Kafa Dibidio Tse di Nayang Bosupi di Amang Batho ka Teng
1 “Morwa wa rona o sa le a simolola go lebelela bidio eno a ise a ba a itse go tsamaya. O e lebelela gangwe le gape. A bo go le molemo jang go nna le didirisiwa tse di tlhotlheletsang bana ba rona go rata Jehofa!” Motsadi yono wa Mokeresete o ne a tlhalosa bidio efe? Ya setlhogo se se reng Noah—He Walked With God. Mmè mongwe yo e seng Mosupi yo morwawe a neng a bone bidio ya Noah kwa legaeng la mongwe, o ne a romelela ofisi ya lekala moneelo wa R670 mme a botsa gore a ga re na dibidio tse dingwe tsa bana. Dibidio tse di gatisiwang ke phuthego ya ga Jehofa di ama basha mmogo le bagolo fela thata.
2 Mo Lelapeng: Fa lelapa lengwe la Basupi le sena go lebelela bidio ya Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault, mmè wa lelapa leo o ne a re: “Ke ntse ke akanya letsatsi lotlhe kafa Jehofa a dirileng ka teng gore batho ba ba tlwaelegileng ba kgone go itshokela dilo tse di sa tlwaelegang! Go akanya ka seo go nkgopoditse kafa mathata a me e seng a sepe ka teng fa a bapisiwa le a batho ba bangwe. Go lebelela bidio eno le bana ba rona go ba thusitse gore ba bone sentle kafa go tlhokegang ka gone gore ba ikaege ka Jehofa. Ka go tlotla ka yone le bone moragonyana, re thusitse bomorwadiarona gore ba tlhomelelwe botoka gore ba emelane le mathata ape fela kgotsa dipogiso tse ba ka lebanang le tsone.”
3 Kwa Sekolong: Mosha mongwe wa Mosupi o ne a bontsha bana ba mophato wa gagwe karolo nngwe ya bidio ya Stand Firm fa a ne a ba neela pego. Pelenyana ga foo, morutabana o ne a boletse gore ga a rate Basupi. Fa a sena go lebelela bidio eno, o ne a re: “Seno se fetotse gotlhelele tsela e ke lebang Basupi ba ga Jehofa ka yone. Nako e e tlang fa ba nketela, ruri ke tla ba reetsa ke bo ke simolole go ithuta Baebele le bone!” Ke eng se se neng sa fetola tsela e a re lebang ka yone? O ne a bolela gore e ne e le ‘lorato lwa rona lwa boammaaruri le boikanyegi jwa rona.’
4 Mo Bodireding: Kgaitsadi mongwe o ne a kopana le mosadi yo o neng a okaoka go amogela dikgatiso tsa rona, le fa gone a ne a na le dipotso kaga rona le dilo tse re di dumelang. Kgaitsadi o ne a tla ka bidio e e reng Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name mme a e tshamekela mosadi yono le monna wa gagwe. Ba ne ba kgatlhega thata boobabedi mme ba dumela go ithuta Baebele. Ka ntlha ya bosupi jo bo molemo jo ba neng ba bo newa, ba ne ba simolola go dumalanya matshelo a bone le thato ya Modimo.
5 Re ka dirisa dibidio tsa rona ka botlalo jang? E re ka go tlhoka madi a mantsi go dira dibidio tseno, diphuthego dingwe di beile dibidio di le mmalwa kwa Laeboraring ya Holo ya Bogosi mme di letla baboledi go di adima. Baboledi ga ba kgothalediwe go otara dibidio tseno fa e le gore ga ba na motšhine o o tshamekang dibidio kgotsa fa e le gore ga ba ne ba di dirisa thata.