Go Tshwara Dithuto Tsa Magae Tsa Baebele Tse di Gatetseng Pele
1 Ke eng se mooki wa kwa Tanzania, mosha wa kwa Argentina, le mmè wa kwa Latvia ba tshwanang ka sone? Kgatiso ya 1997 Yearbook (dits. 8, 46, le 56) e bega gore ka boraro jwa bone ba ne ba dira kgatelopele e e bofefo mo dithutong tsa bone tsa magae tsa Baebele, ka ntlha ya go bo ba ne ba rata go nna le dithuto tse di fetang e le nngwe mo bekeng ka buka ya Kitso. Go ile ga akantshiwa gore gongwe le gongwe fa go kgonegang gone, baboledi ba tshwanetse ba leka go tlotla ka kgaolo e le nngwe ya buka eno nako le nako fa ba ithuta. Le fa go ntse jalo, bangwe ba go fitlhela go le thata go dira jalo. Le mororo go tlile go ikaega ka maemo a moithuti mongwe le mongwe le gore o na le bokgoni jo bo kana kang jwa go ithuta, barutisi ba ba nang le maitemogelo ba fitlhetse gore ba atlega fa ba dirisa dikakantsho tse di latelang.
2 Jaaka fa go ne ga tlotlwa mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, go botlhokwa gore o thapise moithuti wa gago gore a baakanyetse thuto. Di sa ntse di tloga fela, go ka nna molemo gore o mo tlhalosetse o bo o mmontshe gore seno se dirwa jang. Ba bontshe buka ya gago ka namana ya Kitso. Baakanyetsang thuto ya ntlha mmogo. Thusa moithuti gore a bone mafoko a konokono kana dipolelwana tse di arabang ka tlhamalalo dipotso tse di kwadilweng mo bukeng mme a bo a di thalela kana a di tshwaya. Baboledi bangwe ba ne ba bo ba naya baithuti ba bone pene e e tshwayang gore ba e dirise. Ba kgothaletse gore ba lebelele dikwalo tsotlhe fa ba ntse ba baakanyetsa thuto. Fa o dira jalo, o tla bo gape o ba thapisetsa gore ba baakanyetse go nna gone kwa Thutong ya Buka ya Phuthego le kwa Thutong ya Tora ya Tebelo.—Luke 6:40.
3 Morutisi yo o molemo o tla dira gore moithuti a bue e seng gore ene morutisi yono a tlhole a buetse ruri. O tla tila go faposiwa ke dintlhanyana tse di sa reng sepe. Gantsi ga a na go tsenya dintlha tse dingwe tse di seyong mo thutong. Go na le moo, o gatelela thata dintlhakgolo tsa thuto. Bangwe ba ile ba naya baithuti ba bone dibuka tse di oketsegileng go ba thusa go bona dikarabo tsa dipotso dingwe. Mo godimo ga moo, batho ba ba kgatlhegang ba tla bona tshedimosetso e nngwe e e feletseng ka go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego.
4 Go ka nna ga se ka ga tlhokega gore fa lo ithuta lo bale ditemana tsotlhe tse di umakilweng fela. Dintlha dingwe tse dikgolo di ka nna tsa tlhalosiwa ke ditemana tse di nopotsweng tse di mo serapeng. Ka nako ya fa lo boeletsa dintlhakgolo, gatelela ditemana tsa konokono tse di neng tsa tlotlwa mme o kgothaletse moithuti gore a di gakologelwe.
5 Thuto Nngwe le Nngwe e Tshwanetse ya Tsaya Lobaka lo lo Kae?: Thuto ga e tlhoke go nna lobaka lwa ura e le nngwe fela. Beng ba matlo ba bangwe ba na le nako e e oketsegileng mme ba ka rata go ithuta lobakanyana. Kana moithuti a ka nna a bo a rata go ithuta makgetlho a a fetang le le lengwe mo bekeng. Seno se ka thusa ba ba ka kgonang go dira jalo.
6 Jaaka fa Isaia 60:8 e bontsha, gompieno babaki ba basha ba ga Jehofa ba le makgolo a a dikete “ba [fofa] jaaka leru, le jaaka maeba a ya marobeng a one” mo phuthegong ya batho ba gagwe. A rotlhe re direng seabe sa rona mo go direng gaufiufi le Jehofa jaaka fa a ntse a akofisa tiro ya go phutha ba sekadinku.—Isa. 60:22.