LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/94 ts. 1
  • Go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo re sa Kgaotse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo re sa Kgaotse
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 7/94 ts. 1

Go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo re sa Kgaotse

1 Kwa Iseraele mo motlheng wa bogologolo, ditshupelo di ne di isiwa letsatsi le letsatsi. (Ekes. 29:38-42) Molelo wa sebeso o ne o nna o ntse o tuka; mosi o o neng o tlhatloga e ne e le “lonkō lo lo monate” lo lo neng lo itumedisa Jehofa. (Ekes. 29:18) Gompieno, re kgothalediwa gore re “isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” (Baheb. 13:15) Go na le gore re dirise ditshupelo tse di tlhalosiwang mo Molaong, re obamela Jehofa ka go bolela ka dipako tsa gagwe re sa kgaotse.—Isa. 43:21; Dit. 5:42.

2 Jesu Keresete, yo e leng Mosupi yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a tshela mo lefatsheng, o re rutile gore re ka obamela jang ka go isa ditshupelo tsa pako. O ne a ruta barutwa ba gagwe gore molaetsa o ba o rerang o potlakile thata. O ne a itse gore tsela e e molemolemo ya go bolelela batho mafoko a a molemo ke ka go bua le bone mo matlong a bone. (Math. 10:7, 12) Mme jalo re bona gore baaposetoloi ba ne ba latela kaelo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ke Modimo ya go rera ka ntlo le ntlo.—Dit. 20:20.

3 Go santse go ntse fela jalo le gompieno. Jaaka barutwa ba ga Jesu, Bakeresete ba boammaaruri ba latela sekao sa gagwe ka go rera mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo. Le mororo re tshwaiwa diphoso le go bogisiwa ka ntlha ya seo, batho ba ba dimilione ba ile ba ithuta boammaaruri mme barutwa ba basha ba ba dikete tse di makgolo ba ikopanya le boidiidi jo bogolo ngwaga nngwe le nngwe, ba supa gore eno ke tsela e Jehofa a diragatsang thato ya gagwe ka yone. Ke ka moo re tswelelang pele ka bodihedi jwa rona re itshekile.

4 Melemo ya go Rera ka Ntlo le Ntlo: ‘Modimo ga se motlhaodi wa batho . . . yo o boifang ona, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go ona.’ (Dit. 10:34, 35) Fa re ya ka tlhamalalo kwa ntlong nngwe le nngwe mo tshimong ya rona re supa fa re sa tlhaole batho, re fa mongwe le mongwe sebaka sa go utlwa molaetsa wa Bogosi ka metlha. Mme gape batho ba ba ratang go reetsa ba fiwa thuso e e lebanyeng mongwe le mongwe wa bone go ya ka se a se tlhokang ka boene.

5 Mo e ka nnang baboledi botlhe fela, ba ka nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo, go akaretsa basha, batsofe, le e leng bao ba sa tswang go kopanela. Ka tsela eno mongwe le mongwe a ka ‘dira boipolelo ka molomo go isa polokong.’ (Bar. 10:10) Go dira le ba bangwe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo go dira gore re nne seoposengwe mo loratong lwa rona le mo kutlwanong ya rona. Mo godimo ga moo, re fiwa sebaka sa gore re supe boitshoko jwa rona fa re kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng kana ba ba ganetsang. Go supa tumelo ya rona phatlalatsa ka tsela eno go dira gore re nne “segakgamalèlō,” e leng selo se se thusang batho ba dipelo di phepa gore ba lemoge gore re na le thulaganyo e ntle ya go ruta Bibela mme ba ka solegelwa molemo mo go yone. (1 Bakor. 4:9) Sengwe le sengwe se supa sentle gore Jehofa o segofatsa tiro ya ka ntlo le ntlo e bile o e dirisa go phuthela boidiidi jo bogolo mo ‘ntlong’ ya gagwe ya kobamelo e e itshekileng.—Isa. 2:2-4.

6 Nako eno ke yone e batho ba tlhokang go utlwa molaetsa wa Bogosi go feta lefa e le leng mo hisitoring. A re nneng re rere ka ntlo le ntlo re sa kgaotse go fitlha Jehofa a re go lekane. (Isa. 6:11) Fa re dira jalo, re tla duelwa ka go nna le boipelo jo motho a bo bonang ka ntlha ya go nna le seabe mo bodiheding jo bo botlhokwa le jo bo mosola mo nakong eno ya bofelo.—1 Bakor. 15:58.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela