Dipokano di Tlhotlheletsa Ditirong Tse di Molemo
1 Dikarolo tse pedi tse di botlhokwa tsa kobamelo ya rona ke go ya dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Dikarolo tse pedi tseno di a tsamaisana. E nngwe e tlhotlhelediwa ke nngwe. Dipokano tsa Bokeresete di tlhotlheletsa ditirong tse di molemo, e e molemolemo mo go tsone e le tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Baheb. 10:24) Fa re ne re ka tlogela go ya kwa dipokanong, ka bonako fela re ne re ka tlogela go rera ka gonne re ne re se kitla re tlhotlheletsega go dira jalo.
2 Beke nngwe le nngwe kwa dipokanong re newa kaelo ya semoya e e dirilweng go re tlhotlheletsa go rera. Re gakololwa ka dinako tsotlhe ka ga go potlaka ga dinako, mme seno se re patelela go isa molaetsa o o bolokang matshelo wa Baebele kwa bathong ba bangwe. Re kgothalediwa e bile re nonotshiwa gore re itshoke mo tirong ya go rera. (Math. 24:13, 14) Ka go dirisa ditshono tsa go arabela kwa dipokanong, re tlwaela go bolela tumelo ya rona phatlalatsa mo pele ga ba bangwe. (Baheb. 10:23) Fa re ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, re thapisiwa go nna badiredi ba ba ditswerere le go tokafatsa mo ditseleng tsa rona tsa go ruta.—2 Tim. 4:2.
3 Tsela e Dipokano Tsa Tirelo di re Tlhotlheletsang go Rera ka Yone: Re kgothalediwa rotlhe go bala dintlha tse di go Tirelo ya Rona ya Bogosi go sa le gale. Mme tshedimosetso eno e gatelelwa mo megopolong ya rona fa re nna gone kwa Pokanong ya Tirelo mme re bona dipontsho di dirwa mo seraleng. Fa re le mo tshimong, re ka akanya gape ka Tirelo ya Rona ya Bogosi, re gakologelwa dipuisano tse di ileng tsa bontshiwa, mme ka go dira jalo re neele bosupi ka tsela e e molemo thata. Baboledi ba le bantsi ba ile ba dira seno.
4 E le go latela se se builweng mo Dipokanong tsa Tirelo, ba bangwe ba rulaganya le ba bangwe go dira mmogo le bone mo tshimong. Baboledi ba sa ntse ba gakologelwa dintlha tse ba ka di dirisang mo tshimong mme ba tlhotlheletsega go leka go di dirisa ka gonne dipokano tseno di ile tsa ba kgothaletsa go nna le seabe mo tirong ya go rera beke nngwe le nngwe.
5 Ga go na sepe se se ka tsayang boemo jwa dipokano tsa rona tsa Bokeresete, koo re kopanang le badumedikarona gone mme re tlhotlhelediwa mo ditirong tse di molemo. Gore bodiredi jwa rona bo gatele pele, re tshwanetse go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ka metlha. E kete re ka supa go anaanela dilo tse di molemo tse Jehofa a re neilweng tsone ka go “sa lese go phuthega mmogo ga rona.”—Baheb. 10:25.