Boifa Jehofa ka Dinako Tsotlhe
1 “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale.” (Pes. 111:10) Go re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di molemo e bile go re thusa go kgaogana le se se bosula. (Dia. 16:6) Poifo eno e bontsha gore re tlotla Mmopi wa rona fela thata, mme go re tlhotlheletsa gore re se ka ra mo kgopisa le go se mo utlwe. Ke selo se re tshwanetseng go se tlhagolela le go se bontsha ka dinako tsotlhe.—Dia. 8:13.
2 Letsatsi le letsatsi, moya wa lefatshe la ga Satane o re gatelela thata gore re ineele mo ditseleng tsa lone tse di bosula. (Baef. 6:11, 12) Nama ya rona e e sa itekanelang e na le boleo mme ka tlholego fela e rata go dira se se bosula. (Bagal. 5:17) Ka gone, gore re ikobele ditaelo tsa ga Jehofa, re itumele le gore re bone botshelo, re tshwanetse go mmoifa ka dinako tsotlhe.—Dute. 10:12, 13.
3 Mo go Bahebera 10:24, 25, re gakololwa go phuthega mmogo gore re kgothatsane “segolobogolo” mo dinakong tseno tse re tshelang mo go tsone. Go nna gone ka metlha mo dipokanong go botlhokwa fa re batla go falola malatsi ano a bofelo. Go boifa go kgopisa Modimo go re tlhotlheletsa go nna gone mo dipokanong le go di tsaya di le botlhokwa. Batho ba ba boifang Modimo ba leba go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete e le tshiamelo e e boitshepo.
4 Go ikobela taelo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ke tsela e nngwe e re bontshang ka yone gore re boifa Modimo. (Math. 28:19, 20; Dit. 10:42) Mokgele o mogolo wa tiro ya rona ya go rera ke go thusa ba bangwe go boifa Jehofa le gore ba dire thato ya gagwe. Re fitlhelela seno ka go dira maeto a go boela, go leka go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae, mme go tswa foo le go ruta ba bangwe ditaelo tsotlhe tsa Modimo. Ka go dira jalo re a bo re bontsha gore re boifa Jehofa le gore re rata moagelani.—Math. 22:37-39.
5 Batho ba ba sa boifeng Modimo ga ba anaanele dilo tsa semoya, mme ba ineela mo moweng o o bolayang wa lefatshe, kana mo megopolong ya lone. (Baef. 2:2) E kete re ka ikemisetsa go nna re ‘direla Modimo tirelo e e boitshepo re na le poifo ya bomodimo le tshisimogo.’ (Baheb. 12:28) Ka go dira jalo re tla bona masego a a tla bonwang ke batho ba ba boifang Jehofa ka dinako tsotlhe.