Go Ithaopa ka go Rata go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo
1 Kgatiso nngwe ya lefatshe e ne ya bua ka Basupi ba ga Jehofa e bolela jaana: “Go thata go bona batho ba setlhopha se sengwe se dira ka natla mo bodumeding jwa bone jaaka Basupi.” Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba dira ka natla jaana e bile ba dira jalo ka moya wa go rata?
2 Lebaka le lengwe ke ka go bo ba itse gore nako e potlakile. Jesu o ne a lemoga gore o ne a na le nako e nnye ya go fetsa tiro ya gagwe mo lefatsheng. (Joh. 9:4) E re ka gone jaanong Morwa Modimo yo o galaleditsweng a ntse a busa mo gare ga baba ba gagwe, batho ba ga Jehofa ba lemoga gore ba na le nako e khutshwane ya go dira tiro ya bone. Ka jalo, ba nna ba ithaopa ka go rata go dira tiro e e boitshepo. (Pes. 110:1-3) E re ka go tlhokega badiri ba ba oketsegileng, ga ba tshwanela go ngodiega mo maitekong a bone. (Math. 9:37, 38) Ka jalo, ba leka go etsa Jesu yo o neng a tlhoma sekao se se molemolemo sa go dira tiro ya gagwe ka go rata le ka natla.—Joh. 5:17.
3 Lebaka le lengwe la go bo Basupi ba ga Jehofa ba direla Jehofa ka peloyotlhe ke ka go bo mokgatlho wa bone wa lefatshe lotlhe o farologane le ditlhopha tse dingwe tsotlhe. Mekgatlho ya bodumedi ya lefatshe e batla fela gore batho ba tsone ba dirise nakonyana e nnye le gore ba dire maitekonyana a a sa reng sepe. Se ba se dumelang ga se amane ka gope le tsela e ba tshelang ka yone letsatsi le letsatsi, tsela e ba dirisanang le ba bangwe ka yone, kana dilo tse ba di batlang mo botshelong. E re ka ba sena tumelo e e nonofileng ya boammaaruri e e ba tlhotlheletsang, ba gatelela gore badisa ba bone ba ‘bue dilo tse di borethe le bone,’ ba ba tlhomamisetse gore maitekonyana a bone a a sa reng sepe a lekane. (Isa. 30:10) Baruti ba bone ba ile ba dira se ba se batlang ka go ‘babanya ditsebe tsa bone,’ ka go tlhotlheletsa moya wa go tlhoka kutlwelobotlhoko le botshwakga jwa semoya.—2 Tim. 4:3.
4 A bo batho ba ga Jehofa ba farologane jang ne! Sengwe le sengwe se se amanang le kobamelo ya rona se akaretsa go dira maiteko, tlhoafalo, le tiro. Re dira se re se dumelang letsatsi le letsatsi le mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Le mororo boammaaruri bo dira gore re itumele, go dira se se tlhokegang mo go jone go akaretsa gore re nne “mo ntweng e kgolo.” (Bapisa 1 Bathesalonika 2:2.) Go tlhokomela fela maikarabelo a bone a letsatsi le letsatsi go dira gore batho ba le bantsi ba tshwarege thata. Lefa go ntse jalo, rona ga re letle dilo tseno gore di re kgoreletse go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele.—Math. 6:33.
5 Dilo tse re kopiwang gore re di dire mo tirelong ya ga Jehofa di mosola e bile go potlakile thata gore re di dire mo e leng gore re tlhotlheletsega gore re ‘reke nako’ mo dilong tse dingwe mme re e dirise ka tsela e e botoka mo dilong tsa semoya. (Baef. 5:16, NW) E re ka re itse gore poifomodimo ya rona le moya wa rona wa go rata o itumedisa Jehofa, re tlhotlheletsega thata gore re tswelele pele re dira ka natla. Ka ntlha ya masego a mantsi a re a amogelang gone jaanong le tebelelo ya botshelo jwa isagwe, re iketleeditse go tswelela pele re ‘dira le go lekela’ dilo tse di direlwang Bogosi.—1 Tim. 4:10.
6 Boineelo le Moya wa go Intsha Setlhabelo: Mo bathong ba le bantsi gompieno dikhumo le dilo tse di ba kgatlhang ke tsone tse di tlang pele ga sengwe le sengwe. Ba bona go tshwanela gore ba tlhome megopolo ya bone mo go se ba tla se jang, ba tla se nwang kana se ba tla se aparang. (Math. 6:31) E re ka ba sa kgotsofalele dilo tse di botlhokwa, ba tlhotlheletsega gore ba ijese monate ka botlalo gone jaanong le gore ‘ba nne le dithoto tse di tona, di boloketswe dinyaga di le dintsi, gore ba tle ba je, ba nwe le go dira mokete.’ (Luke 12:19) Fa go tlhokega gore motsenakereke yo o tlwaelegileng a dire maiteko ape mo bodumeding jwa gagwe o ikutlwa gore bo itshunya nko mo dikgannyeng tsa gagwe. Ke selo se se sa itumediseng mo go ene go akanya fela ka go tlogela kana le e leng go fokotsa dithoto dingwe tsa gagwe kana go tlogela menate. Go ya ka tsela e ene a lebang dilo ka teng, go leka go nna le moya wa go intsha setlhabelo ke selo se se sa kgonegeng, se se sa utlwaleng.
7 Rona re leba kgang eno ka tsela e e farologaneng. Lefoko la Modimo le tokafaditse tsela e re akanyang ka yone gore re akanye ka tsela e Modimo o akanyang ka yone go na le gore re akanye ka tsela e batho ba akanyang ka yone. (Isa. 55:8, 9) Re itlhometse mekgele e e fetang ya senama mo botshelong. Go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go itshekisa leina la gagwe ke dilo tse di botlhokwatlhokwa mo lobopong lotlhe. Dikgang tseno di dikgolo thata jaana mo e leng gore fa di bapisiwa, go fitlhelwa gore merafe yotlhe “e ntse jaaka e seng sepe fa pele ga gagwe.” (Isa. 40:17) Tsela le fa e le efe ya go tshela botshelo jwa rona ka tsela e e supang gore re itlhokomolosa go dira go rata ga Modimo e tshwanetse ya lebiwa jaaka boeleele.—1 Bakor. 3:19.
8 Ka jalo, lefa gone dikhumo di tlhokega mme dilo tse dingwe di ka nna mosola go tsweletsa ditiro tsa rona tsa Bogosi, re tlhaloganya sentle gore dilo tseno ga se “dilo tse di [botlhokwa thata, NW].” (Bafil. 1:10) Re latela se se kwadilweng mo go 1 Timotheo 6:8 ka go lekanyetsa tsela e re ratang dikhumo ka yone e bile re leka ka gotlhe mo re ka go kgonang go tlhoma dipelo tsa rona mo ‘dilong tse di sa bonaleng tse e leng tsa bosaengkae.’—2 Bakor. 4:18.
9 Fa re akanya thata ka tsela e Modimo o akanyang ka yone, re ka se tlhobaele thata ka dikhumo. Fa re akanya ka dilo tse Jehofa a setseng a re di diretse le ka masego a a itumedisang a a a re solofeditseng mo isagweng, re iketleeditse go dira sengwe le sengwe se a se re kopang. (Mar. 10:29, 30) Re tshwanetse go mo leboga ka go bo re tshela. Fa e ka bo e se ka boutlwelobotlhoko jwa gagwe le lerato la gagwe, re ka bo re sa itumelele botshelo gotlhelele gone jaanong le mo isagweng. Re ikutlwa re tshwanela go intsha setlhabelo ka gonne, sengwe le sengwe se re se dirang mo tirelong ya gagwe ‘ke se re neng re tshwanetse go se dira.’ (Luke 17:10, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Sengwe le sengwe se re kopiwang gore re se busetse mo go Jehofa, re se ntsha ka boitumelo ka go bo re itse gore re tla “roba ga bogolo.”—2 Bakor. 9:6, 7.
10 Go Tlhokega Badiri ba ba Iketleeditseng Gone Jaanong: Go tloga fela kwa tshimologong, phuthego ya Bokeresete e ne ya simolola tiro e kgolo. Go ne go tshwanetse gore go neelwe bosupi ka botlalo pele ga fa Jerusalema e senngwa ka 70 C.E. Ka nako eo barutwa ba ga Jesu ba ne ba “patelelwa ke lefoko.” (Dit. 18:5) Koketsego e e neng ya nna teng ka bonako e ne ya dira gore go tlhokege gore go thapisiwe bareri ba ba oketsegileng le badisa ba ba nang le bokgoni le go dirisa thuso ya bone. Go ne go tlhokega banna ba ba nang le maitemogelo a go dirisana le babusi mmogo le banna ba ba nang le bokgoni jwa go tlhokomela go phuthiwa le go anamisiwa ga dithoto tse di neng di tlhokega. (Dit. 6:1-6; Baef. 4:11) Le mororo ba le mmalwa ba ne ba itsege ka tiro e ba neng ba e dira, bontsi bo ne bo sa itsege. Mme lefa go ntse jalo, botlhe ba ne ba ‘iteka thata,’ ba dira mmogo ka peloyotlhe gore tiro e wediwe.—Luke 13:24, NW.
11 Le mororo go ne go sa tlhokege gore go dirwe tiro e ntsi mo go kalo mo lefatsheng lotlhe mo makgolong a dingwaga a a neng a latela morago ga foo, go ne ga nna le tsosoloso e kgolo ya tiro ya Bogosi fa Jesu a ne a simolola go busa ka 1914. La ntlha, e ne e le batho ba sekae fela ba ba neng ba lemoga gore go ne go tla tlhokega badiri ba le bantsi thata go tsweletsa dilo tse di neng di direlwa Bogosi pele, se se neng se tla dira gore go tlhokege thuso ya dimilione tsa batho ba ba iketleeditseng mo lefatsheng lotlhe.
12 Gompieno mokgatlho o dira ditiro tse dintsi tse di tlhokang gore re dirise dilo tsa rona thata. Tiro ya Bogosi e ntse e tswelela pele ka bonako thata. E re ka metlha ya rona e potlakile thata jaana re tlhotlheletsega gore re iteke ka natla le go dirisa sengwe le sengwe se re nang le sone go thusa go dira tiro e e tshwanetseng go dirwa. E re ka bofelo jwa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo bo ntse bo atamela, re lebeletse go dira tiro e e oketsegileng mo nakong e e tlang. Motlhanka mongwe le mongwe yo o ineetseng wa ga Jehofa o kopiwa gore a intshe setlhabelo mo tirong e e potlakileng eno ya go phutha.
13 Ke Eng se se Tlhokang go Dirwa? Eleruri re ka re “go na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58, NW) Mo mafelong a mantsi nako ya go roba e setse e gorogile, mme badiri ba bannye. Ga re kopiwe fela gore re dire karolo ya rona ka go neela bosupi ka botlalo mo tshimong ya rona mme gape gore re lebane le kgang ya go dira kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone.
14 Go itumedisa tota go bona kafa Basupi mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba intshang setlhabelo ka gone go dira ditiro tse dingwe. Ditiro tseno di ka akaretsa go ithaopela go aga mafelo a kobamelo, go dira kwa dikopanong tse dikgolo, le go thusa ka nako ya namolo fa go na le kotsi ya masetlapelo mo go phepafatseng Holo ya Bogosi ka metlha. Malebana le kgang ya go phepafatsa, go tshwanetse ga tlhomamisiwa gore Holo ya Bogosi e tlogelwa e le phepa morago ga pokano nngwe le nngwe. Fa re dira ditiro tse go ka tweng ke tsa maemo a a kwa tlase seo se supa gore re tlhaloganya mafoko a ga Jesu sentle a a mo go Luke 16:10 a a reng: “Yo o ikanyegang mo go se sennye, o [i]kanyega le mo go se segolo; yo o sa siamang mo go se sennye, ga a a siama le mo go se segolo.”
◼ Go Thusa mo Ditirong Tsa Phuthego: Lefa gone phuthego nngwe le nngwe e dira jaaka karolo ya mokgatlho wa lefatshe lotlhe e bile e amogela dikaelo go tswa go “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” e bopilwe ke baboledi ba Bogosi ka bongwe ka bongwe. (Math. 24:45) Gore e kgona go dira go le kana kang go ikaegile thata ka gore Mosupi mongwe le mongwe o iketleeditse go dira go le kana kang le gore o kgona go dira go le kana kang. Phuthego e tlhoma mogopolo mo go rereng mafoko a a molemo mo tshimong ya yone, go dira barutwa ba basha, mme morago ga foo e bo e ba thusa gore ba nonofe semoyeng. Mongwe le mongwe wa rona a ka nna le seabe mo tirong eno. Mme gape re ka nna ra itlhomela mekgele ya go ithuta ka namana, go nna le seabe ka tsela e e molemo kwa dipokanong, le go thusa batho ba ba tlhokang thuso mo phuthegong. Ditiro tseno tsotlhe di re fa sebaka se se molemo sa gore re itshupe gore re batho ba ba iketleeditseng.
◼ Go Etelela Pele Jaaka Balebedi: Jehofa o file bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong tiro ya gore ba e okamele. (Dit. 20:28) Banna bano ke batho ba ba ileng ba dira ka natla gore ba tshwanelegele tshiamelo eno. (1 Tim. 3:1) Mo e ka nnang mokaulengwe mongwe le mongwe mo phuthegong a ka kgona go tshwanelega go rwala maikarabelo a a oketsegileng. Bakaulengwe ba le bantsi ba gatela pele semoyeng mme ba tshwanetse gore ba tswelele pele ba gola ba ntse ba kaelwa le go thusiwa ka lerato ke bagolwane ba phuthego. Banna bano e tshwanetse ya bo e le baithuti ba ba tlhagafetseng ba Baebele le dikgatiso tsa rona. Ba ka itshupa ba le batho ba ba iketleeditseng ka go nna boikokobetso mo bagolwaneng ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo, ka go etsa tumelo ya bone le ka go leka go nna le dinonofo tse di batlegang mo balebeding.—Baheb. 13:7, 17.
◼ Go Tsena mo Tirelong ya Nako e e Tletseng: Tiro e kgolo ya phuthego ke go rerwa ga mafoko a a molemo. (Math. 24:14) A bo go itumedisa jang ne fa batho ba ba tlhoafetseng ba oketsa maiteko a bone ka go ikwadisa jaaka babulatsela! Seno gantsi se tlhoka gore ba dire diphetogo mo matshelong a bone. Ba ka nna ba tlhoka go dira diphetogo tse di oketsegileng gore ba tswelele pele mo tirelong e e kgethegileng eno. Mme batho ba ba ngaparelang tshiamelo eno go na le gore ba e tlogele morago ga ngwaga kana dingwaga tse di rileng ka ntlha ya go kgobega marapo ka nakwana ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba segofatsa thata. Bagolwane ba ba lerato le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng ba ka thusa babulatsela go atlega ka go ba kgothatsa ka mafoko le ka ditiro. A bo basha ba ba tsenang mo tirong ya bobulatsela fa ba fetsa fela kwa sekolong ba bontsha moya o montle jang ne! Go ntse jalo le ka batho ba ba godileng ba ba ikwadisetsang bobulatsela jwa ka metlha fa ba sa tlhole ba na le maikarabelo a ba tshwanetseng go a tlhokomela. A bo Mokeresete yo o ineetseng a kgotsofala jang ne go bo a dira mmogo le Jehofa ka tsela e e ntseng jalo go thusa go akofisa tiro ya go phutha!—Isa. 60:22.
◼ Go Nna le Seabe mo go Ageng le go Tlhokomela Mafelo a go Kopanelwang mo go One: Go agilwe makgolokgolo a mofuta o mosha wa Diholo tsa Bogosi mmogo le Diholo tsa Kopano. Se se kgatlhisang ke gore, mo e ka nnang tiro yotlhe e dirilwe ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ileng ba dirisa nako ya bone le bokgoni jwa bone ka go rata. (1 Ditir. 28:21) Diketekete tsa badiri ba ba iketleeditseng di boloka mafelo ano a le mo maemong a a siameng ka go dira ditiro lefa e le dife tse ba kopiwang gore ba di dire. (2 Ditir. 34:8) E re ka tiro eno e le bontlhanngwe jwa tirelo e e boitshepo, batho ba ba thusang mo go yone ba ithaopa ka go rata, ba sa kope gore ba duelelwe tiro ya bone fela jaaka ba se kitla ba kopa go duelelwa go rera ka ntlo le ntlo, go neela dipuo tsa phatlalatsa kwa phuthegong, kana go thusa ka tiro ya dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Baithaopi bano ba intsha setlhabelo go thusa go rulaganya le go aga mafelo a kobamelo a a tla bakang Jehofa. Ba thusa ka tlhoafalo mo dilong tse di ntseng jaaka go tlatsa diforomo tsa semolao, go boloka direkoto tsa diakhaonto, go ikgolaganya le barekisi le go bala ditshenyegelo tsa dilo tse di tla tlhokegang. Batlhanka bano ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ga ba kope madi ape a a oketsegileng kana ba batla go duelwa ka dilo dingwe e ka tswa e le ka tlhamalalo kana ka tsela e e sa tlhamalalang ka ntlha ya ditiro tse ba di dirang, ka gonne ba neela Jehofa ditalenta tsa bone tsotlhe le dithoto tsa bone tsotlhe. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1992, tsebe 3, serapa 10.) Tiro eno e tlhoka badiri ba ba dirang ka natla ba ba dirang tiro ya bone ka “pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena.”—Bakol. 3:23.
15 Ke eng he, se se dirang gore go intsha setlhabelo ga batho ba ga Jehofa go tlhomologe jaana? Ke moya wa go aba. Go aba ga bone ka bopelotshweu go feta madi le dithoto—ba “italetsa ka pelo e e thamileng.” (Pes. 110:3, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jono ke jone boineelo jwa rona mo go Jehofa. Re duelwa ka tsela e e kgethegileng. Re nna “lesego bogolo” e bile re “roba ga bogolo” ka gonne batho ba bangwe ba anaanela se re se dirang mme le bone ba re fa. (Dit. 20:35; 2 Bakor. 9:6; Luke 6:38) Mothusi wa rona yo mogolo ke Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa yo o ‘ratang yo o abang ka pelotshweu fela.’ (2 Bakor. 9:7) O tla re duela go menagane makgetlho a le makgolokgolo ka masego a a tla nnelang ruri. (Mal. 3:10; Bar. 6:23) Ka jalo, fa o fiwa ditshiamelo dingwe mo tirelong ya ga Jehofa, a o tla ithaopa ka go rata mme o arabe fela jaaka Isaia fa a ne a re: “Ke fano, roma nna”?—Isa. 6:8.