Letlole la Dipotso
◼ A re tshwanetse ra founela kwa Mokgatlhong gore o re neele dikarabo tsa dipotso tsa Bibela kana tse di tla re thusang ka namana?
Batho ba le bantsi ba dirisa thelefouno gore ba dire dilo ka bofefo, mme gantsi ga se gore bofefo ke lone lebaka le legolo ka dinako tsotlhe. Mo lefatsheng batho ba tlwaetse go baya boiketlo jwa bone ka namana kwa pele ga dilo tsotlhe: ba tila go dira ka natla.
Abo seo se fapaane jang ne le seo re se bonang mo kgakololong ya Modimo! O re rotloetsa go batla kitso jaaka re ne re ka batla dikhumo tse di fitlhegileng, seo se rayang gore re ikemisetse go bereka ka natla. Boitemogelo bo bontsha gore fa re dira jalo re tla bona diphelelo tse di tla re kgotsofatsang go ya go ile.—Dia. 2:1-4.
Boiteko jo bo ntseng jalo bo a tshwanela fa go tlhaga potso nngwe fa re ntse re baakanyetsa go tla go nna le seabe kwa dipokanong kana fa re lebana le bothata jo bo re lebaneng ka namana. Go na le gore re founele kwa Mokgatlhong, re tla solegelwa molemo fa re itirela patlisiso ka namana mo Bibeleng le mo dikgatisong tsa rona, segolobogolo fa re dirisa Watch Tower Publications Index, le diintekese tsa yone tse di botlhokwa tsa Dikwalo le ditlhogo.
Fa re sena go ‘batla dikhumo tse di fitlhegileng,’ re ka atamela mongwe wa bagolwane wa mo lefelong la rona fa re santse re tlhoka thuso. Bagolwane ba na le kitso e e lekaneng ya Bibela le boitemogelo jwa go batlisisa tshedimosetso nngwe. Thuso ya bone e e lekalekaneng e tla tshwanela segolobogolo fa re tlhoka thuso malebana le bothata jwa rona ka namana kana fa re dira tshwetso nngwe, ka gonne ba le gaufi le rona le boemo jwa rona.—Bapisa Ditihō 8:30, 31.
Fa e le gore go santse go lebega ekete go tlhokega tshedimosetso e e oketsegileng e e tswang kwa Mokgatlhong ka tlhamalalo, gantsi go botoka go kwala lekwalo. Gape bagolwane ba ka nna ba re thusa fa re baakanyetsa seno. Lekwalo leo le tla dira gore go nne le nako ya gore karabo eo e batlisisiswe kana e akanyediwe ka mo go tshwanetseng, gantsi e le seo se sa kgonegeng fa motho a ile a founa.