LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/02 ts. 1
  • Go Phutha Batho ba Dipuo Tsotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phutha Batho ba Dipuo Tsotlhe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba ‘Dipuo Tsotlhe’ ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rerela Motho yo o Buang Puo e Sele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Go Tsamaisa Dikgatiso mo Tshimong ya Dipuo Tse di Farologaneng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Thulaganyo e e Anameng Thata ya go Ruta
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 7/02 ts. 1

Go Phutha Batho ba Dipuo Tsotlhe

1 Lefoko la Modimo le a diragadiwa! Batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba amogela kobamelo ya boammaaruri. (Seka. 8:23) Basupi ba ga Jehofa ba thusa jang batho ba ‘ditso, ditšhaba le diteme’ gore ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa ka tsholofelo ya go falola “pitlagano e kgolo”?—Tshen. 7:9, 14.

2 Se Phuthego ya Modimo e se Dirang: Setlhopha se se Laolang se rulaganyeditse gore go nne le dibuka tse di tlhalosang Baebele ka dipuo di ka nna 380 gore batho mo lefatsheng lotlhe ba tlhaloganye ka phepafalo botlhokwa jwa dikgang tse di molemo. Go dira dibuka tseno le go di gatisa ka dipuo tse dintsi jaana ke namane e tona ya tiro. Go akaretsa go bopa ditlhopha tsa baranodi ba ba tshwanelegang le go ba naya thuso e ba e tlhokang gore ba kgone go ranolela dibuka tseno tsa rona mo dipuong tsotlhe, go di gatisa le go di romela. Le fa go ntse jalo, seabe sa botlhokwa se dirwa ke mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi yo o isetsang batho molaetsa wa Baebele o o bolokang botshelo.

3 Go Lebana le Kgwetlho: Tshimo ya rona e na le batho ba ba tswang mo maemong otlhe a botshelo ba ba buang dipuo di le dintsi di sele le dipuo tsa mo lefelong la rona. Gore re kgone go fitlhelela batho ba ba buang dipuo tseno tsotlhe ka dikgang tse di molemo, batlhanka ba le bantsi ba Modimo ba leka ka natla go ithuta puo nngwe e sele e e buiwang mo lefelong la bone. Ba bangwe ba ithuta Puo ya Diatla. Mo tshimong ya lekala la Afrika Borwa go na le diphuthego tse di ka nnang 1 630 le ditlhopha tse di rerang ka dipuo di ka nna 11 kgotsa go feta. Bangwe ba ba iseng ba utlwe sepe ka Jehofa kana ba ba sa itseng sepe ka Baebele ba amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.—Bar. 15:21.

4 A re ka iteka ka natla ka mo go oketsegileng gore re bolelele batho ba ba mo tshimong ya rona ba setšhaba sengwe se sele dikgang tse di molemo? (Bakol. 1:25) Diphuthego dingwe di rulaganyetsa go dira tiro ya go rera ka nngwe ya dipuo di le dintsi tse di buiwang mo tshimong ya tsone. Santlha, baboledi ba ithuta go dira puisano e e motlhofo ka puo eno jaaka go re: “Dumela. Re go tsholetse dikgang tse di molemo. [Morago ga moo, mo tsamaisetse pampitshana kgotsa boroutšhara jo bo leng teng ka puo eo.] Sala sentle.” Ruri Jehofa o segofatsa maiteko a mannye ao!

5 Batho ba ba tswang mo maemong otlhe a botshelo le dipuo ba amogela molaetsa wa Bogosi. A re diriseng tshono nngwe le nngwe go ba rerela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela