LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 1 ts. 14-15
  • Itse Nnete Ka se Se Tla Diragalang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itse Nnete Ka se Se Tla Diragalang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GOTLA BUSA PUSO E E SIAMENG
  • BATHO BA TLA NNA LE BOTSOGO JO BO SIAMENG
  • BATHO BA TLA TSHELA KA KAGISO
  • GO TLA BO GO NA LE BATHO BA BA SIAMENG MO LEFATSHENG
  • LEFATSHE E TLABO E LE PARADAISE
  • Tsholofelo
    Tsogang!—2018
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Nako ya Gore Modimo a Letlelele Pogo e Tloga e Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 1 ts. 14-15
Batho ba itumeletse botshelo mo Paradaiseng

Itse Nnete Ka se Se Tla Diragalang

A o kile wa ipotsa gore botshelo bo tla nna jang fa nako e ntse eya? Baebele e boleletse pele ka ditiragalo dingwe tsa botlhokwa tse di tla amang batho botlhe mo lefatsheng.

Jesu o ile a re tlhalosetsa gore re tla itse jang gore “bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Luke 21:31) O ile a bolelela pele ka dilo tse di diragalang gone jaanong tse di jaaka dintwa tse di kgolo, dithoromo tsa lefatshe, ditlhaelo tsa dijo le gore go tla diragala dilo tse di boifisang.​—Luke 21:10-17.

Gape Baebele e ile ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo” fa dipuso tsa batho di ela go fedisiwa, batho ba tla itshwara ka tsela e e sa siamang. O ka bala ka ditiragalo tseo mo go 2 Timotheo 3:1-5. Fa re bona dilo tseno di diragala, re kgona go bona gore se Baebele e ileng ya se bolelela pele ke nnete.

Seno se raya gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi mme bo tla tlisa diphetogo tse di tla dirang gore re itumelele botshelo. (Luke 21:36) Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla direla batho ba ba tshelang mo lefatsheng dilo tse di molemo. Dingwe tsa dilo tseo ke tseno.

GOTLA BUSA PUSO E E SIAMENG

“Mme o ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle. Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.”​—DANIELE 7:14.

Seno se raya gore: O ka kgona itumelela botshelo o busiwa ke puso e e tla bong e busa lefatshe lotlhe e Modimo a tlhomileng Morwawe gore e nne Kgosi ya yone.

BATHO BA TLA NNA LE BOTSOGO JO BO SIAMENG

Mosetsana a ema mo wheelchair-eng a bo a tsamaya

“Mme ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola [kgotsa ke a lwala].’”​—ISAIA 33:24.

Seno se raya gore: Ga o kitla o lwala kgotsa o golafala e bile otla tshelela ruri.

BATHO BA TLA TSHELA KA KAGISO

Sethunya se robilwe

“O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”​—PESALEMA 46:9.

Seno se raya gore: Ga go kitla go nna le dintwa le mathata ape a dintwa tseno di a bakang.

GO TLA BO GO NA LE BATHO BA BA SIAMENG MO LEFATSHENG

“Moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe.”​—PESALEMA 37:10, 11.

Seno se raya gore: Go tla bo go sena batho ba ba sa siamang mme go tla bo go tshela fela batho ba ba batlang go ikobela Modimo.

LEFATSHE E TLABO E LE PARADAISE

“Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.”​—ISAIA 65:21, 22.

Seno se raya gore: Lefatshe lotlhe le tla bo le le lentle. Modimo o tla bo a arabile thapelo ya rona ya gore thato ya gagwe e diragale “mo lefatsheng.”​—Mathaio 6:10

Batho ba itumeletse botshelo mo Paradaiseng
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela