LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/96 ts. 1
  • A o Tshwara Lefoko la Modimo Sentle?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tshwara Lefoko la Modimo Sentle?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Tshwara Lefoko la Modimo Sentle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tshwara Lefoko la Modimo Sentle
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Nna Matsetseleko mo Bodiheding jwa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Dirisa “Tšhaka ya Moya” ka Botswerere
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 11/96 ts. 1

A o Tshwara Lefoko la Modimo Sentle?

1 Jesu Keresete e ne e le morutisi yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a tshela mo lefatsheng. O ne a bua ka tsela e e neng e ama dipelo tsa batho, e tsosa maikutlo a bone, e bile e ba tlhotlheletsa go dira ditiro tse di molemo. (Math. 7:28, 29) Ka metlha o ne a dirisa Lefoko la Modimo e le motheo wa se a se rutang. (Luke 24:44, 45) O ne a bolela gore sotlhe se a neng a se itse e bile a kgona go se ruta se ne se tswa kwa go Jehofa Modimo. (Joh. 7:16) Jesu o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao se se molemolemo ka go tshwara Lefoko la Modimo sentle.—2 Tim. 2:15, NW.

2 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a nna sekao se se tlhomologileng ka go tshwara Lefoko la Modimo ka tsela e e manontlhotlho. O dirile mo go fetang go balela ba bangwe Dikwalo fela; o ne a tlhalosa e bile a ba fetola ka seo a neng a se bala, a neela bosupi go tswa mo Lefokong la Modimo jwa gore Jesu e ne e le ene Keresete. (Dit. 17:2-4) Ka tsela e e tshwanang, morutwa yo o seleta mo puong Apolose o ne a “nonofile mo dikwalong,” mme o ne a di tshwara sentle ka go nna le dipuisano tse di nonofileng ka ga boammaaruri.—Dit. 18:24, 28.

3 Nna Morutisi wa Lefoko la Modimo: Baboledi ba Bogosi ba metlha ya segompieno ba atlegile fela thata mo go ruteng batho ba ba dipelo di ikanyegang ka go ba bontsha le go fetolana le bone ka Baebele. Ka nako nngwe mokaulengwe mongwe o ne a kgona go dirisa Esekiele 18:4 mmogo le ditemana tse dingwe tse di tshwanang gore a tlhalosetse moruti le maloko a mararo a kereke ya gagwe gore go tla felela jang ka basiami le basiamolodi. Go ne ga felela ka gore maloko mangwe a phuthego a simolole go ithuta, mme mongwe wa bone kwa bokhutlong o ne a amogela boammaaruri. Mo lekgetlhong le lengwe, kgaitsadi mongwe o ne a kopiwa gore a tlhalosetse monna yo o neng a ganetsa, yo mosadi wa gagwe a neng a kgatlhega, gore ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa keteke Keresemose le malatsi a botsalo. Fa a ntse a bala dikarabo tsa Dikwalo ka tlhamalalo go tswa mo bukeng ya Go Fetolana, monna o ne a bontsha gore o a dumela. Mosadi wa gagwe o ne a itumelela gore o a amogela mo e leng gore o ne a re: “Re tla tla kwa dipokanong tsa lona.” Mme monna o ne a dumela!

4 Dirisa Thuso e e Leng Gone: Tirelo ya Rona ya Bogosi le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo e re naya kaelo e e molemo ya go re thusa go tshwara Lefoko la Modimo. Baboledi ba bantsi ba bontshitse gore ba anaanela dipuisano tse di farologaneng tse di akantshitsweng tse di gatisitsweng mme di bontshitswe e le gore re solegelwe molemo, e bile di itshupile di le mo nakong gape di na le matswela. Buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e na le letlotlo la dikakantsho tsa kafa re ka tlhalosang sentle ditlhogo tsa motheo tse di fetang 70 tse go buiwang ka tsone mo Lefokong la Modimo. Buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng e naya tlhaloso e khutshwane ya dithuto tsotlhe tsa motheo tsa Baebele tse batho ba basha ba tlhokang go di tlhaloganya. Dithuto 24 le 25 tsa Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo di re bontsha kafa barutisi ba ba nang le bokgoni ba tsenyeletsang dikwalo, ba di balang le go di dirisa sentle ka gone. Re tshwanetse go dirisa dithuso tseno tse di leng gone ka tsela e e molemo.

5 Fa re tshwara Lefoko la Modimo sentle, re tla fitlhela gore “le tshedile, le tlhaga, . . . le bofefo go lemoga megopolo le maikaelelo a pelo” ya ba re ba rerelang. (Baheb. 4:12) Katlego e re nnang le yone ka lone e tla re tlhotlheletsa gore re bue boammaaruri ka bopelokgale jo bogolo!—Dit. 4:31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela