Batsadi—Jalang Mekgwa e Mentle mo Baneng ba Lona
1 Mekgwa e e molemo ga e ruiwe fela ka tsela ya tlholego, le gone ga e itlele fela ka boyone. Mo godimo ga moo, go jala mekgwa e mentle mo baneng, go tsaya nako. “Go jala” go raya “go ruta ka bonya ka bonya” kgotsa “go dira gore go tsene ka iketlo.” Batsadi ba tshwanetse go dira dilo ka go tlhomama gore ba tle ba kgone go ‘tswelela ba godisetsa [bana ba bone] mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’—Baef. 6:4.
2 Simolola go Tswa Boseeng: Bana ba na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go ithuta le go dira dilo tse disha ba sa ntse ba le babotlana thata. Le fa gantsi bagolo ba thatafalelwa ke go ithuta puo e ntšha, bana ba ba iseng ba tsene sekolo ba kgona go ithuta dipuo tse pedi kgotsa tse tharo ka nako e le nngwe. Le ka motlha o se ka wa akanya gore ngwana wa gago o mmotlana thata gore a ka ithuta mekgwa e mentle. Fa ngwana a rutiwa boammaaruri jwa Baebele a sa ntse a le mmotlana a bo a sa kgaotse go bo rutiwa, ka nako ya fa a na le dingwaga di le mmalwa, tlhaloganyo ya gagwe e tla bo e tletse kitso e e tla mo ‘tlhalefisang gore a bone poloko.’—2 Tim. 3:15.
3 Dira go ya Tirelong ya Tshimo Mokgwa: Mokgwa o o molemo o o tshwanetseng go jalwa mo ngwaneng mo dingwageng tsa fa a sa ntse a gola ke wa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka metlha. Batsadi ba bantsi ba simolola seno ka go tsamaya le bana ba bone mo tirelong ya ka ntlo le ntlo fa ba sa ntse ba le masea. Fa batsadi ba nna ba tshwaregile ka metlha mo tirong ya go neela bosupi, seno se thusa bana ba bone gore ba anaanele bodiredi e bile ba nne matlhagatlhaga mo go jone. Batsadi ba ka bontsha bana gore ba ka nna le seabe jang mo go neeleng bosupi mo karolong nngwe le nngwe ya tirelo ya tshimo.
4 Go ikwadisa mo Sekolong sa Puso ya Modimo le gone go thusa bana. Go ba ruta mekgwa e mentle ya go ithuta le gore ba ka bala jang ka go tlhaloganya. Ba ithuta go tlotla le batho ka Baebele, go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Baebele. Go thapisiwa mo go ntseng jalo go ka nna ga ba tlhotlheletsa gore ba nne babulatsela mme ba kgaratlhele go tshwanelegela ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo. Ba bantsi ba ba direlang kwa magaeng a Bethele le barongwa ba gakologelwa ka lorato metlha ya bone ya fa ba ne ba sa tswa go ikwadisa mo sekolong mme ba e tsaya e le thulaganyo e e neng ya ba thusa gore ba nne le mekgwa e mentle.
5 Rotlhe re tshwana le letsopa mo diatleng tsa Mmopi yo Mogolo wa Letsopa, Jehofa. (Isa. 64:8) Fa letsopa le sa ntse le le lesha, le nna motlhofo gore le bopiwe. Fa le ntse le oma, le nna thata go feta. Go ntse jalo ka batho. Fa ba sa ntse ba le babotlana, ba laolesega motlhofo—e bile matswela a nna botoka fa ba sa ntse ba le babotlana. Fa ba sa ntse ba le babotlana, ba mo dingwageng tsa bone tsa go bopiwa, mme ba tla bopiwa gore e nne batho ba ba siameng kgotsa ba ba sa siamang. Jaaka motsadi yo o amegang, simolola go sa le gale go jala mekgwa e mentle mo baneng ba gago mo bodireding jwa Bokeresete.