Dirang Tiro e e Boitshepo Motshegare le Bosigo
1 Re filwe tshiamelo e e tlhomologileng. Ke ya go nna basupi ba ga Jehofa. Re karolo ya mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o dirisiwang ke Jehofa go dira tiro e kgolo e e iseng e ko e dirwe ya go bolela ka Bogosi! (Mar. 13:10) Ka ntlha ya go potlaka ga metlha eno ya rona, a re dira tiro eno ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng?
2 Ga re itse gore ke batho ba ba kana kang ba kgabagare ba tla arabelang mo tirong ya rona ya go rera. Jehofa o re solofetsa gore e tla nna “boidiidi jo bogolo” jo botlhe ba bone ba itsegeng ka go mo “direla motshegare le bosigo.” (Tshen. 7:9, 15) Basupi ba ba fetang dimilione di le tlhano ba ba setseng ba dira tirelo ya Modimo ga se bautlwi fela ba ba kgatlhegang e bile ga se batho ba ba tlang dipokanong fela. Ke badiri ba ba bolelang mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe!
3 Go na le ditshono tsa go baka Jehofa letsatsi le letsatsi, e ka tswa e le mo tirelong ya tshimo kana ka tsela e e seng ya ka tlwaelo. A o ke o akanye ka tsela e go tla neelwang bosupi jo bogolo ka gone fa mongwe le mongwe wa rona a ka tsaya matsapa a go bolelela motho a le mongwe fela boammaaruri letsatsi le lengwe le lengwe. Go anaanela ga rona Jehofa go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re bue ka ene ka tlhagafalo.—Pes. 92:1, 2.
4 Thusang Batho ba Bangwe go Dira Tiro e e Boitshepo: Jehofa o ntse a tswelela pele a re segofatsa ka go dira gore re oketsege. (Hag. 2:7) Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo go ne ga tshwarwa palogare ya dithuto tsa magae tsa Baebele di le 65 170 kgwedi nngwe le nngwe mo dinageng tse di direlang kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa. Mokgele wa rona wa go ithuta le batho bano ke go ba thusa gore ba nne barutwa ba ga Jesu. (Math. 28:19, 20) Ba le bantsi ba bone ba setse ba gatetse pele thata ka go nna teng ka metlha mo dipokanong. Ba setse ba simolotse go bua le batho ba ba ba tlwaetseng ka “ditiro tse dikgolo tsa Modimo” tse ba ithutileng ka tsone. (Dit. 2:11) A ba ka lalediwa jaanong go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa?
5 Ka April re tshwanetse go dira maiteko a a kgethegileng a go laletsa batho ba ba sa tswang go kopanela ba ba tshwanelegang gore ba kopanele le rona mo tirelong ya tshimo. A moithuti wa gago o go boleletse gore o ka rata go dira seno? Fa e le gore go ntse jalo, a o a tshwanelega go ya ka Dikwalo? (Bona buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 97-9.) Fa e le gore moithuti o batla go nna le seabe mo tirelong ya tshimo, buisana le molebedi yo o okamelang ka gone, ene o tla rulaganya gore bagolwane ba babedi ba tlhatlhobe kgang eo. Fa moithuti a tshwanelega go ka nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mo laletse gore a tsamaye le wena mo tshimong. Balebedi ba tirelo le batshwari ba thuto ya buka e tshwanetse e nne bone segolobogolo ba ba tlhokomelang gore batho ba ba ka nnang ba tshwanelega go simolola go nna baboledi ka April ba thusiwe.
6 Batsadi ba ka nna ba sekaseka gore a bana ba bone ba tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. (Pes. 148:12, 13) Fa ngwana wa gago a batla go nna le seabe mo tirelong ya Bogosi mme a itshwara sentle, o ka nna wa ikopanya le mongwe wa bagolwane ba ba leng mo komiting ya tirelo go tlotla ka kgang eno. Fa ba sena go kopana le wena le ngwana, bagolwane ba babedi ba tla tlhomamisa gore a o tshwanelega go nna mmoledi. Go na le lebaka le le kgethegileng la gore re itumele fa bana ba kopanela le rona go baka Modimo!
7 Ke Jehofa fela yo re tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo. (Luke 4:8) E kete mongwe le mongwe wa rona a ka dirisa tshiamelo e e itumedisang e re nang le yone ya go mmaka “thatathata.” (NW)—Pes. 109:30; 113:3.