Nna Modiri yo o Itumetseng
1 Jesu o ne a bolela gore ka nako ya go nna teng ga gagwe, batho ba bantsi ba ne ba se kitla ba “tsaya tsia” fela jaaka mo motlheng wa ga Noa. (Math. 24:37-39) Fa go ntse jalo, go ka lebelelwa gore batho ba bantsi ga ba na go reetsa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re na le moya wa boipelo fa re ntse re dira bodiredi jwa rona?—Pes. 100:2.
2 Sa ntlha, re tlhoka go nna re gakologetswe gore molaetsa wa rona mmogo le thomo ya rona ya go rera di tswa kwa Modimong. Fa batho ba sa arabele fa re le mo bodireding, mme rona re dira bojotlhe, ba gana Jehofa. Fa re gakologelwa gore fa re ikanyega mo go rereng o a re amogela, go tla re thusa gore re nne re ipela e bile re itumetse jaaka badiri ba lefoko la Modimo.—Jak. 1:25.
3 Sa bobedi, go sa ntse go na le batho ba ba tla amogelang tsela ya ga Jehofa ya poloko. Le fa ba bantsi ba ka tswa ba sa kgatlhege, go na le batho ba sekadinku ba ba sa ntseng ba tshwanetse go phuthiwa, le gone jaanong jaaka re tseneletse mo metlheng ya bofelo. Re tshwanetse go tswelela re rera, re tsena “mo motseng le fa e le ofe kgotsa motsana” re ‘batlisisa gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.’—Math. 10:11-13.
4 Nna le Boikutlo jo bo Siameng: Mokgwa o o maswe o bodumedi jwa maaka bo ntseng bo dira dilo ka one o swabisitse batho bangwe. Ba bangwe “ba sotlegile e bile ba gasame” ka ntlha ya tsamaiso eno ya dilo. (Math. 9:36) Ba bantsi ba fekeediwa ke go tlhoka tiro, tlhokomelo ya botsogo, le tshireletsego. Go tlhaloganya seno go tla re thusa gore re itshokele tiro ya rona. Leka go simolola metlotlo e e buang ka dikgang tse di tshwentseng batho ba ba mo tshimong ya rona. Ba thuse gore ba bone gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tharabololo. Dirisa Dikwalo le dintlha tse di opang kgomo lonaka mo dikgatisong gore o fitlhelele dipelo tsa bone ka dikgang tse di molemo.—Baheb. 4:12.
5 Badiri ba ba itumetseng ba lefoko la Modimo ba gakologelwa seno ka metlha: “Boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya [rona] e e thata.” (Neh. 8:10) Ga go tlhokege gore re felelwe ke boipelo. “Fa ntlo eo e tshwanetse, a kagiso e lo e e eleletsang e nne mo go yone; mme fa e sa tshwanela, a kagiso e e tswang mo go lona e boele mo go lona.” (Math. 10:13) Jehofa o shafatsa boipelo jwa rona le nonofo ya rona fa re itshokela tirelo ya gagwe e e boitshepo ka bopelotelele, mme o segofatsa boikanyego jwa rona.