Thapisetsa Baithuti ba Bibela Bodihedi
1 Mokgele o motona wa go tshwara dithuto tsa Bibela totatota ke go dira barutwa ba basha, badiri ba ba tla re thusang go ruta ba bangwe. (Math. 28:19, 20) Ka jalo boikaelelo jwa go ithuta ga se go fetisa kitso fela; re tshwanetse go dira gore baithuti ba rona ba nne le tumelo e e tswang pelong mme re ba thapise gore ba bue le ba bangwe ka tsholofelo ya bone. (2 Bakor. 4:13) Ke ditsela dife tsa mmatota tse re ka ba thusang gore ba nne le nonofo ya go ruta ba bangwe?—2 Tim. 2:2.
2 Tlhoma Bodihedi Jaaka Mokgele: Go tswa fela kwa tshimologong dira gore ba tlhaloganye sentle gore kobamelo ya boammaaruri e akaretsa ‘boipolelo jo bo dirwang ka molomo go isa polokong.’ (Bar. 10:10) Leina la rona, Basupi ba ga Jehofa ka bolone le bolela gore re tshwanetse gore re bue le ba bangwe. Ba thuse gore ba bone gore go rutiwa ga bone ga se fela gore bone ba bolokiwe. Fa bone ka bobone ba ruta, batho ba ba ba reetsang le bone ba tla nna le sebaka sa go bolokiwa.—1 Tim. 4:16.
3 Boeletsa Se Se Ithutilweng: Go nna o boeletsa se se ithutilweng nako le nako ke thuso e e molemolemo ya go ruta. Go thusa moithuti gore a gole semoyeng jaaka fa boammaaruri jo a sa tswang go bo ithuta bo ntse bo gatelelwa mo mogopolong wa gagwe le mo pelong ya gagwe. Le rona re bone seno se diragala fa re ntse re araba dipotso tsa poeletso tse di bodiwang kwa Thutong ya Tora ya Tebelo. Baakanyetsa dipotso tse di motlhofo tse di tlhamaletseng tse moithuti wa gago a ka di arabang ka mafoko a gagwe.
4 Poeletso ya gago e ka nna ya nna ya mofuta wa kwa tirelong ya tshimo. Botsa potso kana tlhalosa ka boemo jo re kopanang le jone gantsi fa re neela ba bangwe bosupi. Dira gore moithuti wa gago a bontshe gore ene o ne a tla reng, mme wena o nne mong wa ntlo. Mo akgole fa a dirile sentle, mme o mo neye dikakantsho tse di ka mo thusang gore a dire botoka mo nakong e e tlang. Thapiso eno e tla mo ruta go dirisa se a se ithutileng le go tokafatsa tsela e a dirisang Bibela ka yone.
5 Buka ya Go Fetolana: Tlhomamisa gore moithuti wa gago o na le buka ya Go Fetolana, mme o mo thapise go e dirisa. Mmontshe dikakantsho tse di leng mo go yone tsa go simolola motlotlo, tsa go araba dipotso tsa Bibela, kana tsa go araba ba ba ganetsang. Dirisa buka eno mo thutong go supa kafa motho a ka buang le ba bangwe ka teng gore a ba tlhatswe pelo. Buka eno e ka dira gore a nne pelokgale, e mo dira gore a batle go bolela ka molaetsa wa Bogosi.
6 Gatelela Botlhokwa jwa Dipokano: Dipokano tsa phuthego, segolobogolo Pokano ya Tirelo le Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, di diretswe gore di re thapisetse tirelo ya tshimo. Dilo tsotlhe tse di re thusang go atlega go neela bosupi di boelediwa le go supiwa ka dipontsho ke bao ba nang le maitemogelo le ba ba nang le bokgoni. Gatelela botlhokwa jwa dipokano, mme o mo thuse gore a nne teng mo go tsone. Fa moithuti wa gago a nna teng ka metlha go ka mo kgothatsa gore a nne morutwa wa boammaaruri wa ga Jesu.
7 Le ka motlha o se ka wa lebala go tlhoma sekao ka bowena. Go nna teng mo tirong ya go rera ka metlha le go rata go dira tiro eno, go supa gore o anaanela boammaaruri thata. Seo se ka kgothatsa moithuti wa gago gore a dire mo go oketsegileng go supa tumelo ya gagwe. (Luke 6:40) Dilo tseno tsotlhe di ka thusa motho yo mosha go leba bodihedi jaaka tshiamelo le gore a itumelele go nna le seabe mo go jone.—1 Tim. 1:12.