LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/97 ts. 3
  • Re Tla Ithuta Buka ya Boitumelo mo Lelapeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tla Ithuta Buka ya Boitumelo mo Lelapeng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta Buka ya Boporofeti Jwa ga Daniele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Ipaakanyetse go Ithuta Boporofeti Jwa ga Isaia!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Karolo 4: Go Ruta Baithuti go Baakanyetsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Go Ithuta Buka ya Obamela Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 7/97 ts. 3

Re Tla Ithuta Buka ya Boitumelo mo Lelapeng

Lo tla itumela go itse gore go simologa ka beke ya October 6, 1997, re tla ithuta buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego. Ga go na ope yo a tla batlang go se nne teng kwa thutong ya setlhopha kwa go tla bong go ithutiwa kaelo eno e e mosola ya Dikwalo ka ga botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa. Thulaganyo ya go ithuta e tla re kgontsha go tlhatlhoba serapa sengwe le sengwe ka botlalo le ditemana tsa Baebele tse di mo bukeng eno.

Mo bekeng ya ntlha ya thuto, go tla ithutiwa kgaolo yotlhe ya ntlha, e re ka e na le ditemana di sekae fela tse di sa nopolwang. Ka tsela e e tshwanang, kgaolo 15 le yone e tla ithutiwa mo thutong e le nngwe fela. Le fa go ntse jalo, dikgaolo dingwe tsotlhe tse di tla kgaoganngwa ka dikarolo di le pedi, go ithutiwa mo e ka nnang sephatlo sa kgaolo beke nngwe le nngwe. Ka jalo, go tla nna le nako e e lekaneng go bala le go tlotla ka ditemana tse di umakilweng mmogo le go tlhatlhoba ka kelotlhoko gore ditemana tsotlhe tse di nopotsweng mo serapeng sengwe le sengwe di thusa jang.

Karolo e e botlhokwa ya thuto e tla nna go tlhatlhobiwa ga dintlha tse di mo lebokosong la go ruta kwa bokhutlong jwa kgaolo nngwe le nngwe. Ka jalo, go tshwanetse ga beelwa nako e e lekaneng kwa thoko go tlhatlhoba dipotso le dikwalo tse di umakilweng mo lebokosong leno.

Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba kgothadiwa go ela tlhoko thata gore ba baakanyetsa jang thuto le go kgothatsa botlhe ba ba mo setlhopeng sa bone, go akaretsa le ba basha, go baakanyetsa sentle, ba nne gone ka metlha le go nna le seabe.—om-TN 74-6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela