A o Ka Direla Kwa go Nang le Tlhokego e Kgolwane Gone?
1 A o kile wa akanyetsa go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone ya baboledi ba Bogosi? Fa o ne o ka lalediwa go ‘tla ka kwano . . . go thusa,’ a o ne o tla arabela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a arabela? (Dit. 16:9, 10) Mo diphuthegong di le dintsi go tlhokega malapa a a godileng semoyeng, babulatsela go thusa go bereka tshimo koo kana bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang go thusa go etelela pele. Tshimo ya tsone e ka tswa e na le ditorotswana tse di kwa thoko tse di gasameng mo dikgaolong tse dikgolo tsa metseselegae. Holo ya Bogosi e e mo tikologong e ka tswa e le kgakala thata. Go ka tswa go se na ditiro tse di lekaneng tsa go itshedisa. Maemo a bosa le one a ka tswa e se a a rategang. A o ka rata go amogela kgwetlho eno? O ka kgona jang go atlega mo go yone?
2 Go Tlhokega Tumelo le Tsholofelo: Aberame o ne a tlogela lefelo la gagabo la Ure fa Modimo a ne a mo laela go dira jalo, a bo a tsaya loeto lwa dikilometara di le 1 000 go ya kwa Harana mmogo le mosadi wa gagwe, ngwana wa ga monnawe le rraagwe yo o godileng, e bong Tera. (Gen. 11:31, 32; Neh. 9:7) E ne ya re fa Tera a sena go swa, Jehofa o ne a laela Aberame, yo jaanong a neng a na le dingwaga di le 75, gore a tswe mo Harana le ba losika lwa gagwe mme a ye kwa nageng e Modimo a tla mo e bontshang. Aberame, Sarai le Lote ba ne “ba tsena mo tseleng.” (Gen. 12:1, 4, 5) Gone ke boammaaruri gore lebaka la go bo Aberame a ne a fuduga e ne e se go ya go direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolwane ya badiredi gone. Le fa go ntse jalo, go fuduga jalo go ne go mo tlhoka sengwe. Eng?
3 Aberame o ne a tshwanelwa ke go nna le tumelo le tshepo gore a dire kabelo eno. O ne a tshwanelwa ke go fetola tsela e a akanyang ka yone le e a tshelang ka yone. O ne a tshwanelwa ke go tloga mo pabalesegong ya ba losika lwa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla mo tlhokomela mmogo le ba lelapa la gagwe. Gompieno batho ba le bantsi ba ile ba bontsha gore ba ikanya Jehofa ka tsela e e tshwanang.
4 Dikabelo Tsa Nakwana: A o kile wa ipelela masego a magolo a go dira kwa tshimong e e sa abiwang? Ngwaga mongwe le mongwe ka dikgwedi tsa August, September le October, baboledi ba le diketekete ba ipelela masego a go dira kwa tshimong e e sa abiwang. Go tla bo go ntse fela jalo le monongwaga! Letsholo la tshimo e e sa abiwang le naya ba bangwe sebaka sa go nna babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kana go feta moo. Go na le ditorotswana le metsana e le mentsi e, ka ntlha ya gore e le kgakala le diphuthego tse di tlhomilweng, e iseng e neelwe bosupi ka dingwaga di le dintsi. Dikabelo tseno di siametse thata baboledi ba ba sa tlholeng ba bereka le ba ba ka kgonang go nna kwa ditorotswaneng tseno ka kgwedi e le nngwe kana go feta moo. Go ka wediwa tiro e kgolo thata ka tsela eno. Re kgothaletsa ba ba ka kgonang go dira jalo, gore tsweetswee ba akanyetse go dira jalo.
5 Bangwe bone ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya maeto a maleele. A go ne ga ba tswela mosola? E ne ya re fa molemirui mongwe kwa Kapa Bophirima a utlwa gore re ne re dira eng, o ne a rulaganya gore badiri botlhe ba mo polasing ba emise tiro ura pele ga nako e e tlwaelegileng. Morago ga moo ba ne ba phuthega mo leobong le le mo polasing moo mongwe wa bakaulengwe a neng a kgona go ba naya bosupi ka botlalo. Badiri bano ba ne ba sa kgone go ntsha moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe, mme ba ne ba ithaopela go tlhatswa dikoloi tsa bakaulengwe tse di neng di tletse lerole e le tsela ya go duelela dibuka. Molemirui mongwe kwa Mpumalanga o ne a anaanela molaetsa wa rona fela thata e bile o ne a amogela dibuka dingwe. Le fa go ntse jalo, badiri ba ne ba tshwaregile ka tiro kwa masimong, ka jalo baboledi ba ne ba sa kgone go bua le bone. O ne a re fa baboledi bano ba ka boa ka 1:00 p.m. o tla rulaganya gore badiri botlhe ba nne teng. Go ne ga nna fela jalo, mme badiri botlhe ba ne ba phuthega. Diperesente di le 75 tsa diphuthego di ne tsa nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang mo ngwageng o o fetileng. Bontsi jwa baboledi ba dumela gore go direla le e leng ka nako e khutshwane kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone go ne ga dira gore ba anaanele bodiredi jwa bone fela thata. Bua le ba ba kileng ba dira jalo. O tla fitlhela gore ba ne ba nonotshiwa semoyeng e bile go bonala ba tla rata go nna le seabe gape fa ba ka newa sebaka seo.
6 Go amogela kabelo ya nakwana ya go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone go ka thusa ka selo se sengwe gape. Batho ba ba nnang le seabe mo go yone ba ka kgona go bona tshedimosetso e e mosola e e ka ba thusang go “bala ditshenyegelo” tsa go fudugela kwa karolong e nngwe ya naga.—Luke 14:28.
7 Go Fudugela Kwa go Nang le Tlhokego e Kgolwane Gone: Jehofa o batla gore dikgang tse di molemo di bolelwe “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni” pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) E re ka o itse seno, a o ka rata go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone fa o kgona? Go na le tlhokego mo mafelong a le mantsi.
8 A o setse o rotse marapo mo tirong? A o na le madi mangwe a o a amogelang ka metlha? Fa go se jalo, a o ka rulaganya go itirela kgwebonyana? A o kgona go itshedisa gongwe le gongwe kwa o ka tswang o le teng ka go dirisa founo kana khomputara? Fa o sa kgone go fuduga, a o ka thusa mongwe mo lelapeng go direla kwa lefelong le lengwe?
9 Fa o sena go akanyetsa kgang eno ka thapelo mme o ikutlwa o siametse go lebana le kgwetlho eno ya go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, bua le ba lelapa la gago le bagolwane ba phuthego ya lona ka kgang eno. Morago ga moo, kwala lekwalo mme o le neye bagolwane gore le bone ba akgele le go go buelela pele o le romela kwa ofising ya lekala.
10 Ke eng se o tshwanetseng go se akaretsa mo lekwalong la gago? Dingwaga tsa gago, letlha la kolobetso, maikarabelo a gago mo phuthegong, boemo jwa gago jwa lenyalo le gore a o na le bana ba bannye kana nnyaa. Kwala mafelo a o ka ratang go ya go direla kwa go one, go ya ka ditlhoko tsa gago. Ka sekai, a go na le dipuo dipe fela tsa seeng tse o kgonang go di bua?
11 A o motho yo o tlhoafetseng le yo o ratang go dira? A maemo a gago a go letla go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone? Fa go ntse jalo, he bona kafa Jehofa a tswelelang pele go tsholola masego a gagwe a magolo ka teng mo bathong ba ba mo ikanyang jaaka fa ba bontsha moya wa go intsha setlhabelo!—Pes. 34:8; Mal. 3:10.