Go Boloka Dikgatlhego tsa Bogosi E Le Tsone Di Tlang Pele
1 Bao ba dirisang kgakololo y a ga Jesu ya gore ba senke Bogosi pele ba fitlhela gore ba tshwanelwa ke gore ba itlhomele dilo tse di tshwanetseng tsa tla pele mo matshelong a bone. (Math. 6:33) Gape ba fitlhela gore fa ba latela kgakololo eno ya ga Jesu seo se ba kgonisa gore ba fenye dikgoreletsi. Selo se se molemo ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi bao ba nang le maloko a lelapa ao a sa dumeleng ba tswela pele ka boikanyegi ba baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele.
2 Abo Jesu a ne a bontsha gore o ne a baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe ka tsela e e tlhatswang pelo jang ne! Fa a ne a sekisiwa a le fa pele ga ga Pilatwe, o ne a nna a tlhomame. (Yoh. 18:36, 37) Ee, le eleng ka nako ya fa a ne a swa a pegilwe mo mokgorong, o ne a tswela pele a otlelela kafa tsholofelo ya Bogosi jwa Modimo e leng botlhokwa ka gone, ka go bolelela senokwane a re: “U tla nna le nna kwa Paradaisa.”—Luke 23:43.
GO BALA DITSHENYEGELO
3 Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a leba Bogosi jaaka selo sa botlhokwa go le kana kana? O ne a romilwe go tswa kwa legodimong gore a “shupè kaga boamarure” gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla busa ka tshiamo le go dira gore go kgonagale gore thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong. Abo e le boipelo jo bogolo jang ne he go ka nna le seabe mo go diragatseng thato ya ga Jehofa ya gore a fetole lefatshe gore e nne Paradaise e leng seo e neng e le boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong!
4 Go etsa Jesu jaaka moemanokeng wa Bogosi jwa Modimo go akaretsa go sikara “mokgōrō” le sotlhe seo seno se se kopanyeletsang. ‘Go bala madi’ go bolela gore motho o tshwanetse a bo a ikemiseditse go “sadisa” dilo tse di bonalang “sentle” fa e le gore di mo kgoreletsa mo tirelong ya gagwe go Modimo. (Luke 14:27, 28, 33) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a kgothaletsa botlhe gore e nne balatedi ba gagwe le gore ba bolelele ba bangwe mafoko a a molemo. Go bona botshelo jo bosakhutleng kafa tlase ga puso ya Bogosi go tshwanela matsapa lefa e ka nna afe ao re a tsayang.—Math. 13:44-46.
TLOGELA GO TLHOBAELA
5 Go feta ga dingwaga di le makgolo a le 19 ga go a dira gore tsela eo go tlhokafalang ka yone gore re beye dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo matshelong a rona e ngotlege. Go molemo gore re ipotse gore a ruri go direla Jehofa ke selo se se botlhokwatlhokwa mo go rona. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ga go na motho opé eo o ka dihelañ barena ba le babedi:. . . Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō? . . . Se tlhobaeleleñ botshelō yoa lona, loa re, Re tla ya eñ? re tla nwa eñ? leha e le kaga mmele, loa re, Re tla apara eñ?” (Math. 6:24, 25) A re tlhobaetse ka mewa ya rona? Kana a re na le tumelo e e lekaneng go ka latela kgakololo ya ga Jesu ya gore re senke Bogosi pele, re na le tsholofelo ya gore dilo tseno tsotlhe tse dingwe re tla di okelediwa.
6 Bakaulengwe ba bangwe ba ile ba gana ditiro tseo di duelang madi a mantsi ka gonne thulaganyo eo ya tiro e ne e tlile go kgoreletsana le ditiro tsa bone tsa bolegodimo. Ba bangwe ba ile ba tshwanelwa ke gore ba fetole mmereko fa o ne o nna kgatlhanong le melaometheo ya Bibela. Bahiri bangwe ba ile ba dira diphetogo go dira gore ditlhokafalo tsa Basupi ba ga Jehofa bao ba ileng ba itshupa e le badiri ba ba iketleeleditseng go bereka, ba ba ikanyegang, le tsone di se ka tsa lebalwa. (Bakol. 3:23, 24) Eleruri, phuthego e nonotshiwa ka tsela e e molemo fa bagolwane, batlhanka ba bodihedi, le babulatsela ba tlhoma sekao se se molemo mo go senkeng Bogosi pele.
DIRA THULAGANYO GONE JAANONG JAANA
7Bangwe ba lona basha lo tla bo lo tlogela sekolo fa ngwaga ono o fela. A lo dira dithulaganyo gone jaanong jaana tsa tiro nngwe ya botshelo jotlhe ya bolegodimo? A lo ikaeletse go bereka mmereko o o tsayang letsatsi lotlhe ka nakwana pele ga lo tsenela bobulatsela? Ke selo se se molemo go bo lo akanya ka go nna le seabe mo isagweng mo tirong ya bobulatsela. Le fa go ntse jalo, fa e le gore ruri Bogosi ke jone bo tlang pele mo botshelong jwa gago mme maemo a gago a go letla, ke ka ntlhayang fa o sa beye bobulatsela kwa pele? Fa tiro ya boitshediso e nna yone e e tlang pele, go na le kotsi ya gore pelo ya gago e ka nna ya imelwa ka ntlha ya dilo tse di tlhobaetsang tseo di sa go kgothaletseng gore o nne mmulatsela.—Math. 6:27,34; Luke 21:34.
8 Go baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele gape go kopanyeletsa go ema tiro ya Bogosi nokeng ka madi. Bakaulengwe ba le bantsi ka bongwe le diphuthego di romela meneelo go Mokgatlho kgwedi nngwe le nngwe mme seno se anaanelwa thata. Le fa go ntse jalo, dipalo tseo re nang le tsone gone jaanong di bontsha gore bontsi jwa diphuthego tsa mo Afrika Borwa ga di romele meneelo ka metlha. Ka sekai, mo diphuthegong di le 1100, ke di le 374 fela tseo di ileng tsa romela meneelo kwa Mokgatlhong ka January 1990. Mongwe le mongwe wa rona mmogo le jaaka phuthego re tla rata go akanyetsa kgang eno ka thapelo.
9 Go boloka diakhaonto tsa diphuthego tsa rona di le mo boemong jo bontle ke tsela e nngwe eo re bontshang ka yone gore re baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele. Gone jaanong diphuthego di le dintsi di na le ditlhaelo mo diakhaontong tsa tsone le Mokgatlho. Fa e le gore go ntse jalo ka phuthego ya lona, a ga lo a tshwanela go dirisana mmogo jaaka phuthego gore lo fedise tlhaelo epe eo lo ka tswang lo na le yone ka bonako ka moo go ka kgonagalang ka gone? Fa lo dira jalo lo tla bo lo bontsha gore dikgatlhego tsa Bogosi ke tsone di tlang pele mme e bile seno se tla kgonisa phuthego gore e bone dibuka tseo e di tlhokang go le kana kana go ka di tsamaisa mo tshimong.
10 Lefatshe leno le batla go le gontsi mo go bao ba iketleeleditseng go fetoga malata a lone. Fa re tlhofofatsa matshelo a rona le go tlhomamisa gore ke dilo dife tse di tshwanetseng go tla pele, re ka nna le masego ka ntlha ya go senka Bogosi pele. Mo boemong jwa go ineela mo dilong tsa lefatshe tseo di gogelang, abo go le botoka jang ne gore re ikanye Jehofa, yoo o itseng dilo tseo re di tlhokang mme e bile a solofeditse go re tlamela ka tsone! Fa re baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele, seo se tla dira gore matshelo a rona a nne le boikaelelo jwa mmatota, re nonotshiwa ke tebelelo ya masego a a sa feleng a mo isagweng.—Math. 6:32; 1 Tim. 6:17-19.