LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/99 ts. 6
  • O Tla Reng Fa o Bua le Molatolamodimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tla Reng Fa o Bua le Molatolamodimo?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molatolamodimo e Nna Motlhanka wa Modimo
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Balatolamodimo ba mo Letsholong
    Tsogang!—2010
  • A go A Kgonega go Nna le Tumelo mo Mmoping?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Saense e Supile Gore Ga go Na Modimo?
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 12/99 ts. 6

O Tla Reng Fa o Bua le Molatolamodimo?

1 “Nna ke molatolamodimo,” moporofesa mongwe wa Poland o ne a bolelela morongwa mongwe mo Afrika jalo. Le fa go ntse jalo, kgaitsadi yono o ne a kgona go tlotla le mosadi yono mme a mo neela buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Fa morongwa a boela kwa go ene mo bekeng e e latelang, moporofesa yono o ne a mmolelela jaana: “Ga ke sa tlhole ke le molatolamodimo!” O ne a badile buka yotlhe ya Creation mme jaanong o ne a kopa thuto ya Baebele. Ke eng se o ka se dirang gore o atlege go neela batho ba ba reng ga ba dumele mo Modimong bosupi? Sa ntlha, sekaseka mabaka a a farologaneng a go bo batho ba bolela jalo.

2 Mabaka a a Dirang Gore Ba se Ka ba Dumela: Ga se balatolamodimo botlhe ba ba godisitsweng ka tsela eo. Ba le bantsi ba goletse mo mofuteng mongwe wa bodumedi mme ba kile ba dumela mo Modimong. Le fa go ntse jalo, mathata a botsogo a a masisi kana a lelapa kana ditshiamololo dingwe tse ba nnileng le tsone di ile tsa koafatsa tumelo ya bone. Ba bangwe, dikhoso tse di rutiwang kwa dikolong tsa thuto e e kwa godimo di dirile gore ba tlogele go dumela mo Modimong. Ela tlhoko dikao tse di latelang tsa balatolamodimo ba kgabagare ba ileng ba nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa Modimo mme ba nna Basupi ba gagwe.

3 Mosadi mongwe kwa Paris o tshotswe a na le bolwetse jo bo koafatsang jwa marapo. Le mororo a ile a kolobediwa e le Mokatoliki, o ne a bolela fa e le molatolamodimo. Fa a ne a botsa baitlami ba basadi lebaka la go bo Modimo a dumeletse gore a tsholwe a na le bogole jo bo ntseng jalo, ba ne ba araba jaana: “Ka gonne o a go rata.” O ne a gana go dumela kgopolo eo e e sa utlwaleng. Gape akanya ka mosha mongwe kwa Finland yo go neng ga lemogiwa gore o na le bolwetse jo bo sa foleng jwa mesifa mme o ne a tsamaya ka setulo sa maotwana. Mmaagwe o ne a mo isa kwa kerekeng ya Pentecost e e neng e bolela gore e fodisa batho ba ba lwalang. Mme o ne a se ka a fodisiwa ka dikgakgamatso. Ka ntlha ya seo, kgatlhego ya lekawana leno mo Modimong e ne ya nyelela mme la nna molatolamodimo.

4 Monna mongwe wa Honduras o ne a godisiwa e le Mokatoliki mme o ne a ithuta filosofi ya Bososhiale le bolatolamodimo. E re ka thuto ya yunibesithi e ne e mo tlhatswitse pelo gore batho ba itlhagetse fela, o ne a tlogela go dumela mo Modimong. Mosadi mongwe kwa United States le ene o ne a godisitswe e le Mo-Methodist. Fa a le kwa kholetšheng, o ne a ithutela thutotlhaloganyo. Seno se ne sa ama tumelo ya gagwe jang? O ne a re: “Ka selemo sengwe ba ne ba senya tumelo yotlhe e ke neng ke na le yone mo bodumeding.”

5 Go Fitlhelela Dipelo Tsa Batho ba ba Peloephepa: Batho ba le bantsi ba ba bolelang gore ga ba dumele mo Modimong ba tla itumelela go itse gore go na le tharabololo ya mathata a bolwetse, go thubega ga malapa, tshiamololo le tse dingwe. Ba kgatlhegela thata go bona dikarabo tsa dipotso tse di jaaka: ‘Ke ka ntlha yang fa go na le boikepo?’ ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba ba siameng ba diragalelwa ke dilo tse di bosula?’ le ‘Lebaka la go bo re tshela ke lefe?’

6 Monna mongwe le mosadi wa gagwe ba ba nnang kwa Switzerland ba ile ba godisiwa e le balatolamodimo. Fa ba ne ba utlwa boammaaruri mo lekgetlhong la ntlha, ga ba a ka ba bo kgatlhegela. Mme ba ne ba na le mathata a a seng kana ka sepe a lelapa, e bile ba akanyetsa go tlhalana. Fa Mosupi a ba etela gape, o ne a bontsha banyalani bano mo Baebeleng gore ba ka rarabolola mathata a bone jang. Banyalani ba ne ba gakgamadiwa ke go bona kgakololo e e mosola e e tswang mo Dikwalong, mme ba dumela go ithuta Baebele. Lenyalo la bone le ne la nonofa, ba ne ba gatela pele mo semoyeng, mme ba kolobediwa.

7 Se o Ka se Bolelelang Molatolamodimo: Fa mongwe a go bolelela gore ke molatolamodimo, leka go batla lebaka la go bo a bolela jalo. A ke ka gonne a ithutile jalo, a kopane le mathata mangwe, kana ke ka ntlha ya boitimokanyi jwa bodumedi le dithuto tsa maaka tse a di boneng? O ka nna wa mmotsa jaana: “A o ntse o ikutlwa jalo ka metlha?” kana “Go tlile jang go bo o dirile tshwetso eo?” Karabo ya gagwe e tla go thusa go itse gore o reng. Fa go tlhokega mabaka a a nonofileng, buka ya Is There a Creator Who Cares About You? e ka nna yone e e tshwanelang.

8 O ka nna wa tsweledisa motlotlo pele le molatolamodimo ka go botsa jaana:

◼ “A o kile wa ipotsa jaana: ‘Fa e le gore go na le Modimo, ke ka ntlha yang fa go na le pogo le tshiamololo e e kanakana mo lefatsheng?’ [Letla gore a arabe.] A nka go bontsha gore Baebele ya reng mo ntlheng eno?” Bala Jeremia 10:23. Fa o sena go e bala, mmotse gore o utlwisisa jang temana eo. Go tswa foo mmontshe ditsebe 16 le 17 tsa boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War? Kana, go na le moo, o ka nna wa dirisa kgaolo 10 ya buka ya Creator. Mo kope gore a tseye buka eno mme a bale dintlha tseno.—Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 292-3.

9 Gone mme, ga se balatolamodimo botlhe ba ba tla amogelang boammaaruri. Mme go na le ba le bantsi ba ba ratang go sekaseka kgopolo e nngwe. Dirisa tlhaloganyo, tlhotlheletso, mme mo godimo ga tsotlhe, o dirise maatla a Lefoko la Modimo go ba thusa go bona boammaaruri.—Dit. 28:23, 24; Baheb. 4:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela