Nna Pelokgale go Ntsha Taletso e e Reng “Tla!”
1 Ditiragalo tseo di diregang ka bofefo mo lefatsheng lotlhe di supa gore metlha eno ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Tim. 3:1-5) Go oketsega ga bothubaki, go sa tlhomamang ga tsa itsholelo, le malwetsi ao a tshosetsang botshelo di okeditse kgatelelo ya tsone. Mme seo se itumedisang ke gore, batho, ba ntse ba lebane le matlhotlhapelo a go nna jalo, ba neilwe taletso eo e ka ba amang go ya go ile. Moya le monyadi ba tswelela ba ntse ba re: “Tla!” Mme jaanong “boidiidi yo bogolo” bo na le bone mo go ntsheng taletso eno eo e yang go batho botlhe gongwe le gongwe ya gore ba tle go tsaya metsi a botshelo a a sa rekweng.—Tshen. 7:9; 22:17.
2 Gompieno, bao ba tshwerweng ke lenyora la tshiamo ba utlwa taletso eno ka dipalo tse dikgolo. Ngogola ba le dimilione ba ne ba nna gone kwa dikopanong tsa kgaolo tseo di neng di tshwerwe mo lefatsheng lotlhe, mme mo e ka nnang dimilione di le lesome ba ne ba nna gone kwa Segopotsong. Ba bangwe ba le dimilione ba bontsha gore ba anaanela thulaganyo eo Jehofa a e dirileng ka go reetsa molaetsa wa Bogosi. Ka jalo he, abo go le botlhokwa jang ne gore re dirise nako ya rona ka tsela e e botlhale mo go ntsheng taletso eno phatlalatsa le ka ntlo le ntlo!—Dit. 5:42; Baef. 5:15, 16.
NNA LE SEABE KA BOPELOKGALE
3 Bakeresete ba pele ba ne ba bogisiwa ka ntlha ya go rera ga bone ka tlhoafalo. (Dit. 16:19-21; 17:2-8) Lefa go ntse jalo, ga ba a ka ba ineela mo maitekong a bone ao ba a dirang ka bopelokgale go itsise mafoko a a molemo. Le rona ka mo go tshwanang re tshwanetse ra nna pelokgale re bo re nne re ikemiseditse mo maitekong a rona a go rera mafoko a a molemo.
4 Tota le eleng le mo dinageng tseo tiro e thibetsweng mo go tsone, bakaulengwe ba nna le seabe ka pelo yotlhe mo tirong ya go rera go sa kgathalesege pogiso e e botlhoko, eo e kopanyeletsang gore ba bo ba ka nna ba latlhegelwa ke ditiro, magae, tota le eleng le kgololesego ya bone. Sekao sa bone se se molemo se direla go re kgothatsa gore re tswelele re laletsa ba bangwe re re “Tla!”—2 Bathes. 3:9.
5 Ka dingwaga tse di fetang 35 morago ga gore a ithute boammaaruri, kgaitsadi mongwe o ne a na le keletso e e tswang pelong ya go nna mmulatsela. Maemo ao eleng a gagwe ka namana a ne a fetoga fa a ne a le dingwaga di le 70, mme o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Lemororo e le batho ba se bakae fela ba dingwaga tseo bao ba neng ba ka tsaya tiro eno e nts̆ha, o ne a e tsaya. Ereka jaanong a ipeletse bodihedi jwa nako e e tletseng ka dingwaga di le mmalwa, o bolela jaana, “Go a tokafala letsatsi lengwe le lengwe.” O tliseditse ba bangwe tapologo ya semoya ka ntlha ya go bo a amogetse taletso ya ga Jehofa a sa boife ya gore a dire ka natla mme a nne le seabe ka botlalo ka mo go oketsegileng mo tirelong ya Bogosi.
6 Fela jaaka fa go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho gompieno ba utlwa taletso eno, ba fetole mogopolo wa bone, ba swetse le megopolo ya bone, mme ba tlogele ditiro tseo di tlontlololang Modimo. Ba nna karolo ya bokaulengwe jo bo ineetseng jwa meraferafe jwa Basupi mme ba na le moya le monyadwi fa ba re “Tla!” ba raya batho ba bangwe gape ba ba dipelo di ikanyegang.
7 Koketsego e kgolo mo tirong ya Bogosi le go atolosiwa ga diofisi tsa makala mo mafatsheng a a farologaneng di neela bosupi jwa gore Jehofa o a ba segofatsa. Mme nako e setse e ile ya tsamaiso eno ya bogologolo. Jaanong ke nako e e siametseng gore re bontshe bopelokgale le tlhoafalo mo go ntsheng taletso e e reng “Tla!” e le gore ba bangwe ba ke ba arabele ka bonako mme ba dire tumalanong le seo ba se utlwang.—Dit. 20:26, 27; Bar. 12:11.