A Botlhe ba Itse Gore Polokesego ya Lefatshe ka Bophara e Gaufi
1 Go ise go e kae, “Kgōsana ea kagishō” e tla tlisa kagiso ya boammaaruri le polokesego mo lefatsheng ka bophara. Go dumela ga rona tsholofetso eno ya Bibela go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re bolelele ba bangwe ka yone. (Isa. 9:6, 7; Mika 4:3, 4) Mo dikgweding tsa January le February, re tla bo re tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego O Ka di Bona Jang?
2 Mo tsebeng ya bo 4 ya tokololo eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, re neetse diketapele di le dintsi tseo o ka nnang wa batla go di dirisa mo bodiheding mo kgweding ya January. Mo dirapeng tse di latelang, go akantshiwa ditsela di le tharo tseo di ka nnang tsa thusa tse e leng ditsela tsa go isa mong wa ntlo mo bukeng ya Kagiso ya Boammaaruri.
3 Tsela ya 1: Morago ga fa o sena go bala Isaia 9:6, 7, bula buka eno mo go tsebe 7 o bo o bala serapa 9. Morago ga moo o bo o botsa jaana: “A o dumela seno? A o akanya gore Modimo o tla tsamaya a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go nyeletsa bosula?” Leta karabo, mme morago ga moo o bo o tswelela jaana: “Buka eno e tlhalosa ka phepafalo tsholofelo e le nosi fela ya rona ya kagiso ya boammaaruri le polokesego le kafa ‘Kgosana ya Kagiso’ e tla lereng ka gone kagiso ya lefatshe ka bophara mo lefatsheng mo motlheng wa rona. A o eletsa go e bala, ebile a o ne o ka rata go ithuta ka mo go oketsegileng kaga lefatshe le lesha le le solofeditsweng?”
4 Tsela ya 2: Morago ga fa o sena go bala Mika 4:3, 4, bula buka eno mo go tsebe 98 o bo o botsa mong wa ntlo jaana: “Ke maemo afe a kagiso ao o a bonang mo setshwantshong seno?” Leta karabo, mme morago ga moo o bo o tswelela ka go bolela jaana: “Batho ba tshela mmogo ka kagiso ebile ba tshela ka kagiso le diphologolo. Bangwe ba ka nna ba akanya gore dipuso tsa batho di tla lere kagiso e e ntseng jalo. Mme lefa go ntse jalo kagiso ya boammaaruri le polokesego jaaka fa di boleletswe pele mo Bibeleng di tshwanetse go tlisiwa ke Modimo eseng batho. A ga o dumalane le seno?” Leta karabo, mme morago ga moo bala serapa 16 mo go tsebe 100 mme o bo o tlhalosa gore buka eno e araba dipotso di le dintsi malebana le Bogosi le kagiso mo lefatsheng. Tlhalosetsa mong wa ntlo gore o tla itumelela go mo tlogelela buka eno ka moneelo wa R2,60.
5 Tsela ya 3: Mo mafelong ao mo go one batho ba ratang go go tsena ganong le go sa go letle gore o fetse seo o se buang, o ka nna wa bolela jaana: “A nka go botsa potso?” Fa e le gore mong wa ntlo o a dumela, tswelela jaana: “Jesu o re rutile gore re rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle le gore go rata ga gagwe go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. A o akanya gore thapelo eno e tla tsamaya e arabiwa e le gore tota go rata ga Modimo go tle go dirwe mo lefatsheng mo? O akanya eng kaga seno?” Leta karabo mme morago ga moo o bo o bolela jaana: “Karabo e e tswang mo Bibeleng ya potso eno e bonwa mono mo go tsebe 95.” Morago ga moo bala serapa 5 mo go tsebe 95, o bo o tlhalosa kafa dikwalo tseo di umakilweng mo bukeng eno di arabang ka teng potso eno le tse dingwe tse dintsi thata tse di malebana le kagiso ya lefatshe ka bophara le polokesego.
6 O ka nna wa tswa o setse o tlhophile ketapele eo o e ratang go tswa mo tsebeng ya 4 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Morago ga fa o sena go boeletsa ditsela tse di akantshitsweng tseno mo setlhogong seno, o ka nna wa bona e le nngwe eo mo go tsone tsotlhe o neng o tla ipelela go e dirisa. Dirisa nako e ntsinyana gore o itlwaelanye le ketapele ya gago le tsela ya go isa mong wa ntlo mo bukeng pele ga fa o ya tirelong ya tshimo. Tsela e o baakanyetsang ka yone le go dumela ga gago ka namana gore kagiso ya boammaaruri le polokesego di tla tlisiwa ke “Kgōsana ea Kagishō” le Bogosi jwa gagwe di tla oketsa botswerere jwa gago le gore o nne matlhagatlhaga go tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri.