LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/01 ts. 3
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Boife Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Boifa Modimo—A Go Ka go Solegela Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Boifa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Ithuta go Itumelela go Boifa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 7/01 ts. 3

Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Tlhaloso nngwe ya lefoko go boifa ke “go sisimoga le go tlotla thata segolobogolo fa go lebisitswe kwa Modimong.” Seno se tlhalosa poifo e e siameng e go buiwang ka yone mo Dikwalong e le “tshimologo ya botlhale.” (Pes. 111:10) Go farologana le moo, go na le mofuta o mongwe wa go boifa o o fekeetsang lefatshe la ga Satane le le re dikologileng. Re ka dira jang gore re se ka ra nna le boikutlo jono jo bo sa siamang fa re ntse re boifa Jehofa ka go mo tlotla? Thulaganyo e ntšha ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2002 e sekaseka potso eno. Setlhogo sa yone sa re “Boifang Modimo Lo bo Lo mo Neye Kgalalelo.” (Tshen. 14:7) Re tlile go bona ditsela di le dintsi tse go boifa Jehofa go re solegelang molemo ka tsone rona ka borona le jaaka phuthego.

Le mororo go boifa go ka nna ga kaya go tlhobaela kana go se nne pelokgale le go tshaba go lebana le maemo a a thata, Baebele e bolela jaana: “Go itumela mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa.” (Pes. 128:1) Thulaganyo ya kopano eno e tla re bontsha kafa re ka lepalepanang ka katlego ka teng le dilo tse di gwetlhang kobamelo ya boammaaruri. Re tla bona kafa re ka thusang ba basha ka teng gore ba nne le poifo eno e e siameng ya Modimo, e leng selo se tota se tla ba tlhotlheletsang gore ba batle go mo direla ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya bone. (Mar. 12:30) Letsatsi la ntlha le konela ka puo ya molebedi wa kgaolo e e reng “Nna Gaufiufi Le ba O ba Ratang.” O tla tlhalosa kafa re ka nnang re etse tlhoko ka teng maiteko a ga Diabolo a go dira gore re katogele kgakala le Jehofa, ba malapa a rona, le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete.

“Boifa Jehofa, e Seng Batho” ke setlhogo sa simphosiamo sa dikarolo di le nnè mo letsatsing la bobedi. Se tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go fenya poifo e e re kgoreletsang go wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo kana go boloka bothokgami jwa rona le segakolodi sa rona se le phepa kwa sekolong le kwa re berekang gone le gore re ka dira seno jang. Puo ya phatlalatsa e e reng, “Boifa Modimo Mme o Boloke Ditaelo Tsa Gagwe” e theilwe mo motseletseleng wa ditiragalo tse di tlhalositsweng mo go Tshenolo kgaolo 14. Kopano eno ya potologo e tla konela ka kaelo e e kgothatsang e e reng “Tswelelang lo Tsamaya mo Poifong ya ga Jehofa.”

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, Pokano ya Tirelo, puo ya kolobetso le tshobokanyo ya Thuto ya Tora ya Tebelo ke dintlhakgolo tse dingwe tsa thulaganyo eno e o se kitlang o batla go e fosa. Laletsa batho ba o ithutang Baebele le bone gore ba tsamaye le wena. Ope fela yo o batlang go kolobediwa o tshwanetse go bolelela molebedi yo o okamelang ka bonako jo bo ka kgonegang. Rotlhe re tla batla go bontsha gore re boifa Jehofa ka tsela e e siameng le go mo naya kgalalelo ka gore re se ka ra foswa ke karolo epe ya thulaganyo eno e e molemolemo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela