LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/99 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Bolokeng Lefelo la Rona la Kobamelo Le le Mo Boemong jo Bontle
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Re ka Thusa Jang go Tlhokomela Holo ya Rona ya Bogosi?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Leno ke Lefelo le re Obamelang Jehofa mo go Lone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dithulaganyo Tsa Mafelo a Kobamelo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 11/99 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke mang yo o tshwanetseng go phepafatsa Holo ya Bogosi?

Holo ya Bogosi e e phepa e bile e le ntle e dira gore molaetsa o re o rerang o amogelesege. (Bapisa 1 Petere 2:12.) Go botlhokwa go boloka holo e haphilwe sentle e bile e le phepa, mme mongwe le mongwe a ka thusa go e tlhokomela. Ga re a tshwanela go letela gore morwalo otlhe o sikarwe ke batho ba sekae fela. Gantsi go phepafatsa go rulaganngwa ka ditlhopha tsa Thuto ya Buka ya Phuthego, motshwari wa thuto kana mothusi wa gagwe e le ene a eteletseng pele. Mo diholong tse di dirisiwang ke diphuthego tse pedi kgotsa go feta, bagolwane ba tla rulaganya dilo gore diphuthego tsotlhe di thuse go e tlhokomela.

Re ka diragatsa boikarabelo jono sentle jang? Holo ya Bogosi e tshwanetse ya phepafadiwa ka metlha go iwa ka thulaganyo e e beilweng. Dilwana tse di dirisiwang go phepafatsa di tshwanetse gore di bo di le teng. Lenaane la dilo tse di tlhokang go dirwa le tshwanetse la manegwa fa babereki ba ka le bonang teng gore le ba kaele. Go ka nna le manaane a mabedi a a farologaneng, le lengwe e le la go phepafatsa go sekae morago ga pokano nngwe le nngwe mme le lengwe e le la go phepafatsa thata beke le beke. Motshwari wa thuto ya buka o tshwanetse a rulaganyetsa go phepafatsa thata ka letsatsi le ka nako e e tshwanelang botlhe ba ba abetsweng tiro. Bojang, dithunya le ditlhatshana le tsone di tlhoka go tlhokomelwa ka metlha. Ditselana tsa maoto le mafelo a go paraka dipalangwa a tshwanetse go nna a se na matlakala. Ngwaga le ngwaga go tshwanetse ga nna le letsatsi la go phepafatsa ka tsela e e tseneletseng, gongwe pele fela ga Segopotso. Seno se ka akaretsa go tlhatswa difensetere le dipota, go tlhatswa khapete le go tlhatswa digaretene.

Gone ke boammaaruri, rotlhe re ka tlhofofatsa tiro ka go se latlhele ditšhunkama kana matlakala mo teng ga holo kana kafa ntle ga yone. Re ka phepafatsa ntlwana nako le nako fa re fetsa go e dirisa, gore motho yo o latelang a fitlhele e le phepa. Nna kelotlhoko gore o se ka wa senya didirisiwa kana wa senya dilwana. Ela tlhoko leswe mo khapeteng, ditulo tse di senyegileng, mathata a tsamaiso ya metsi, dipone tse di sheleng, jalo le jalo, mme ka bofefo o di begele mokaulengwe yo o okametseng go tlhokomelwa ga Holo ya Bogosi.

E kete rotlhe re ka iketleetsa go dira seabe sa rona. Seno se dira gore ntlo ya rona ya kobamelo e nne e e itumedisang e bile se re tlhaola re le batho ba ba phepa ba ba tlotlang Jehofa Modimo.—1 Pet. 1:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela