LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/93 ts. 8
  • Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Segofatsa Maiteko a Rona a go Tshwara Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Goreng re Nna Gone Kwa Segopotsong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • “Nnang lo Dire Seno E le Go Nkgopola”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Thusa ba Bangwe go Solegelwa Molemo ke Thekololo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 3/93 ts. 8

Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego

1 Tumelo ya rona le lorato lwa rona mo go ba bangwe di tla re dira gore ka March re thuse le go laleletsa Segopotsong botlhe ba ba ileng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi. Batho ba ba ntseng jalo ba tlhoka go gogelwa kwa paakanyetsong ya ga Jehofa ya go bona poloko, e e ikaegileng thata ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete.—Bah. 9:28.

2 Ke mogopolo o o siameng go kwala botlhe ba o batlang go ba laleletsa Segopotso. O akaretse ba ba tlang ka go rotha kwa dipokanong le ba ba kileng ba ithuta kana ba supa fa ba kgatlhega ka ditsela dingwe. O se ka wa lebala molekane yo o sa dumeleng le maloko a mangwe a lelapa. Morago ga go ba kwala, dira maiteko a a kgethegileng go ikgolaganya le mongwe le mongwe wa bone. O ka nna wa kopa bagolwane go ikgolaganya le bangwe ba bone mo boemong jwa gago.

3 O ka bua jang fa o tsena koo?

Morago ga ditumedisano tsa botsalano, o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno:

◼ “Mo nakong e e fetileng, o ne wa bontsha fa o kgatlhegela dilo tsa semoya, mme ke ne ka akanya gore o tla itumelela taletso eno ya tiragalo e e kgethegileng. [Neela mong wa ntlo taletso ya Segopotso e e kwadilweng.] Segopotso sa loso lwa ga Keresete ke yone fela tiragalo e Morena Jesu Keresete a ileng a laela balatedi ba gagwe go e gopola. Re solofetse go tla go sekaseka gape dilo tse Keresete a di kgonneng ka loso lwa gagwe le kafa re ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya lone ka teng. Ngwaga e e fetileng go ne go na le batho ba le dimilione di le 11 ba ba neng ba le teng mo pokanong eno e e kgethegileng. Ke ka itumela thata fa o ka nna le nna teng ngwaga eno.” O tlhomamise gore o kwadile nako le lefelo leo phuthego ya lona e yang go ketekela Segopotso mo go lone. Gape, fa a tlhoka sepalamo mmolelele gore o tla tla go mo tsaya.

4 Fa ba basha ba tla Segopotsong, ba tshwanetse go ikutlwa ba amogelesega. Ba thuse gore ba itse baboledi ba phuthego o bo o ba bontshe mongwe fela yo o kgatlhegang yo o ka tswang a nna go bapa le bone. Go tla ba thusa go itse gore batho ba le mmalwa mo tikologong ya bone ba kgatlhegela boammaaruri. Ba kope go nna le lelapa la gago ka nako ya mokete wa Segopotso fa go kgonega.

5 Legale, ga se gore go tla Segopotsong ka bo gone fela go tla dira gore ba bolokwe. Mme mo go ba le bantsi ba o ba laletsang, e ka nna ya bo e le kgato ya ntlha mo go bontsheng tumelo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu. Fa le boela gae go tswa mo dipokanong, botsa moeng gore a ga a ka ke a rata go nna teng mo Puong ya Phatlalatsa le mo Thutong ya Tora ya Tebelo ka Sontaga se se latelang. O nne botsalano mme o amogele mabaka a gagwe. Mo itsise gore o batla go mo thusa ka tsela nngwe le nngwe e o ka kgonang ka yone. Fa a ka simolola go kopanela le rona ka bofefo ka metlha, seo se tla dira gore a gole semoyeng ka bofefo. Abo go tla re ipedisa jang ne le go re kgotsofatsa go falola ‘pitlagano e kgolo’ le ba bangwe ba bantsi ba re ka nnang ra bo re kgonne go ba thusa!—Tshen. 7:9, 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela