Letlole la Dipotso
◼ Ke dilo dife tse re tshwanetseng go ya ka tsone kwa dipokanong?
Re amogela thuto e e mosola le kgothatso beke nngwe le nngwe kwa dipokanong tsa phuthego. (Isa. 48:17; Baheb. 10:24, 25) Lefa go ntse jalo, gore re solegelwa molemo go le kanakang, go ikaegile thata ka gore a re tla re ipaakantse sentle kana nnyaa.
Go ka nna molemo fa mongwe le mongwe mo lapeng a ka nna le dilo tse di tla ithutiwang le didirisiwa tse dingwe tse di tlhokegang kwa dipokanong. Dilo tseno di tla akaretsa Baebele, buka ya dipina, dikgatiso tse di ithutiwang, bukana ya go kwalela dintlha, pene kana phensele.
Mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go tlhokega Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bolegodimo. Didirisiwa tseno di tla re thusa gore re gakologelwe ditlhogo tsa dipuo tse baithuti ba di neelang le gore re tlhome mogopolo mo kgakololong e molebedi wa sekolo a e neelang. Re ka kgona go dirisa kgakololo eo le dikakantsho tseo gore re tokafatse dipuo tse re tla di neelang le go tokafatsa dipuisano tsa rona mo tirelong ya tshimo. Fa e sa le ka January, bontsi jwa dipuo tsa tao di thailwe mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Go ka tswa go sa kgonege gore mongwe le mongwe mo lapeng a tle ka khopi ya gagwe; gongwe go ka tsewa buka eo e le nngwe gore lelapa le kgone go ka lebelela dintlha dingwe.
Mo Pokanong ya Tirelo, re tshwanetse gore re nne le Tirelo ya Rona ya Bogosi ya bosheng le buka ya Go Fetolana. Tsaya dikgatiso dipe fela tse di tla dirisiwang kwa pokanong, tse di ntseng jaaka dibuka tse di tla dirisiwang go dira dipontsho. Bagolwane ba tshwanetse gore ba nne le khopi ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona.
Batsadi ba tshwanetse go leka go dira gore bana ba bone ba nne ka tshisibalo le gore ba reetse kwa dipokanong tsa phuthego. Fa ba fiwa dikhopi tsa bone ka namana tsa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe, le e leng pele ga ba ka kgona go bala, seo se tla ba tlhotlheletsa gore ba kgatlhegele dipokano. Fa ba babotlana ba rutiwa gore ba tlotle dikgatiso tsa puso ya Modimo le gore ba di dirise, ba tla tlwaela ditsela tsa semoya tse di phepa tse di tla nnelang ruri.
Boitumelo le go kgotsofala go re nnang le gone fa re le kwa dipokanong di a oketsega fa re tla re ipaakantse sentle. (2 Tim. 3:17) Eno ke yone tsela e e molemolemo e re ka tlhomamisang ka yone gore re “tladiwe ka kitso ya mo e leng go rata ga [Modimo], mo botlhaleng jotlhe jwa semowa, le mo tlhaloganyong.”—Bakol. 1:9.