Go Neela Mafoko a a Molemo—Mo Tshimong eo e Berekiwang Kgapetsakgapetsa
1 Go rera mo tshimong eo e berekiwang kgapetsakgapetsa go tlisa dikgwetlho tse di kgethegileng. O dira jang gore o boloke molaetsa o le mosha ebile o ikuela? Go tshwanetse ga buisanwa jang le bao go lebegang ba dirile tshwetso ya gore ga ba na kgatlhego gotlhelele? Go ka tweng go bao ba reng re eta gantsi mo go feteletseng?
NNA LE PONO E E SIAMENG
2 Phaapanong le seo bangwe ba ka se akanyang, tshimo eo e berekiwang kgapetsakgapetsa le gone e berekiwa ka botlalo ka kakaretso e nna le matswela a a botoka go na le eo e sa berekiweng kgapetsakgapetsa. Ka jalo sengwe sa dikgoreletsi tsa ntlha tseo o tshwanetseng wa di fenya ke kakanyo epe fela e e bosula malebana le go ya ka metlha kwa mejakong e e tshwanang. Batho ba tlhoka go fiwa sebaka sengwe le sengwe sa gore ba utlwe molaetsa wa Bogosi. Re tla bo re dira phoso fa re ka dira tshwetso ya gore batho bao ba sa arabelang sentle lemororo re ba etetse gantsintsi Jehofa o atlhotse gore ga ba tshwanelege.
3 Go bontsha kutlwisiso go botlhokwa segolobogolo mo tshimong eo e berekiwang kgapetsakgapetsa. Go nna le molaetsa o o kgethegileng o o lebaganeng le seo se amang batho mo tikologong ya bone go ka nna ga dira gore bangwe bao ba neng ba ka se ke ba reetse ba arabele ka tsela e e molemo. A o nna o itse ka dilo tse di diragalang, mme o ipaakanyeditse go bontsha kafa molaetsa wa Bibela o ka thusang batho ka gone gore ba berekane le mathata ao ba lebaneng le one?
DIRISA DIKETAPELE TSE DI FAROLOGANENG
4 Dirisa diketapele tse di farologaneng mo tshimong eo e berekiwang kgapetsakgapetsa. Ka nako nngwe o ka dirisa pampitshana e le karolo ya ketapele ya gago. Ka nako e nngwe gone nngwe ya diketapele tse di fetang 40 tse di akantshitsweng go buka ya Go Fetolana mo ditsebeng 9-15 e ka fetolwa gore e tshwanele maemo a lefelo la lona. O ka nna wa bo o batla go umaka loeto lwa gago lwa bofelo mo tikologong eo, ka jalo o dira gore seno e se ka ya nna motheo wa kganetso. Fa e le gore o ile wa ela tlhoko kakgelo e e nang le bokao eo mong wa ntlo a ileng a e dira mo loetong lwa gago lwa bofelo, eno e ka dirisiwa go tsenelela mo motlotlong o mongwe o o tsosang kgatlhego.
5 Leba batho jaaka Jehofa a ba leba, mme o tswelele pele o bontsha kamego mo go bao ba ka nnang ba bo ba re boleletse gore ga ba na kgatlhego gotlhelele. Jehofa o ne a ikuela kgapetsakgapetsa go batho ba gagwe ba bogologolo lemororo ba ne ba bontsha go tlhoka kgatlhego go barongwa ba gagwe. (2 Ditih. 36:15; Yer. 7:13) Batho ba le bantsi bao nako nngwe ba neng ba ikutlwa gore ga ba na kgatlhego gompieno ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Le eleng le batho ba ba neng ba ganetsa mo go botlhoko ba ile ba fenngwa go tsena mo boammaaruring. Jaanong ba lebogela go bo mongwe a ile a tswelela pele a ba etela ka mafoko a a molemo ka bopelotelele.
BOLOKA DIREKOTO TSE DI SIAMENG
6 Ke selo sa botlhokwatlhokwa gore go bolokwe rekoto e e siameng ya ka ntlo le ntlo. Go latela bao ba neng ba se kwa gae go tla tlhomamisa gore re akaretsa tshimo ka botlalo mme go tla oketsa nako eo re e senyang fa gare ga maeto a rona re etela ba ba leng kwa gae. Bangwe gape ba ile ba go fitlhela go le molemo gore ba ananye direkoto tsa bao ba neng ba seo mo gae fa go ne go dirwa tiro ya fa gare ga beke le bao ba berekang tshimo mo mafelobekeng. Seno se nna le matswela a gore go nne le dinako tse di farologaneng tseo malapa e etelwang ka tsone mme go oketsa makgetlo a gore go fitlhelwe batho bao ba nnang ba seo kwa gae ka dinako tse di rileng tsa letsatsi le ka malatsi a a rileng a beke. Dikakantsho tse di oketsegileng di ka bonwa go Tora ya Tebelo ya July 15, 1988, ditsebe 15-20.
7 Jehofa ke ene yo o tla itseng fa go setse go dirilwe maiteko a a lekaneng go fitlhelela botlhe bao ba ka reetsang. Kafa tlase ga ketelelopele ya ga Keresete, re tla tswelela pele re mo utlwa, ka tshepo ya gore tiro e tla dirwa mo nakong eo e beilweng.—Esek. 9:11.