwala. (Bar. 1:25; 16:27; 1 Pet. 4:11) Buka ya Tshenolo ya re baengele kwa legodimong ba galaletsa Jehofa ka go bua ba re: “Amen! Bakang Jah.” (Tshen. 19:1, 4) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba re “amen” fa go sena go rapelwa mo dipokanong tsa bone. (1 Bakor. 14:16) Mme gone, ba ne ba sa bue lefoko leo fela ba sa akanye.

“AMEN” E BOTLHOKWA

Dintlha tse re sa tswang go di umaka, di bontsha gore go botlhokwa go re “amen” morago ga thapelo. Fa re re “amen” mo dithapelong tsa rona, re bontsha gore ruri re tiisitse ka se re se buileng. Mme fa re re “amen” fa re sena go rapelelwa ke mongwe, re bontsha gore re dumalana le se a se buileng. Mme gone, go na le mabaka a mangwe a go bo “amen” e le botlhokwa.

Re a reetsa fa motho yo mongwe a rapela ka gonne seno ke karolo ya kobamelo ya rona. Se re se buang le se re se dirang fa go rapelwa se bontsha gore re obamela Jehofa. E re ka re batla go bua “amen” ka pelo yotlhe, seo se re thusa gore re nne le boikutlo jo bo siameng le gore re tlhome mogopolo mo thapelong eo.

Thapelo e a re kopanya. Go rapela phatlalatsa go dira gore re tlhome mogopolo mo go se ba bangwe mo phuthegong ba se utlwang. (Dit. 1:14; 12:5) Fa re re “amen” mmogo, seo se dira gore re nne seoposengwe. E ka ne re a re “amen” mo pelong kgotsa re buela kwa godimo, thapelo ya rona e dira gore Jehofa a dire se re se kopang.

Kgaitsadi o reeditse dipokano ka founo mme o oba tlhogo fa go rapelwa

Fa re re “amen” re galaletsa Jehofa

Re galaletsa Jehofa. Jehofa o lemoga bonnye jo re bo dirang fa re mo obamela. (Luke 21:2, 3) O lemoga maitlhomo a rona le se re se ratang. Le fa re reeditse dipokano ka founo, fa re re “amen” Jehofa o tla bona seo. Mo go ene, go nna e kete re na le bakaulengwe ba bangwe ba rona mme re mo galaletsa mmogo.

Go ka bonala e kete go re “amen” ga go botlhokwa, mme gone, ga go jalo. Encyclopedia nngwe ya Baebele ya re fa batlhanka ba Modimo “ba bua lefoko leno, ba bontsha gore ba na le tumelo le tsholofelo.” E kete re ka tswelela re galaletsa Jehofa nako le nako fa re re “amen.”—Pes. 19:14.

A O TSHWANETSE GO RE “AMEN” KA METLHA?

Lefoko “amen” le botlhokwa. Mme gone, gotweng fa motho yo o rapelang a sa bue sengwe ka tsela e e siameng? A ga re a tshwanela go re “amen”? Nnyaa, ga go jalo. Jehofa o a itse gore ka dinako dingwe re bua sengwe se se sa siamang mme o a re itshwarela. Ka jalo, fa ba bangwe ba rapela mme re tlhoma mogopolo mo go se ba lekang go se tlhalosa, go na le mo dilong tse ba sa di bueng sentle, re sa ntse re ka kgona go re “amen.”

Le fa go ntse jalo, ga re re “amen” fa go rapela mongwe yo e seng Mosupi. Gotweng fa motho yoo a rapela re le teng? Ka sekai, re ka nna ra bo re le kwa tiragalong nngwe, mme mongwe a bo a kopiwa go rapela. Kgotsa gongwe re mo lelapeng le rotlhe re seng Basupi mme tlhogo ya lelapa yo e seng Mosupi a bo a batla go rapela. Re tshwanetse go dira eng?

Fa re le mo maemong ao, re ka nna fela re didimetse le go bontsha tlotlo. Ga re kitla re re “amen” e bile ga re kitla re tshwarana matsogo le batho ba bangwe ka gonne seo se tla bo se bontsha gore re dumalana le thapelo eo. Re ka nna ra tlhopha go ithapelela mo pelong, mme gone, ga re a tshwanela go buela “amen” kwa godimo gore go se ka ga nna e kete re dumalana le thapelo ya bone. Fa batho ba ema, re ka itlhophela gore a re tla ema. Go ema kgotsa go koma ka tlhogo ka bogone fela, ga go bontshe gore re dumalana le mofuta mongwe wa kobamelo. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhopha gore o dira eng mme ga go na ope yo o tshwanetseng go tshwaya yo mongwe phoso ka tshwetso e ene a e dirang.

Kgang e re sa tswang go bua ka yone e bontsha lebaka la go bo Jehofa a itumela fa re re “amen.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela