LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/00 ts. 1
  • “Nnang lo Tsogile”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nnang lo Tsogile”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo Disitse”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Nnang Lo Thantse mo “Motlheñ oa Bokhutlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Itumela ba ba Nnang ba Tsogile!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Nna O na Le Boikutlo Jwa go Potlaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 5/00 ts. 1

“Nnang lo Tsogile”

1 Fa Jesu a sena go tlhalosa ditiragalo tsa botlhokwa tse di neng di tla tshwaya malatsi a bofelo a tsamaiso eno ya dilo, o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe go ‘nna ba tsogile.’ (Mar. 13:33) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna ba tsogile? Ka gonne re tshela mo motlheng o o kotsi thata mo hisitoring ya motho. Ga re a tshwanela go otsela semoyeng. Seo se tla dira gore re se ka ra itumelela tiro e Jehofa a re neileng yone gore re e dire mo motlheng ono wa bofelo. Tiro eo ke efe?

2 Jehofa o dira gore batho ba gagwe ba bolele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe mo lefatsheng lotlhe—e le jone fela jo batho ba ka bo ikanyang. Go dira ka tlhoafalo le phuthego ya Modimo go re tlhaola re le Bakeresete ba boammaaruri, ba ba etseng tlhoko metlha le botlhokwa jwa go thusa ba bangwe gore ba utlwe “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:68) Fa re nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa, re a bo re bontsha gore re tsogile semoyeng.

3 Go Tlhotlheletsega go Rera: Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse ra nna le boikutlo jo bo siameng ka bodiredi jwa rona. Go rata Modimo le moagelani go re tlhotlheletsa ka namana go nna le seabe mo tirong ya go rera. (1 Bakor. 9:16, 17) Ka go dira jalo, re tla ipoloka re bo re boloka ba ba re reetsang. (1 Tim. 4:16) A re ikemisetseng go dira ka metlha le ka mo re ka kgonang ka teng re rera ka puso e e molemolemo go gaisa epe e batho ba kileng ba nna le yone—Bogosi jwa Modimo!

4 Go na le selo sa botlhokwa se se dirang gore re bone fa bodiredi jwa rona bo potlakile—pitlagano e kgolo e tla diragala fa re sa ntse re dira tiro eno. E re ka re sa itse letsatsi le fa e le nako, re tshwanetse go nna re tsogile le go nna re ipaakantse ka dinako tsotlhe, re ikaegile mo go Jehofa ka thapelo. (Baef. 6:18) Tiro ya go rera e tswelela pele e gola. Mme ka letsatsi lengwe mo bogautshwaneng, tiro e e di fetang tsotlhe ya go neela bosupi mo hisitoring ya batho e tla konelwa.

5 Latela taelo ya ga Jesu ya gore “nnang lo tsogile” ka boikanyegi. Seno se botlhokwa thata gone jaanong go feta le e leng pele. E kete re ka arabela ka potlako. A re nneng re thantse le go tsoga semoyeng ka dinako tsotlhe, le go nna matlhagatlhaga mo tirelong ya ga Jehofa. Ee, e kete re ka ‘nna re tsogile le go nna re thantse mo ditlhaloganyong.’—1 Bathes. 5:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela