LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/91 ts. 1
  • Dirisang Lefoko la Boammaaruri ka Botswerere

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisang Lefoko la Boammaaruri ka Botswerere
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshwara Lefoko la Modimo Sentle
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Nna Matsetseleko mo Bodiheding jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Dirisa “Tšhaka ya Moya” ka Botswerere
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
km 11/91 ts. 1

Dirisang Lefoko la Boammaaruri ka Botswerere

1 Botswerere jwa rona mo go diriseng Lefoko la Modimo bo ka ama tsela eo batho ba arabelang mafoko a a molemo ka yone. Ka gone, Paulo o ne a kgothaletsa gore go dirisiwe botswerere mo bodiheding ka go bolela jaana: “U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, u bua lehoko ya boamarure ka tshiamō.”—2 Tim. 2:15.

2 Go tshwanetse ga tlhagolelwa botswerere mo go diriseng Bibela. Go beela kwa thoko nako ya go ithuta ka namana le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ke selo sa botlhokwa. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go dirisa dilo tseo re di ithutang ka go dirisa Bibela ka dinako tsotlhe mo bodiheding. Seno se tlhoka gore re tswelele pele go iteka jaaka fa re ntse re senka thuso ya Modimo le kaelo ya gagwe.—1 Yoh. 3:22.

3 Tlhomang mogopolo mo Lefokong la Modimo: Go botlhokwa gore batho ba lemoge gore molaetsa wa rona ga o tswe mo go rona mme lefa go ntse jalo o tswa mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng. (Yoh. 7:18) Go bontsha motho gore ke eng seo Modimo a se bolelang mo Bibeleng malebana le kgang eo lo tlotlang ka yone go ka nna le matswela a magolo. Batho ba ba dipelo di siameng ba gapelwa mo molaetseng o o maatla thata wa Bibela. Jaaka fa re ntse re dirisa Dikwalo thata, re nna ditswerere le go feta ebile re tla kgona go tlamela batho ba bangwe ka kitso e e oketsegileng ya Lefoko la Modimo, eleng seo se tla ba solegelang molemo fela thata.

4 Batho ba le bantsi ga ba a tlwaelana le Bibela. Ka nako ya fa re e dirisa, re tshwanetse go dira se se fetang fela go bala ditemana. Go botlhokwa gore re baakanyetse ka kelotlhoko e le gore re tle re kgone go bona kafa re ka buelelang lokwalo ka gone. Go ka nna ga bodiwa dipotso kana ga rarabololwa bothata jo bo boletsweng gore go tsoswe kgatlhego. Gape, re tshwanetse ra ela tlhoko gore ke eng seo re se buang morago ga fa go sena go balwa lokwalo. Motho a ka nna a se ka a kgona go tlhaloganya ntlha fa lokwalo lo balwa gangwe fela. Go gatelela mafoko a konokono gangwe le gape le go tlhalosa kafa a dirang ka gone go tla letla gore megopolo e nwelelele sentle.—Bona School Guidebook, dithuto 24 le 25.

5 Mpho: Ka November re tla bo re tsamaisa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Re ka buisana jang le batho ka mpho eno? Morago ga gore re ikitsise re ka nna ra re: “Gompieno jaana batho ba le bantsi ba leba kwa go ba bangwe ba ba farologaneng kana kwa dikgatisong tse di farologaneng go bona kaelo. O akanya gore motswedi o o e gaisang yotlhe wa kaelo e e mosola e ka nna ofe? [Leta karabo.] Ela tlhoko seo Bibela e se bolelang kaga motswedi wa boammaaruri wa botlhale. [Bala Diane 2:6, 7.] Botlhale jo e leng jwa motho bo itshupile bo tlhaela ka mo go swabisang, bo felela ka matswela a a utlwisang botlhoko thata le boitlhobogo. Lefa go ntse jalo, botlhale jo e leng jwa Modimo jone ka metlha bo itshupile e le jo bo ikanyegang ebile e le jo bo solegelang batho molemo. [Bala Isaia 48:17, 18.] Ka gone, re tshwanetse gore re lebe kwa Modimong, yo o neelanang ka kaelo e e tlhokegang gore re kgone go dirisana le mathata ao re lebaneng nao.” Morago ga moo re ka nna ra bula buka ya Lefoko la Modimo mo kgaolong ya bo 12 mme re bo re lebisa tlhokomelo mo serapeng sa 2. Morago ga moo, ntlha e e tshwanelang sentle e e tswang mo kgaolong eno e ka nna ya nyalanngwa le motlotlo ono.

6 Morago ga fa o sena go dirisa Diane 2:6, 7 go tlhomolola kafa botlhale jwa Modimo e leng jo bo kwa godimo thata ka gone, tlhalosetsa mong wa ntlo gore ke ka ntlha yang fa o simolotse go tlotla Bibela le go e anaanela thata. Mo itsise gore dithuto tsa yone di tla mo solegela molemo le gore di tla mo naya tsholofelo e e nonofileng thata ya isagwe. Motlotlo o o ntseng jalo o ka nna wa tlhagisa ditshono tsa gore o tlhalose ka e nngwe ya kgakololo e e botlhale ya Bibela e e amang mathata a letsatsi le letsatsi ebile go ka nna ga felela ka gore go nne le thuto ya Bibela.

7 Ka metlha Jesu o ne a dirisa Dikwalo go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang ebile o ne a di dirisa go ganetsa batho ba ba neng ba mo ganetsa. Paulo o ne a tlwaetse go ‘tlhalosa le go ntsha bosupi mo dikwalong’ ka dilo tseo a neng a di ruta. (Dit. 17:2, 3, NW) Tsholofelo ya rona le boitumelo jwa rona mo bodiheding di tla oketsega jaaka fa re ntse re kgaratlha ka tlhoafalo re kgaratlhela go nna batho ba ba ditswerere le go feta pele mo go diriseng Lefoko la boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela