“A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba ratana?”
1 Molaetsa o montle, o o gapang maikutlo le o o itumedisang o tla bo o bolelwa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo di le 169. Molaetsa ono ke wa eng? Mme o tla bo o bolelwa jang?
2 Molaetsa ono ke o o buang ka lorato lwa boagelani. O ka bonwa mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35, ka setlhogo se se reng “A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba Ratana?” Pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi e tlotla ka bokhutshwane ka maemo a a leng teng gompieno mo lefatsheng, e supa gore go sa ratane ga batho ke lone lebaka la konokono la go bo go na le mahutsana le botlhoko jo bo kanakana. E tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa, segolobogolo mo motlheng wa rona, lorato lwa boagelani lo tsidifetse le gore seno se bolelang ka isagwe.
3 Mo godimo ga moo, pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 e bontsha gore go na le batho ba le dimilione ba ba tshelang mo lefatsheng gompieno ba ba nang le lorato lono lwa boammaaruri lwa boagelani. E tlhalosa gore ke bomang ba ba nang le seabe mo go tsosoloseng Bokeresete jwa bogologolo—kobamelo ya lekgolo la ntlha la dingwaga, e e neng e bonala ka lorato lwa boagelani lo Jesu Keresete a rutileng ka lone.—Luke 10:25-37.
4 Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 e konela ka go tlhalosa gore go ise go ye kae batho botlhe mo lefatsheng ba tla bontshana lorato lwa boagelani jang tlase ga kaelo ya Bogosi jwa Modimo ka Keresete. Batho ba ba balang molaetsa ono ba kgothalediwa go iponela boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? mme ba ithute gore ba ka nna jang karolo ya thulaganyo eno e e lorato ya lefatshe lotlhe e e tlhalosiwang ka botlalo mo Lefokong la Modimo.
5 Ke Bomang ba ba Tla Bolelang Molaetsa Ono? Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba tla bolela molaetsa ono wa lorato lwa boagelani mo ditsaleng tsa bone, mo baagelaning le mo go ba losika ka dikgwedi tsa October le November. Botlhe ba ba tshwanelegang ba kgothalediwa go nna le seabe mo go anamiseng pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 mo bathong botlhe.
6 Mokgele wa rona tota ka letsholo leno ke go tsosa kgatlhego ya batho gore ba nne le thuto ya Baebele ka boroutšhara jwa Re Direng kana ka buka ya Kitso. Mo godimo ga moo, fa motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa a leka go dira bojotlhe jwa gagwe, seno se tla dira gore go neelwe bosupi jo bogolo ka Modimo o o lorato, Jehofa le ka Morwawe, Jesu Keresete.