A Dikgopodiso Tsa ga Jehofa di re Tlhotlheletsa Semoyeng?
1 Mopesalema o ne a baka Jehofa a re: “[Dikgopodiso, NW] tsa gago ke tsone tlhatlhanyo ya me.” (Pes. 119:99) Lefoko la Sehebera la “dikgopodiso” le akantsha gore Jehofa o re gopotsa dilo tse di leng mo melaong ya gagwe, dikaelong tsa gagwe, ditaong tsa gagwe, ditaolong tsa gagwe le melaometheo ya gagwe. Fa re mo utlwa, di tla re tlhotlheletsa semoyeng e bile di tla re itumedisa.—Pes. 119:2.
2 E re ka re le batho ba ga Jehofa, re gakololwa ka metlha yotlhe. Bontsi jwa yone re kile ra e fiwa le mo nakong e e fetileng. Le mororo re ka tswa re anaanela kgothatso eno, re rata go lebala. (Jak. 1:25) Ka bopelotelele, Jehofa o re naya dikgopodiso ka tsela e e lerato. Moaposetoloi Petere o ne a kwala dingwe tsa dikgopodiso tseno go ‘tlhagafatsa [megopolo, NW] e e phepa ya rona gore re gakologelwe ditaolo tsa Morena.’—2 Pet. 3:1, 2.
3 Re gopodiwa gangwe le gape ka botlhokwa jwa go nna le thuto ya motho ka namana le go nna teng kwa dipokanong. Dilo tseno di dirwa ka go bo di le botlhokwa thata mo boitekanelong jwa rona jwa semoya.—1 Tim. 4:15; Baheb. 10:24, 25.
4 Selo se se leng boima thata mo bathong ba bangwe ke go diragatsa thomo ya Bokeresete ya go rera. Go tlhokega gore motho a dire boiteko, a ititeye sehuba, le go itshoka. Le mororo go tlhokega gore re dire mo gontsi, re thusiwa gore re ‘eme re itlamile’ ka gore ‘mo dinaong re be re rwele iketleetso ya mafoko a a molemo.’—Baef. 6:14, 15.
5 Tirelo ya rona ga e a tshwanela go tlhotlhelediwa fela ke go bo re itse gore Jehofa o batla eng. Moaposetoloi Paulo o re gopodisa gore pelo ke yone e re tlhotlheletsang gore re dire ‘boipolelo jwa molomo go isa polokong.’ (Bar. 10:10) Fa tumelo ya rona e nonofile mme dipelo tsa rona di rata dikgopodiso tsa ga Jehofa, re tla patelesega go baka leina la gagwe.—Pes. 119:36; Math. 12:34.
6 Fa re dira ka natla go dira ditiro tse di molemo, re tshwanetse gore re lebelele gore re tla itumela. (Mor. 2:10) Paulo o tlhalosa gore boitumelo ke loungo lwa moya wa ga Jehofa mme re tshwanetse go leka go le bontsha ka metlha. (Bagal. 5:22) Petere o ne a oketsa ka go bontsha gore fa re ‘oketsa ka tlhagafalo’ re tla duelwa ka go nna le bodiredi jo bo nang le matswela, e leng selo se se dirang gore re itumele.—2 Pet. 1:5-8.
7 Fa re lebane le kgwetlho, re tshwanetse gore re gakologelwe tsela e baaposetoloi ba neng ba ema ba tiile ka yone fa ba ne ba bolela jaana: “Ga re na sepe fa e se go bua fela dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.” (Dit. 4:20) Re ikutlwa re nonofile go tswelela pele fa re gakologelwa gore ‘fa re dira dilo tseno re tla bo re ipoloka re bo re boloka ba ba re utlwang.’—1 Tim. 4:16.
8 Ga re tenege kana go ikutlwa re kgopisega fa re fiwa dikgopodiso ka metlha. Go na le moo, re anaanela thata melemo ya tsone e e seng kana ka sepe. (Pes. 119:129) Mo metlheng eno e e thata, re leboga Jehofa go bo a nna a re romelela dikgopodiso gore di tle di re tlhotlheletse semoyeng le go re tlhotlheletsa gore re tlhoafale mo ditirong tse di molemo!—2 Pet. 1:12, 13.