Go Rera Dikgang Tse di Molemo re Tlhatswegile Pelo
1 Mo masimologong a lekgolo la ntlha ya dingwaga, Jesu Keresete o ne a roma balatedi ba gagwe go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go “[dira] batho ba merafe yotlhe barutwa.” (Math. 24:14; 28:19, 20) Basupi ba ga Jehofa ba tsere taelo eno e le masisi, mo e leng gore kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba oketsegile go nna barutwa ba ba fetang 5 900 000 mo dinageng tse 234. A bo Rraarona wa selegodimo a galalediwa ka pako e kgolo jang ne!
2 Jaanong re setse re tsene mo lekgolong la bo21 la dingwaga. Mmaba wa rona o leka ka boferefere go kgoreletsa tiro ya rona e kgolo ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. O dirisa mathata a tsamaiso eno ya dilo go leka go re faposa, gore re senye nako ya rona, le go fetsa maatla a rona ka go tlhokomela le go kgatlhegela dilo tse dintsi tse di se nang mosola. Mo boemong jwa go letla gore tsamaiso eno e nne yone e e re laolang gore dilo tsa botlhokwa mo botshelong ke dife, Lefoko la Modimo ke lone le le re bontshang se se botlhokwa—e leng go dira thato ya ga Jehofa. (Bar. 12:2) Seo se kaya go utlwa kgothatso ya Dikwalo ya go ‘rera lefoko ka paka e e dumelang le ya matshwenyego le go wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.’—2 Tim. 4:2, 5.
3 Tlhatswega Pelo ka Tsela e e Nitameng: Bakeresete ba tshwanetse go ‘ema ba feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.’ (Bakol. 4:12) ‘Go tlhatswega pelo’ go tlhalosiwa e le “tlhotlheletso kana tumelo e e nonofileng; go tlhomamisega.” Rona Bakeresete, re tshwanetse go tlhomamisega gore lefoko la Modimo la boporofeti le tlhomame le gore jaanong re ela kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo. Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng fela jaaka moaposetoloi Paulo, yo o neng a bolela gore dikgang tse di molemo “tota e bile, ke maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.”—Bar. 1:16.
4 Diabolo o dirisa batho ba ba boikepo le maferefere, ba le bone ba timeditsweng, gore ba tlhotlheletse le go timetsa ba bangwe. (2 Tim. 3:13) E re ka re tlhagisitswe go sa le gale ka seno, re tsaya dikgato go nonotsha tsela e re tlhatswegileng pelo ka yone gore re na le boammaaruri. Go na le gore re letle mathata a botshelo a koafatsa tlhoafalo ya rona, re tla nna re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Math. 6:33, 34) Le gone ga re batle go tlhokomologa gore metlha e potlakile, gongwe re akanya gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo kgakala. Bo gaufi go feta le e leng pele. (1 Pet. 4:7) Le mororo re ka nna ra akanya gore go anamisa dikgang tse di molemo kwa dinageng tse dingwe ga go na matswela ka gonne go setse go neetswe bosupi, tiro eno ya go tlhagisa batho e tshwanetse go tswelela pele.—Esek. 33:7-9.
5 Dipotso tsa konokono mo motlheng ono wa morago ke: ‘A ke tsaya thomo ya ga Jesu ya go dira barutwa ka tsela e e masisi? Fa ke rera dikgang tse di molemo, a ke bontsha gore ke tlhatswegile pelo gore Bogosi ke selo sa mmatota? A ke ititeile sehuba gore ke nne le seabe se segolo ka mo nka kgonang ka teng mo bodireding jono jo bo bolokang botshelo?’ E re ka re lemoga gore re mo nakong efe ya bokhutlo, re tshwanetse go nna re itlhokometse le go tlhokomela thomo ya rona ya go rera le ya go ruta. Go dira seno go tla re boloka go bo go boloka le ba ba re reetsang. (1 Tim. 4:16) Rotlhe re ka nonotsha jang tsela ya rona ya go tlhatswega pelo mo bodireding?
6 Etsang Bathesalonika: Fa moaposetoloi Paulo a ne a gakologelwa tiro e e boima ya bakaulengwe ba Thesalonika, o ne a ba raya a re: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo le tlhatswego pelo e e nonofileng, fela jaaka lo itse gore re ne ra nna batho ba mofuta ofe mo go lona ka ntlha ya lona; mme lo ne lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, ka lo ne lwa amogela lefoko lo le mo pitlaganong e kgolo ka boipelo jwa moya o o boitshepo.” (1 Bathes. 1:5, 6) Ee, Paulo o ne a akgola phuthego ya Thesalonika ka gonne le fa gone ba ne ba le mo pitlaganong e kgolo ba ne ba rera ka tlhoafalo e bile ba tlhatswegile pelo. Ke eng se se neng sa ba thusa go dira jalo? Gantsi, tlhoafalo le go tlhatswega pelo tse ba di boneng mo go moaposetoloi Paulo le badirikaene di ile tsa ba tlhotlheletsa ka tsela e e molemo. Jang?
7 Botshelo jwa ga Paulo le jwa ba ba neng ba tsamaya le ene bo ne bo supa gore ba na le moya wa Modimo le gore ba ne ba dumela ka pelo yotlhe mo go se ba neng ba se rera. Pele Paulo le Silase ba tla kwa Thesalonika, ba ne ba tshwerwe makgwakgwa kwa Filipi. Ba ne ba itewa, ba tsenngwa mo kgolegelong le go bofelelwa mo disaneng, ba sa sekisiwa. Le fa go ntse jalo, tiragalo eno e e lekang ga e a ka ya koafatsa tlhoafalo e ba neng ba na le yone ka dikgang tse di molemo. Modimo o ne a dira gore ba gololwe, a dira gore modisa wa kgolegelo a sokologe le ba ntlo ya gagwe le go dira gore bakaulengwe bano ba tswelele pele mo bodireding jwa bone.—Dit. 16:19-34.
8 Paulo o ne a boela kwa Thesalonika ka maatla a moya wa Modimo. Fa a le koo o ne a dira tiro nngwe gore a bone dilo tse a di tlhokang mme go tswa foo o ne a dira ka natla mo go ruteng Bathesalonika boammaaruri. O ne a se ka a ithiba go bolela dikgang tse di molemo ka sebaka sengwe le sengwe. (1 Bathes. 2:9) Tsela e Paulo a neng a rera ka yone a tlhatswegile pelo e ne ya tlhotlheletsa batho ba lefelo leo thata mo bangwe ba bone ba neng ba tlogela kobamelo ya bone ya pele ya medingwana mme ba nna batlhanka ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—1 Bathes. 1:8-10.
9 Pogiso ga ya ka ya kgoreletsa badumedi ba basha go rera dikgang tse di molemo. E re ka Bathesalonika ba ne ba tlhotlhelediwa ke tumelo ya bone e ntšha e bile ba tlhatswegile pelo gore ba tla bona masego a a tla nnelang ruri, ba ne ba tlhotlheletsega go bolela boammaaruri jo ba neng ba bo amogetse ka matlhagatlhaga. Phuthego eo e ne e le matlhagatlhaga thata jaana mo dikgang tsa tumelo ya bone le tlhoafalo ya bone di neng tsa anama mo dikarolong tse dingwe tsa Makedonia tota le kwa Akaia. Ka gone, fa Paulo a ne a kwalela Bathesalonika lekwalo la gagwe la ntlha, ditiro tsa bone tse di molemo di ne di setse di itsiwe. (1 Bathes. 1:7) A bo e ne e le sekao se se molemo jang ne!
10 Go Tlhotlhelediwa ke go Rata Modimo le Batho: Re ka nna re tlhatswegile pelo jang jaaka Bathesalonika fa re rera dikgang tse di molemo gompieno? Paulo o ne a kwala jaana ka bone: “Re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse, le boiteko jwa lona jwa lorato.” (1 Bathes. 1:3, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Go phepafetse gore ba ne ba rata Jehofa Modimo le batho ba ba neng ba ba rerela ka lorato lo logolo, lo lo tswang mo pelong. Ke lone lorato lono lo lo neng lwa tlhotlheletsa Paulo le ditsala tsa gagwe go naya Bathesalonika “e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya [bone].”—1 Bathes. 2:8.
11 Go rata Jehofa le batho ba bangwe thata le gone go tla re tlhotlheletsa go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera e Modimo a re e neetseng gore re e dire. Ka lone lorato loo, re lemoga gore ke boikarabelo jwa rona, jo re bo neilweng ke Modimo gore re anamise dikgang tse di molemo. Ka go tlhatlhanya ka tsela e e tshwanetseng le e e bontshang go anaanela dilo tsotlhe tse Jehofa a re diretseng tsone ka go re kaela kwa ‘botshelong jwa mmatota,’ re tlhotlheletsega gore re bolelele ba bangwe boammaaruri jo bo molemolemo jo re bo dumelang ka pelo yotlhe.—1 Tim. 6:19.
12 Fa re ntse re tshwaregile mo tirong ya go rera, tsela e re ratang Jehofa ka yone le batho ba bangwe e tshwanetse go tswelela pele e gola. Fa e gola, re tla tlhotlheletsega go oketsa seabe sa rona mo bodireding jwa ntlo le ntlo le go dirisa ditsela tsotlhe tse dingwe tsa go neela bosupi tse re nang le tsone. Re tla sola sebaka sengwe le sengwe molemo gore re neele ba losika, baagelani le ditsala bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Le mororo batho ba le bantsi ba ka nna ba gana dikgang tse di molemo tse re ba bolelelang tsone, mme ba bangwe bone ba leka go kgoreletsa go bolelwa ga Bogosi, rona re a itumela. Ka ntlha yang? Ka gonne re itse gore re dirile sotlhe se re ka se kgonang go neela bosupi ka Bogosi le go thusa batho go bona poloko. Mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona a go batla batho ba ba dipelo tse di siameng. Tota le fa mathata a botshelo a re gatelela mme Satane a batla go senya boitumelo jwa rona, re kgona go nna re tlhatswegile pelo le go nna re tlhoafetse mo go neeleng ba bangwe bosupi. Fa rotlhe re dira karolo ya rona, seno se tla dira gore go nne le diphuthego tse di nonofileng, tse di tlhoafetseng jaaka ya Thesalonika.
13 O se Ka wa Ineela fa o Lekwa: Re tshwanetse go tlhatswega pelo le fa re kopana le diteko tse di farologaneng. (1 Pet. 1:6, 7) Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore fa ba ne ba ka mo sala morago, ba tla nna “ba ba tlhoilweng ke merafe yotlhe.” (Math. 24:9) Paulo le Silase ba ile ba diragalelwa ke seno fa ba ne ba le kwa Filipi. Pego e e mo go Ditiro kgaolo 16 e bolela gore Paulo le Silase ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong le go bofelelwa mo disaneng. Gantsi, kgolegelo e kgolo e ne e tshwana le kgotlatshekelo kana holo e matlhakore a yone a neng a na le dikamore tsa kgolegelo tse di neng di bona lesedi le moya. Le fa go ntse jalo, kgolegelo e e kwa teng e ne e se na lesedi e bile e bona moya go sekae fela. Paulo le Silase ba ne ba tshwanetse go nna mo kgolegelong e e maswe jalo e e lefifi, e e mogote, le e e nkgang. O ka akanya gore ba tshwanetse ba bo ba ne ba utlwa botlhoko jo bo kana kang, fa ba ne ba bofeletswe mo disaneng ka diura di le dintsi mekwatla ya bone e kgobogile e bile e tswa madi ka gonne ba ne ba itewa?
14 Le mororo Paulo le Silase ba ne ba lekwa ka tsela eno, ba ne ba nna ba ikanyega. Ba ne ba tlhatswegile pelo mo go neng ga ba nonotsha gore ba direle Jehofa le fa gone ba lekwa. Tsela e ba neng ba tlhatswegile pelo ka yone e tlhalositswe mo temaneng ya 25 ya kgaolo 16, mo e bolelang gore Paulo le Silase ba ne ba “rapela e bile ba baka Modimo ka pina.” Tota e bile, le mororo banna bano ba ne ba tsentswe mo kgolegelong e e kwa teng, ba ne ba tlhomamisegile gore Modimo o a ba amogela mo ba neng ba opelela kwa godimo thata ba bo ba utlwiwa ke magolegwa a mangwe! Re tshwanetse ra tlhatswega pelo ka tsela e e tshwanang gompieno fa re lebane le diteko tsa tumelo ya rona.
15 Diabolo o dirisa diteko di le dintsi go re tlhasela. Ba bangwe ba ka nna ba bogisiwa ke ba lelapa. Bakaulengwe ba rona ba le bantsi ba lebane le dikgwetlho tsa semolao. Re ka nna ra ganediwa ke batlhanogi. Go na le mathata a madi le go tlhobaela malebana le go batla ditsela tsa go itlamela. Basha ba lebane le kgatelelo ya balekane kwa sekolong. Re ka lebana le diteko tseno jang ka katlego? Ke eng se se ka re thusang go tlhatswega pelo?
16 Sa ntlha, re tshwanetse go nna le botsala jo bogolo le Jehofa. Fa Paulo le Silase ba ne ba tsentswe mo kgolegelong e e kwa teng, ba ne ba se ka ba dirisetsa nako eo go ngongorega ka maemo a bone a botshelo kana go ikutlwela botlhoko. Ka bonako fela ba ne ba rapela Modimo mme ba mmaka ka pina. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba na le botsala jo bogolo le Rraabone wa selegodimo. Ba ne ba lemoga gore ba ne ba boga ka ntlha ya tshiamo le gore poloko ya bone e ne e ikaegile ka Jehofa.—Pes. 3:8.
17 Fa re lebana le diteko gompieno, le rona re tshwanetse go leba kwa go Jehofa. Paulo o a re kgothatsa rona Bakeresete go ‘ntsha ditopo tsa rona go di itsise Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo.’ (Bafil. 4:6, 7) A bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa a ka se re tlogele re le mo ditekong re le nosi! (Isa. 41:10) Ka dinako tsotlhe o a bo a na le rona fa fela re mo direla re tlhatswegile pelo.—Pes. 46:7.
18 Selo se sengwe se se botlhokwa se se ka re thusang go tlhatswega pelo ke go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa. (1 Bakor. 15:58) Paulo le Silase ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba ne ba tshwaregile ka go rera dikgang tse di molemo. A ba ne ba tlogela go rera ka ntlha ya diteko tsa bone? Nnyaa, ba ne ba tswelela pele ba rera le fa ba le kwa kgolegelong, mme fa ba sena go gololwa, ba ne ba ya kwa Thesalonika mme ba ya kwa sinagogeng ya Bajuda go ya go ‘bontshana mabaka le bone mo Dikwalong.’ (Dit. 17:1-3) Fa re na le tlhotlheletso e kgolo kana tumelo e e nonofileng mo go Jehofa e bile re tlhatswegile pelo gore re na le boammaaruri, ga go na sepe se se ‘tla re kgaoganyang le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.’—Bar. 8:35-39.
19 Dikao Tsa Segompieno Tsa Batho ba ba Tlhatswegileng Pelo: Go na le dikao di le dintsi tse di tlhomologileng tsa batho ba ba ntseng jalo mo motlheng wa rona, ba ba neng ba tlhatswega pelo fela jaaka Paulo le Silase. Kgaitsadi mongwe yo o neng a tswa kwa kampeng ya pogisetso ya Auschwitz o bolela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba le koo ba ne ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba tlhatswegile pelo. O bolela jaana: “E kile ya re ke botsolotswa, modiredimogolo mongwe o ne a tla kwa go nna a funne mabole. O ne a goeletsa jaana: ‘Re dire eng ka lona? Re a lo tshwara, ga lo kgathale. Re lo isa kwa kgolegelong, ga lo kgathale le e seng. Re lo isa kwa dikampeng tsa pogisetso, ga go lo tshwenye. Re lo atlholela loso, lo ema fela foo lo sa tshwenyege. Re dire eng ka lona?’” A bo go nonotsha tumelo jang ne go bona tumelo ya bakaulengwe ba rona mo maemong a a ntseng jalo a a setlhogo! Ka metlha ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse go itshoka.
20 Ruri re gakologelwa tsela e bakaulengwe ba rona ba bantsi ba neng ba bontsha go tlhatswega pelo ka yone fa go ne go runya letlhoo la bomorafe mo dingwageng tsa bosheng jaana. Le mororo bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo ba iphitlhela ba le mo maemong a a kotsi, ba ikemisetsa go bona gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba tlamelwa mo semoyeng. Botlhe ba tswelela pele ba ikanyega ba tlhatswegile pelo gore “ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga [bone] se se tlaa segofalang.”—Isa. 54:17.
21 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le bantsi ba ba nang le balekane ba ba sa dumeleng le bone ba na le tumelo e e nonofileng le boitshoko. Mokaulengwe mongwe kwa Guadeloupe o ne a ganediwa setlhogo ke mosadi wa gagwe yo o neng a sa dumele. O ne a tle a mo time dijo kana a sa mo tlhatswetse, a sa mo gatisetse diaparo le go di mo rokela, e le go mo kgoba marapo le go mo thibela go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. O ne a tle a mo didimalele ka nako e telele. Mme ka go direla Jehofa ka go tlhatswega pelo le go mo rapela a mo kopa thuso, mokaulengwe yono o ne a kgona go itshokela dilo tseo tsotlhe. Ka nako e kae? Dingwaga di ka nna 20—morago ga gore mosadi wa gagwe a fetole pelo ka iketlo. Kgabagare, o ne a itumela thata ka gonne o ne a amogela tsholofelo ya Bogosi jwa Modimo.
22 Kwa bofelong, ga re a tshwanela go lebala go tlhatswega pelo ga bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba basha ba ba yang sekolong letsatsi le letsatsi mme ba itshokela kgatelelo ya balekane le dikgwetlho tse dingwe. Mosetsana mongwe wa Mosupi o ne a bolela jaana malebana le kgatelelo ya kwa sekolong: “Fa o le kwa sekolong, batho botlhe ba go tlhotlheletsa go nna manganga. Basha ba bangwe ba a go tlotla fa o nna jalo.” A bo basha ba rona ba lebane le kgatelelo e kgolo jang ne! Ba tshwanetse go swetsa mogopolo le pelo gore ba se ka ba ineelela thaelo.
23 Basha ba rona ba le bantsi ba dira sentle ka go boloka bothokgami fa ba lekwa. Sekai se sengwe ke sa kgaitsadi mongwe yo mosha yo o nnang kwa Fora. Ka letsatsi lengwe morago ga dijo tsa motshegare, basimane bangwe ba ne ba leka go mo pateletsa gore a ba atle, o ne a rapela mme a gana a tiile, ka jalo basimane bano ba ne ba mo tlogela. Moragonyana, mongwe wa bone o ne a tla kwa go ene mme a mmolelela gore o ratile bopelokgale jwa gagwe. O ne a kgona go mo neela bosupi jo bo molemo ka Bogosi, a mo tlhalosetsa ka ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tse Jehofa a di tlhometseng botlhe ba ba batlang go bona masego a gagwe. Mo ngwageng oo wa fa a tsena sekolo, o ne a tlhalosetsa le tlelase yotlhe ya gagwe ka dilo tse a di dumelang.
24 A bo re na le tshiamelo e e botlhokwa jang ne ya go nna bangwe ba batho ba Jehofa a itumelelang go ba dirisetsa go bua ba tlhatswegile pelo ka thato ya gagwe! (Bakol. 4:12) Mo godimo ga moo, re na le sebaka se se molemolemo sa go boloka bothokgami jwa rona fa re tlhaselwa ke Mmaba wa rona yo o tshwanang le tau, Satane Diabolo. (1 Pet. 5:8, 9) Re se ka ra lebala gore Jehofa o dirisa molaetsa wa Bogosi go boloka rona ba re o rerang mmogo le ba ba o reetsang. E kete ditshwetso tsa rona le botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi di ka supa gore re baya Bogosi kwa pele. A re tsweleleng pele re rera dikgang tse di molemo re tlhatswegile pelo!