A o Ka Dira mo go Oketsegileng go Tlotla Jehofa?
1 Eno ke potso e e botlhokwatlhokwa e rotlhe re tshwanetseng go e akanyetsa. Jaaka baetsi ba ba ikanyegang ba Morena wa rona ebong Jesu Keresete, re tlotla Modimo wa rona gompieno ka go bolela leina la gagwe phatlalatsa. Jono ke boikarabelo jo re tshwanetseng go bo sikara fa re batla gore Modimo o re amogele. (Mar. 13:10; Luke 4:18; Dit. 4:20; Baheb. 13:15) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne—ee, tlotlo—ya go tsaya mafoko ano a a molemo go a isa kwa ‘dinkung’ tse di setseng tse di phatlaletseng tse di ka nnang karolo ya lesaka la lefatshe lotlhe la ga Jehofa!—Yoh. 10:16.
2 A wena le bana ba gago lo ka kgona go dira mo go oketsegileng go tlotla Jehofa ka go oketsa tiro ya lona mo bodiheding? Bakaulengwe le bokgaitsadi ba lona ba tsenelela tirelo ya bobulatsela ka dipalo tse dikgolo go feta le eleng pele mo lefatsheng ka bophara. Ka kgwedi ya April 1992, batho ba le 12 555 ba ne ba le mo tirelong ya bobulatsela jo bo kgethegileng, jwa ka metlha, kana jo bo thusang mo Afrika Borwa. A wena ka namana o ile wa akanyetsa bobulatsela ka masisi? A o kgothaletsa bana ba gago go dira gore bodihedi jwa nako e e tletseng e nne tiro ya bone ya botshelo jotlhe?
3 Ke ka ntlha yang o sa sekaseke maikutlo a gago ka namana malebana le tirelo ya bobulatsela? Nako le nako fa go umakiwa ka kgang eno, a o setse o swetsa ka bonako fela gore wena maemo a gago ga a go letle gore o direle jaaka modihedi wa mmulatsela? Ke boammaaruri gore maemo ga a dumelele mongwe le mongwe go bula tsela. Maikarabelo a rona go ya kafa Dikwalong le ditlhaelo tse dingwe di thibela batho ba le bantsi go dira ka nako e e tletseng. (1 Tim. 5:8) A mme gone o sa tswa go akanyetsa kgang eno ka thapelo? A lo ile lwa tlotla kgang eno jaaka lelapa e le go bona gore a mme bogolo leloko le le lengwe fela le ka se kgone go bula tsela? Tokololo ya Tora ya Tebelo ya June 1, 1983, e ne ya bolela jaana ka polelo e e dirang gore motho a akanye mo tsebeng ya yone ya 29: “Eleruri, modihedi mongwe le mongwe wa Mokeresete o tshwanetse ka thapelo a akanyetsa gore a o ka bulatsela kana nnyaa. Banyalani bangwe mo Afrika Borwa bao ba butseng tsela mo dingwageng tse di lesome le botlhano ba ne ba re: ‘Ke ka ntlha yang fa re bulatsela? A re ne re ka ipata ka sengwe fa pele ga ga Jehofa gore ga re a ka ra go dira?’ Ba bantsi ba eseng babulatsela ba ka ipotsa ka tshwanelo potso e e nyalanang le eo gore: ‘A eleruri ke ka ipata ka sengwe fa pele ga ga Jehofa gore ke eng ke se mmulatsela?’”
4 Setlhogo se sengwe sa Tora ya Tebelo se se mabapi le kgang eno se ne sa akgela jaana ka mo go utlwalang: “Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a itshekatsheka ka boammaaruri. A o bolela gore, ‘Moya o a rata, mme nama e bokoa’? A mme eleruri moya o a rata? A re tileng go dirisa bokoa jwa nama go nna seipato sa gore moya le one ga o rate.”—w78 8/15 ts. 23.
5 Batsadi Bao Ba Batlang Bana Ba Bone Ba Atlega: Diane 15:20 e re tlhomamisetsa jaana: “Mosimane eo o tlhalehileñ o itumedisa rragwè.” Kwantle ga pelaelo batsadi ba ba ratang Modimo ba a itumela fa barwa le barwadiabone ba tshelela go direla Jehofa ka boineelo. Lefa go ntse jalo, go ka se itlele fela gore bana ba gago ba itlhophele tsela e e botlhale. Dilo tse di gogelang tsa lefatshe leno di nonofile fela thata. Batsadi, gore bana ba lona ba nne ba ba molemo go tla ikaega ka lona segolobogolo. Fa e le gore ka dinako tsotlhe o bua ka melemo ya tirelo ya nako e e tletseng, fa e le gore o kgothaletsa basha ba gago go batla ditsala tsa babulatsela ba ba ineetseng, fa e le gore ruri o tlhatswegile pelo gore bodihedi jwa nako e e tletseng ke tiro e e tlotlegang thata e bana ba gago ba ka e tsayang, kwantle ga pelaelo boikutlo jono jo bo siameng bo tla ama bana ba gago fela thata. Ba thuse go anaanela botlhokwa jwa go itirela leina le lentle mo go Jehofa go na le batho.
6 Basha, Diane 22:1 e tlhalosa kaga seo lo tshwanetseng go se itlhophela: “Leina ye le molemō le chwanetse go itshenkèlwa bogolo go dikhumō tse dikgolo, le botsalanō yoa loratō bogolo go selefera le gouda.” O tla itirela leina la mofuta ofe? Akanya ka banna le basadi ba re balang ka bone mo Bibeleng ba ba itiretseng leina le lentle mo Modimong ka go mo direla jaaka batho ba ba ineetseng. E ne e le Luke, ngaka e e rategang, le Enoke, yo o neng a tsamaya le Modimo wa boammaaruri. Samuele o ne a bona thuto e e molemolemo ka mo go ka kgonegang, a simolola tirelo ya gagwe kwa tempeleng ya ga Jehofa a le mo dingwageng tsa bosha. A o akanya gore batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ne ba ikwatlhaela se ba neng ba se itlhophela? Ke ka ntlha yang go sa nna jalo? Botlhe ba ne ba tshela botshelo jo bo itumetseng, jo bo nang le maungo, le jo bo ipedisang. Mme Jehofa o ne a ba amogela ka bosaengkae!—Pes. 110:3; 148:12, 13; Dia. 20:29a; 1 Tim. 4:8b.
7 Fa bana ba atlega mo botshelong, batsadi ba bone ba ipelafatsa ka bone. Se ba se amogelang ka go thapisa, go otlhaya, le go ruta “boshwa yoa ga Yehofa” ke tuelo e kgolo thata. (Pes. 127:3) Ke eng se se ka dirang gore motsadi a ipelafatse fa e se morwa kana morwadi yo o dirang gotlhe mo a ka go kgonang go tlotla Jehofa? Basha ba le bantsi mo metlheng ya segompieno ba tsamaya mo dikgatong tsa ga Luke, Enoke, le Samuele, jaaka lekwalo lengwe le bontsha: “Ke na le dingwaga di le 16. Ke ne ka simolola go bula tsela . . . dikgwedi di robabongwe morago ga fa ke sena go kolobediwa, mme ke ile ka ikamogelela masego a ga Jehofa fa e sale ka nako eo. . . . Gape bobulatsela bo ka go thusa fa o le mo sekolong. Pele, bao ke tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba a tle ba ntshege go bo ke le Mosupi. Jaanong jaana, ereka ke ne ka tshwanelwa ke go tshwarega thata mo thutong ya me ka namana, ke kgona go ‘fetola ena yo o nkgobang.’”
8 Thuto E E Tla Thusang Motho go Tshwanelegela Bodihedi: Mo ntlheng eno re ka nna ra akanyetsa kgang e e malebana le thuto ya lefatshe. Eno ke karolo e re tlhokang segolobogolo go leba dilo ka tsela e e lekalekaneng. Tora ya Tebelo ya November 1, 1992, e ne ya nna le setlhogo se se reng “Thuto E E Nang le Boikaelelo.” Mo setlhogwaneng se se reng “Thuto E E Lekaneng,” go ne ga tlhalosiwa jaana: “Bakeresete ba tshwanetse gore ba kgone go itshedisa, lefa e le badihedi ba babulatsela ba nako e e tletseng. (2 Bathesalonia 3:10-12) . . . Mokeresete yo mosha o tlhoka thuto e e kana kang gore a kgone go tlotla melaometheo eno ya Bibela le go diragatsa dilo tseo a tlamegang go di dira jaaka Mokeresete? . . . Ke [tuelo efe e] go ka tweng [e] ‘lekane’ mo go bao ba batlang go nna badihedi ba babulatsela ba mafoko a a molemo? Ka kakaretso batho ba ba ntseng jalo ba tlhoka tiro ya nakwana gore ba tile go rwesa bakaulengwe ba bone kana ba malapa a bone ‘morwalo o o boima.’—1 Bathesalonia 2:9.”
9 Fa e le gore motho yo o batlang go nna mmulatsela o bona go le botlhokwa gore a tswelele ka dithuto tse di oketsegileng gore di tle di mo thuse mo tirelong ya nako e e tletseng, Tora ya Tebelo ya November 1, 1992, e kgothatsa gape jaana: “Mosupi yo mmotlana o tla bo a dira sentle, fa e le gore go ka kgonega, gore a ithute a ntse a nna kwa gae, gore a kgone go tswelela pele le dithuto tsa Bokeresete jaaka a tlwaetse, a nne gone kwa dipokanong, a bo a dire tiro ya go rera.”
10 Mo Afrika go na le maitemogelo a mosha mongwe wa dingwaga di le 22 yo o neng a tshwanelwa ke go ya kwa sekolong sa tiro ya diatla, le mororo pelo ya gagwe yone e ne e batla gore a nne mo tirelong ya bobulatsela. Fa a santse a le kwa sekolong seno sa tiro ya diatla, o ne a ikwadisetsa bobulatsela jo bo thusang. Balekane ba gagwe ba ne ba mo tshega, ba bolela gore ruri o tlile go palelwa ke ditlhatlhobo tsa gagwe. Ka metlha o ne a ba araba jaana: “Batlang pele Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe.” Ka tsela ya boikemisetso, o ne a tle a tsoge go sa le maphakela thata mo mosong mongwe le mongwe a bo a ipaakanyetsa dithuto tsa sekolo ka diura di le pedi mme morago ga moo a bo a tsena mo tirelong ya tshimo motshegare fa sekolo se dule. Sekolo sotlhe se ne sa ja kgakge fa mosha yono a nna wa boraro mo tlhatlhobong e e kgethegileng e mo go yone go tlileng go tlhophiwa baithuti ba le bararo ba ba di gogang kwa pele ba ba tla duelelwang dithuto tsa bone ka mo go kgethegileng. Moithuti yo o neng a tsaya maemo a bobedi e ne e le motho yo o kgatlhegang yo mokaulengwe wa rona wa mmulatsela a neng a ithuta le ene Bibela kwa sekolong. Moithuti yo o neng a tsaya maemo a ntlha e ne e le mosha yo mongwe wa Mosupi yo o tlhagafetseng kwa sekolong seo.
11 Bagolwane Ba Dira Karolo ya Bone: Bagolwane ba phuthego, bao ba ipelelang tiro e babulatsela ba e dirang, ba kgothatsa thata badihedi bano ba ba tlhagafetseng. Bagolwane ba itumelela go dira seno ka gonne ba itse gore babulatsela ba ba dirang ka natla, ba ba ungwang ba tlisa masego mo phuthegong epe fela. Fa ba sena go dira ngwaga kana go feta mo tirelong ya bobulatsela jwa ka metlha, bano ba tshwanelegela thapiso e e oketsegileng mo Sekolong sa Tirelo sa Babulatsela. Thuto eno e itshupile e le sedirisiwa se se botlhokwa sa gore babulatsela ba tswelele pele. Le mororo babulatsela e le bone ba ba di gogang kwa pele mo tirong eno, le bone ba tlhoka go kgothadiwa, mme bagolwane ba tshwanetse go nna podimatseba go dira seno.—1 Pet. 5:1-3.
12 Bagolwane ba ka kgona jang go rotloetsa tiro eno ya bobulatsela? Ntlha ya pele e e molemo ke go sekaseka ka metlha yo o ka tswang a ka fitlhelela tshiamelo eno. Bagolwane ba ka atamela batho bao go bonalang ba le mo boemong jo bo siameng jwa go ka bula tsela, go akaretsa le ba le bantsi ba ba dirang bobulatsela jo bo thusang ba sa kgaotse, batho ba ba sa tlholeng ba bereka, bommamalapa, le bana ba sekolo. Lefa gone go sena ope yo o tla dirwang gore a ikutlwe a tlamega go ikwadisa, bao ba eletsang mme ba okaoka ba ka nna ba lemoga gore ba ka kgona go bula tsela, ka go neelwa kgothatso e nyenyane e e mosola.
13 Fa ba ntse ba kgothatsa ba ba eletsang go ikwadisa, bagolwane ba tshwanetse ba gakologelwa gore ga go tlhokege gore moikwadisi a senye dikgwedi di le dintsi mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang pele a ka ikwadisetsa bobulatsela jwa ka metlha. (kmTN 8/86 tsa tsenyeletso dir. 24-26) Legale, bagolwane ba tla batla go tlhomamisa sentle gore moikwadisi o mo boemong jwa go ka fitlhelela diura tse di tlhokegang.
14 Fa Komiti ya Tirelo ya Phuthego e sena go sekaseka kopo eno le go tlhatlhobiwa ke mokwaledi go tlhomamisa gore dipotso tsotlhe di arabilwe, e tshwanetse ya romelwa kwa Mokgatlhong ka bofefo.
15 Mokwaledi o tshwanetse a itsise bagolwane ka mathata ape a babulatsela ba ka nnang ba bo ba na le one. Seno se botlhokwa segolobogolo mo diphuthegong tse di nang le babulatsela ba le bantsi. Mo godimo ga go sekasekiwa ga tiro ya babulatsela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa tirelo, jaaka go bontshitswe go Pego ya go Tlhatlhoba Phuthego (S-10), mokwaledi o tshwanetse a kopa molebedi wa tirelo gore a kopane le ene ka March e simologa go bona gore ke mang yo o ka tswang a tlhaela go fitlhelela diura tse di tlhokegang mme jalo a tlhoka thuso e e kgethegileng. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1992, tlase ga Dikitsiso.) Mmulatsela a ka kgona go digela ngwaga wa tirelo ka katlego, fa a ka thusiwa kwantle ga go senya nako.
16 Palo e kgolo ya babulatsela ba ba sa tswang go simolola ke ya basha ebile ba sa ntse ba le basha mo boammaaruring. Eleruri moya wa bone wa go dira ka pelo e e ratang o re dira gore re itumele! Mme lefa go ntse jalo batho bano ba basha ba santse ba tlhoka go thapisiwa gore ba nne ditswerere mo tirong ya ntlo le ntlo, go dira maeto a go boela a a nang le matswela, le go ruta mo dithutong tsa Bibela. Fa a sa bone thapiso eno, motho yo mosha o ka nna a kgobega marapo morago ga ngwaga kana go feta mme kgabagare a ba a tlogela tirelo ya bobulatsela ka gonne a sa bone diphelelo tse di molemo mo tshimong. Bagolwane ba ba ntshitseng matlho dinameng ba ka nna ba kgona go lemoga mathatanyana kana go wela kwa tlase ga tiro ya gagwe. Fa e le gore seno se tlhokomelwa ka bonako mme mmulatsela a bo a thusiwa mo mathateng a a leng mo go one, o ka nna a ipelela tirelo e e ungwang ka dingwaga di le dintsi.
17 A O Ka Tshwara Ditlhapi kwa Metsing A A Kgakala? Bangwe ba barutwa ba ga Jesu e ne e le batshwari ba ditlhapi. Ka dinako tse dingwe, e ne e re fa ba sena go tsoma ditlhapi bosigo jotlhe, matloa a bone a bo a ntse a sena sepe. (Yoh. 21:3) Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe leno tse ‘go tshwarwa ga batho’ go saleng ka go tswelela ka dingwagangwaga, babulatsela bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore go na le “ditlhapi” disekaenyana fela tse di setseng mo “metsing” a diphuthego tsa bone. (Math. 4:19) Phapaanong le seo, a ga re itumedisiwe ke go bala dipego tse di tswang mo mafatsheng a mangwe a mo go one baboledi le babulatsela ba tshwarang dithuto tsa Bibela di le dintsi? Tsela e babulatsela le barongwa ba ipelang ka yone mo mafatsheng ano e lemosega sentlentle. (wTN92 9/1 ts. 20 ser. 15) Ka gone, fa e le gore babulatsela ba ba berekang ka natla ba ka kgona go fudugela kwa nageng e go nang le tlhokafalo e kgolo teng, ba tshwanetse go sekaseka seno le ofisi ya lekala pele ba fuduga.
18 Lefa go le jalo gakologelwang gore ba ba eletsang go ya kwa mafatsheng a mangwe go ya go tsenelela tirelo ya nako e e tletseng ba tshwanetse ba bo ba na le botsogo jo bo siameng, ba godile semoyeng, ba na le moya wa tirisanommogo, le wa puso ya bomodimo, ebile ba tshwanelega jaaka baboledi ba Bogosi. Ba tshwanetse gape ba bo ba bolelwa molemo ke phuthego e ba direlang mo go yone gone jaanong jaana. Mo godimo ga moo, ba tshwanetse ba bo ba kgona go itshedisa ka tsa madi mme ga ba a tshwanela go lebelela go tlamelwa ke bakaulengwe ba ba mo lefatsheng le ba tla bong ba le kwa go lone. Sa ntlha ba tshwanetse ba tlotla le bagolwane mo phuthegong ya bone ka dithulaganyo tsa bone mme ba ba buelele. Fa e le gore go na le sengwe se bagolwane ba sa se tlhaloganyeng ka botlalo malebana le kgang nngwe e e amanang le go ya go direla golo gongwe ga motho yoo, ba tshwanetse ba bua le molebedi wa bone wa potologo, kana ba kwalele ofisi ya lekala go bona dintlha tse di oketsegileng.
19 Kwa tshimologong, ba bangwe ba ka tswa ba ne ba simolola go bula tsela e le ka go bo ba itse gore ke selo se se siameng go se dira mme lefa go ntse jalo ba tshwenyegile ka gore a ba tla kgona. Ba ka nna ba bo ba ne ba ikwadisa ba ntse ba na le dipelaelo ebile ba okaoka. Kwa tshimologong fela e ka tswa e le gore matswela a bone mo tshimong a ne a le kwa tlase. Lefa go ntse jalo, kgabagare bokgoni jwa bone bo ne jwa oketsega, ebile go na le bosupi jwa gore Jehofa o a ba segofatsa mo tirong ya bone. Ka ntlha ya moo, ba ne ba tswelela pele ba itumetse le go nna le tsholofelo. Mo go ba bangwe, go bula tsela go ile ga ba bulela dikgoro tsa tirelo ya Bethele, Sekolo sa Thapiso sa Bodihedi, le eleng tiro ya go eta.
20 O ka nna wa se ka wa kgona go fudugela kwa lefatsheng le lengwe kana wa se ka wa kgona go bona molemo wa Sekolo sa Thapiso sa Bodihedi, mme go santse go na le sebaka sa go tshwara ditlhapi mo metsing a mangwe mo lefatsheng leno fa e le gore tshimo e o leng mo go yone gone jaanong ga se e e ungwang. Tsweetswee ikgolaganye le Mokgatlho fa e le gore o kgatlhegela go ya go direla kwa go nang le tlhokafalo e kgolo teng mo Afrika Borwa kana mo dinageng tse di gaufi le yone. Go fuduga mo go ntseng jalo go ka nna ga tlhoka diphetogo dingwe mo mokgweng wa gago wa go tshela, mme dituelo tsa semoya ke tse dikgolo eleruri.—Math. 6:19-21.
21 Kana fa e le gore maemo a a go letla, o ka nna wa kgona go thusa phuthego e e gaufi e e mo potologong ya lona. Fa e le gore o a tshwanelega, molebedi wa gago wa potologo o tla itumelela go go neela dikakantsho tse di mabapi le diphuthego tse di mo potologong tse di ka thusiwang ke mmulatsela yo mongwe.
22 Babulatsela ba bangwe le baboledi ba ile ba kgona go ya go dira kwa thuso e tlhokegang teng mo lefelong la bone ba ntse ba le mo gae. Ba ka nna ba bo ba itse puo e nngwe. A o lemogile gore palo e kgolwanyane ya batho ba ba nnang mo tshimong ya lona ba bua puo e nngwe? A go na le batho ba ba tlhokang motho yo a ka ba neelang molaetsa wa Bogosi a dirisa puo ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng? Bao ba itseng puo e nngwe ba ka thusa fela thata go fitlhelela batho ba mefuta yotlhe ka molaetsa wa Bogosi. Le mororo seno e ka nna kgwetlho e kgolo, gone se ka itshupa se duela.—1 Tim. 2:4; Tito 2:11.
23 Fa e le gore gone jaanong jaana o dira gotlhe mo o ka go kgonang go tlotla Jehofa, itumelele ditshiamelo tsa gago tsa jaanong tsa tirelo. Fa e le gore o bona gore o ka kgona go dira mo go oketsegileng, isa kgang eno kwa go Jehofa ka thapelo. O tshwanetse wa akanyetsa ka botlalo gore ke diphetogo dife tse maemo a gago a tla go letlang gore o di dire. Bolelela mogolwane yo o nang le moya wa bobulatsela ka dithulaganyo tsa gago kana molebedi wa potologo. Fa o setse o dirile tshwetso ka thapelo, le ka tshekatsheko e e tlhoafetseng, e dirise kwantle ga go senya nako, o ntse o ikantse tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tlotla bao ba mo tlotlang.—Baheb. 13:5, 6; 1 Sam. 2:30.