LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 1 ts. 12-13
  • Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 1 ts. 12-13
Polanete ya lefatshe e gasitswe ke marang a letsatsi

Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo

Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi Jwa Modimo ke eng? Bogosi joo bo dira eng? Goreng re tshwanetse go bo rapelela?

Jesu ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo.

Luke 1:31-33: “O mo reye leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”

Selo se Jesu a neng a rera thata ka sone e ne ele Bogosi Jwa Modimo.

Mathaio 9:35: “Jesu a bolola a etela metse yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.”

Jesu o ne a naya baletedi ba gagwe sesupo sa gore Bogosi joo bo tla tla leng.

Mathaio 24:7: “Gonne setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.”

Gone jaanong balatedi ba ga Jesu ba rera ka Bogosi joo mo lefatsheng lotlhe.

Mathaio 24:14: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”

Boammaaruri ka Bogosi Jwa Modimo

Kwa bo leng gone. Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota e e kwa legodimong.​—DANIELE 2:44; MATHAIO 4:17.

Boikalelo jwa jone. Bogosi Jwa Modimo bo tla fetola lefatshe go nna paradaise. Batho ba tla bo ba tshela ka kagiso le kutlwano mme ba sa lwale e bile ba sa swe.​—PESALEMA 37:11, 29.

Babusi ba Bogosi joo. Modimo o tlhomile Jesu go nna Kgosi mme o tla busa mmogo le ba ba 144 000 ba ba tswang mo lefatsheng.​—LUKE 1:30-33; 12:32; TSHENOLO 14:1, 3.

Ba ba tla busiwang ke Bogosi joo. Batho ba ba tla busiwang ke Bogosi Jwa Modimo ba tla bo ba tshela mo lefatsheng mme ba tla ikobela melao ya Bogosi joo ka pelo yotlhe le go ikobela bolaodi jwa ga Keresete.​—MATHAIO 7:21.

Mabaka a go bo Jesu a tshwanelega go busa batho

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bontsha gore o tla kgona go busa batho e bile o tla ba busa ka lorato ka gonne

  • O ne a utlwela batho ba ba humanegileng botlhoko.​—LUKE 14:13, 14.

  • O ne a tlhoile tshiamololo le batho ba ba sa siamang.​—MATHAIO 21:12, 13.

  • O ne a kgona go laola maatla a tlholego.—MAREKO 4:39.

  • O ne a kgona go naya batho ba le bantsi dijo.​—MATHAIO 14:19-21.

  • O ne a utlwela batho ba ba lwalang botlhoko mme a fodisa ba baneng ba boga.​—MATHAIO 8:16.

  • O ne a tsosa baswi.​—JOHANE 11:43, 44.

Ka fa Bogosi Jwa Modimo bo ka go tswelang mosola ka gone, gone jaanong

O ka itumelela botshelo gone jaanong fa o tshela go ya ka melao ya Bogosi Jwa Modimo. Ka sekai batho ba ba tshelang go ya ka melao eo

  • Ba ‘latelela go nna le kagiso le batho botlhe.’​—BAHEBERA 12:14.

  • Ba itumelela go nna le kagiso le kutlwano mo lelapeng ka gonne banyalani ba a ratana e bile ba a tlotlana.​—BAEFESO 5:22, 23, 33.

  • Ba itumelela botshelo ka gonne ba na le kamano e e molemo le Modimo.​—MATHAIO 5:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela