“Lebelelang”
1 Fa Jesu a ne a bua mafoko a a kwadilweng mo go Mathaio 26:38-41, o ne a lebane le nako e e thata ya botshelo jwa gagwe jwa motho. E ne e tla nna nako e e botlhokwa thata mo hisitoring ya batho. Poloko ya batho botlhe e ne e le mo kotsing. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhoka go ‘lebelela.’
2 Gompieno re fela fa molelwaneng wa go tla ga ga Jesu a diragatsa ditiro tse pedi e leng ya go golola batho le go atlhola. E re ka re le Bakeresete ba ba lebeletseng ba ba lemogang gore nako e potlakile, ga re nne fela kwa ga mothakga re letetse gore re gololwe. Re itse gore re tshwanetse gore re nne re ipaakantse ka dinako tsotlhe. Go botlhokwa gore re nne re ‘dire e bile re iteka’ mo tirelong ya rona e re e direlang Jehofa. (1 Tim. 4:10) Go tweng ka mongwe le mongwe wa rona ka namana? A re nna re lebeletse?
3 Go Itlhatlhoba: Jesu o bile gape a tlhagisa jaana: “Lo itlhokomele.” (Luke 21:34, 35) Re tshwanetse gore re ikele tlhoko thata, re tlhomamisa gore re “nne ba ba se nang molato, le ba ba bokgwabo . . . mo gare ga losika lo lo kgopo le logwadi.” (Bafil. 2:15) A re tshela letsatsi lengwe le lengwe jaaka Bakeresete, re etsa Jesu e bile re tsamaya tumalanong le melaometheo e e leng mo Lefokong la Modimo? Re tshwanetse gore re tile boitsholo jo e seng jwa Bokeresete jo e leng mokgwa wa lefatshe le le ‘namaletseng fa tlase ga yo o bosula.’ (1 Joh. 5:19; Bar. 13:11-14) Fa re itlhatlhoba go ya ka Dikwalo, a tota re lebeletse jaaka Jesu a ne a laela?
4 Bagolwane ba tshwanetse gore ba tlhokomele gore ba dira ka natla fa ba dira dikabelo tsa bone tsa phuthego, ba lemoga gore ba tla ikarabelela tsela e ba tlhokomelang letsomane ka yone. (Baheb. 13:17) Ditlhogo tsa malapa di na le boikarabelo jo bo kgethegileng jwa gore ba kaele malapa a bone mo ditseleng tsa ga Jehofa. (Gen. 18:19; Još. 24:15; bapisa 1 Timotheo 3:4, 5.) Mo godimo ga moo, a bo go le botlhokwa jang ne gore rotlhe re diragatse taolo ya Dikwalo ya gore re ratane! Ke letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri.—Joh. 13:35.
5 Nnang Podimatseba go Tlhagisa ba Bangwe: Go nna re lebeletse go akaretsa se se fetang fela go itlhokomela. Re romilwe gore re dire batho ba bangwe barutwa. (Math. 28:19, 20) Go rata baagisani go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re tlhagise batho ba bangwe gore ba ke ba falole tshenyego e e lebaneng lefatshe leno. Seno ke boikarabelo jwa Bakeresete botlhe. Ke karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya rona. (Bar. 10:9, 10; 1 Bakor. 9:16) Gantsi batho ga ba kgatlhege kana re bogisiwa fela ka tlhamalalo ka ntlha ya tiro eno e e bolokang botshelo. Re tshwanetse gore re nne re ba bolelele fela, le e leng fa bontsi jwa bone ba itlhokomolosa tlhagiso ya rona. (Esek. 33:8, 9) Go rata Modimo le baagisani ba rona tota go tla re tlhotlheletsa gore re itshoke.
6 Eno ga se nako ya go tlhaba kgobe ka mmutlwa. Mme e bile ga re a tshwanela go letlelela ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi gore di re kgoreletse e bile ga re a tshwanela go tshwarega thata ka menate ya tsamaiso eno mo e bileng e nna seru mo go rona. (Luke 21:34, 35) Fa nako e kile ya bo e potlakile, ga e ise e ko e potlake jaaka gone jaanong. Nako ya gore Jesu Keresete a tle go atlhola tsamaiso e e boikepo eno e ntse e atamela ka bonako. Ke fela ba ba ntshitseng matlho dinameng le ba ba lebeletseng ba ba tla falolang. Fa re utlwa ditaelo tsa ga Jesu mme re “falola mo dilong tse tsotlhe,” a bo re tshwanetse go leboga jang ruri!—Luke 21:36.