LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/90 ts. 11
  • Go aga Dikamano Tse di Kitlanyeng Tsa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go aga Dikamano Tse di Kitlanyeng Tsa Lelapa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Malapa a Magolo a Direla Modimo ka Kutlwano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Jaaka Lelapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Malapa, Bakang Modimo lo le Karolo ya Phuthego ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 10/90 ts. 11

Go aga Dikamano Tse di Kitlanyeng Tsa Lelapa

1 Ereka batsadi ba na le dilo di le dintsi jaana tseo ba tshwanetseng ba di dira ka nako ya bone, ba lebane le kgwetlho mo go ageng lelapa leo le tsepameng mo kobamelong e e leng ya boammaaruri. Malapa a Bakeresete a tlhoka sebofo se se kitlanyeng seo se tla ba tshegetsang mo metlheng ya jaanong e e thata. (Mor. 4:9-12; 2 Tim. 3:1-5) Jaaka fa lelapa le ntse le gola semoyeng, le nna le le seoposengwe ka mo go oketsegileng mme le tla nonotshiwa gore le emelane le ditlhaselo tsa ga Satane le tsamaiso ya gagwe.

GO AGA DINONOFO TSA SEMOYA

2 Dipokano tsa phuthego le thuto ya lelapa ya Bibela ke dilo tsa botlhokwatlhokwa mo thulaganyong ya lelapa ya beke le beke. (Dute. 6:6, 7; Baheb. 10:23-25; wTN86 11/1 dits. 23-5) Lefa go ntse jalo, go santse go tlhokega go le gontsi. Go santse go sa thuse sepe fa e le gore eno ke yone fela thapiso eo ngwana a e amogelang.

3 Go nna le kamano e e molemo thata mo lelapeng fa batsadi ba kgatlhegela go tshela sentle semoyeng ga bana ba bone ka mmatota. Kwa Iseraele, batsadi ba ne ba na le boikarabelo jwa go ruta bana ba bone le go ba thapisa, ba ba ruta ka lefoko le ka sekao. Thulaganyo ya Baiseraele ya go ruta e ne e kopanyeletsa go ba thapisa ka tsela e e molemo ka tsela eo ba tshwanetseng ba tshela ka yone fa ba godile, ba ba ruta dikgono tsa konokono tsa go bala le tsa go kwala, le go ba ruta gore ba nne le dinonofo tsa semoya. Fa ba ne ba ruta bana, go ne go otlelelwa thata gore ba ba rute gore ba boife Jehofa, Molao, ba tlotle batsadi le batho ba ba godileng, le ka moo go leng botlhokwa ka gone gore ba nne kutlo.

4 Leka gore o nne le nako e e duleng diatla le lelapa la gago letsatsi le lengwe le le lengwe. Dilo tsa semoya di ka nna tsa tlotlwa ka tsela eo eseng ya ka tlwaelo, e e jaaka ka dinako tsa dijo. Motsadi mongwe o ne a lemoga jaana ka botlhale: “Batsadi ba tla senya nako le bana ba bone—e ka tswa e le ka go godisa dinonofo tsa semoya mo go bone kana ka go ba thusa gore ba tswe jang mo mathateng mangwe le mangwe.” Abo go le botoka jang ne gore o age dinonofo tse di tlhokafalang tsa semoya mo baneng e le gore ba tle ba kgone go tila dirai tsa lefatshe leno!—1 Bakor. 3:10-15.

GO IPELELA GO DIRA TIRELO YA TSHIMO

5 Boipelo ke boikutlo jo bo tlhotlhelediwang ke fa o amogela sengwe se se molemo kana o lebeletse sengwe se se molemo. Fa motho a ipaakanyeditse tirelo ya tshimo, a ka nna a lebelela ditlamorago tse di molemo ka tshwanelo. Ka gone, go baakanyetsa ke sone selo sa konokono seo se dirang gore motho a nne le tirelo ya tshimo eo e ipedisang. Fa ka metlha lo baakanyetsa seo lo ka se buang jaaka lelapa pele ga lo ya kwa tirelong ya tshimo seno se agelela tsholofelo. (Bapisa Tito 3:1b.) Mongwe le mongwe a ka nna a nna le mokgele o o rileng mo mogopolong wa gagwe. Go ka nna ga boelediwa neelano e e motlhofo le bana ba ba botlana kana bao ba sa tswang go simolola tirelo ya tshimo.

6 Fa batsadi ba bereka le bana ba bone mo bodiheding jwa Bokeresete, ba ka nna ba ba thusa gore ba tlhagolele go kgatlhegela batho ka namana fela jaaka fa Jehofa le Jesu ba dira. Bodihedi jono gape bo re thusa gore re nne le kamano e e kitlaneng le Jehofa. (wTN82 6/1 dits. 24-31) Malapa mangwe a rulaganyetsa gore ba nne mmogo malatsi mangwe a a tletseng, ba rulaganyetsa gore ba nne le boitapoloso jo bo molemo morago ga tirelo ya tshimo. Seno se dira gore ba nne le nako e ba tlotlang ka yone ba iketlile ebile se dira gore batsadi le bana ba atamalane mmogo.

7 Ikemisetse gore o nne le dikgono tse di tlhokafalang tsa go buisana e le gore o tle o nne le kamano e e kitlaneng le bana ba gago. O se ka wa letla sepe gore se go kgoreletse mo go diriseng nako e e tlhokafalang gore o nonotshe lelapa la gago semoyeng. Rapelela bana ba gago mme gape o rapele le bone, o itse gore Jehofa a ka digela maiteko ao o a dirang a go aga ka katlego.—Pes. 127:1; Dia. 24:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela