Kafa go Tlhokegang ka Gone Gore Setho se Tseye Matsapa a go Batla Modimo
1 Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, baagi ba dipalo tseo di seng kana ka sepe ba ile ba fudugela gongwe go sele ka ntlha ya dintwa, go gatelelwa, le mathata a tsa itsholelo. Mme ka ntlha ya kafa go sepela le tsa ditlhaeletsanyo di leng bonako ka gone, lefatshe leno le lebega le ntse le nnela lennye go ya pele. Seno se ile sa dira gore ditlhopha tse di farologaneng tsa bodumedi di atamalane go ya pele. Ka gone, bodumedi gantsi go buiwa ka jone mo dikgannyeng jaaka selo se se amang matshelo a batho gongwe le gongwe.
2 Tiro ya rona ya go rera le yone e ile ya angwa ke seno. Ga e tlhole e le selo se se sa tlwaelegang gore re rakane le batho ba bodumedi joo re sa bo tlwaelang.
3 Go re thusa gore re tlhaloganye madumedi a mangwe sentle mmogo le kafa a simologileng ka gone, re gatiseditswe buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo. E araba dipotso tse di makgolokgolo tseo di leng kaga dilo tsa konokono tseo di dumelwang mo madumeding a magolo a a mo lefatsheng. Re tlile go dirisa buka eno mo bodiheding jwa rona jwa tshimo mo kgweding ya June. Ke ditlhogo dife tse di tswang mo bukeng eno e e thusang thata tseo re ka di dirisang go rotloetsa batho ba ba dipelo di phepa gore ba ithute ka mo go oketsegileng ka Modimo?
4 Potso e le nngwe ya botlhokwa eo go tlotliwang ka yone mo bukeng eno yotlhe ke: A motho o na le moya o o sa sweng o o tswelelang pele o ntse o tshela fa a sena go swa mme o bo o tswelela pele o le mo botshelong jwa morago ga loso? Mo e ka nnang bodumedi bongwe le bongwe bo ruta kgopolo eo ka ditsela tse di farologaneng. Dipotso tse dingwe tseo go tlotliwang ka tsone mo bukeng eno ke: A go na le lefelo le le tshwanang le dihele leo meya e tlhokofadiwang kwa go lone? Tsholofelo ya boammaaruri eo baswi ba nang le yone ke efe? A Modimo o mongwe fela, kana a go na le medimo e le mentsi? Motho a ka nna a tlhokomedisiwa dipotso tseo di leng mo ditsebeng 17-18 tsa buka eno. Le eleng le fa o buisana le motho yo o sa dumeleng gore Modimo o teng kana yoo a leng fela fa gare, dipotso 4 le 5 di ka gapa tlhokomelo ya gagwe mme gongwe seo sa felela ka motlotlo o o nang le matswela.
5 Batho botlhe ba tshwanela gore ba tseye matsapa a go batla Modimo le go senka kafa o ka ba amogelang ka teng gone jaanong. Ditiragalo tsa lefatshe di bontsha gore Hara–Magedone e atamela ka lebelo. Ke nako ya gore re tseye kgato ka matlhagatlhaga. Abo re na le tshiamelo jang ne ya go kgothaletsa ba bangwe gore ba senke Jehofa gone jaanong jaana, a santse a ka bonwa! (Isa. 55:6, 7) Buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo e ka thusa jang batho fa ba ntse ba batla Modimo? E neela batho ba mefuta e e farologaneng tshedimosetso e e kgatlhisang thata. Ka sekai, serapa 26 mo tsebeng 297 se tlhalosetsa Mamoseleme gore Bokeresete jwa boammaaruri ga bo rute thuto ya Tharonngwe. Bona kafa serapa 43 se se mo tsebeng 229 se ka tlhotlheletsang Bajuda ka gone gore ba nne le kgatlhego mo go diriseng leina la Modimo.
6 Re na le mabaka otlhe a gore re nne matlhagatlhaga fa re tsamaisa buka eno. Fa re tlwaelane sentle le dintlha tse di leng mo go yone, re tla bona ditshono tsa go ka tsosa kgatlhego ya batho ba ba dipelo di phepa ba madumedi a mefuta e e farologaneng. Ekete re ka bontsha tlhoafalo mo tirelong eno.
7 Jehofa ke Modimo o o pelotshweu ebile o le kutlwelobotlhoko. Abo a le pelontle jang ne go bo a re laletsa gore re ithute ka ene! Go ka nna ga tswa go na le ba bantsi bao ba tla fetogang bao ba bakang Jehofa. Ka June, re thusiwa ke buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo, re tla kgona go thusa ba le bantsi mo go Labokeresete mmogo le bao eleng ba mofuta wa ba eseng Bakeresete le ba ba sa reng Modimo sepe gore ba simolole go obamela Jehofa “ka Mōea le ka boamarure.” (Yoh. 4:23, 24) Ekete re ka itshoka fa re ntse re senka bao ba batlang boammaaruri le go nonotsha kamano eo ba nang le yone le Modimo wa boammaaruri. A ka bonwa!