Lebokoso la Dipotso
◼ Ke leng go tla bong go tshwanela gore go tlhomiwe setlhopha sa puo e sele kana sa puo ya diatla?
Fa tshimo ya phuthego e na le batho ba bantsinyana ba ba buang puo e sele, bagolwane ba tshwanetse go dira se ba ka se kgonang go rulaganya gore tiro ya go rera e dirwe ka puo eo. (km-TN 7/02 1; km-TN 2/98 3-4) Go ka nna ga direga gore batho ba ba buang puo e sele, kana ba bosusu ba bo ba aname mo tshimong ya diphuthego tse pedi kana go feta tse di bapileng. Mo maemong a a ntseng jalo, molebedi wa potologo o tla ntsha kaelo e e tlhokegang go thusa diphuthego tse di amegang go dirisana mmogo mo tirong ya go rera. Go ka nna ga rulaganngwa puo ya phatlalatsa kana Thuto ya Tora ya Tebelo gangwe le gape e le go bona gore go tla tla batho ba le kae mo dipokanong tsa puo eo.
Go ka nna ga tlhomiwa setlhopha fa e le gore go fitlheletswe dilo tse di latelang tse di tlhokegang: (1) Go na le baboledi kana batho ba ba kgatlhegang ba ba tlhaloganyang dikgang tse di molemo sentle ka puo eo. (2) Go na le mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang gore a ka etelela pele le go tshwara bobotlana pokano e le nngwe mo bekeng. (3) Setlhopha sa bagolwane se iketleeleditse go tshegetsa setlhopha seno. Fa dilo tseno tse di tlhokegang di le teng, bagolwane ba tshwanetse go itsise ofisi ya lekala e le gore setlhopha se itsiwe semolao le gore go ntshiwe ditaelo tse di oketsegileng.
Bontsi jwa ditlhopha di simolola pele ka go tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego ya beke le beke. Moragonyana, bagolwane ba ka nna ba bona go tshwanela gore go okediwe ka dipokano tse dingwe, tse di jaaka Pokano ya Phatlalatsa le Thuto ya Tora ya Tebelo. Dipuo No. 2, 3 le 4 mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo di ka nna tsa neelwa mo sekolong sa bobedi fa e le gore mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang yo o kgonang go bua puo eo a ka kgona go nna mogakolodi. Le fa go ntse jalo, setlhopha se tla kopanela le phuthego yotlhe ka nako ya puo ya tao, dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le Pokano ya Tirelo. Gape setlhopha se ka nna sa rulaganyediwa dipokano tsa tirelo ya tshimo.
Tshedimosetso eno e ka dirisiwa gape le fa go tlhomiwa ditlhopha tse di kwa thoko tse di mo tshimong e e abetsweng phuthego nngwe kana di le mo tshimong ya yone e e sa abiwang. Go ka nna molemo ka dinako tsotlhe fa ditlhopha tseno di tlhokomelwa ke diphuthego tse di gaufi le tsone, fa e le gore go a kgonega.
Botlhe ba ba mo setlhopheng ba dira mmogo kafa tlase ga kaelo ya setlhopha sa bagolwane. Bagolwane ba tshwanetse go ntsha kaelo morago ga go akanyetsa dilo ka kelotlhoko le go bontsha gore ba kgatlhegela go thusa ka dilo tse setlhopha se di tlhokang. Fa molebedi wa potologo a etela phuthego e e tlhokometseng setlhopha, o tla rulaganyetsa gape go bereka mmogo le setlhopha seno gore a se age semoyeng. Ka tshegofatso ya ga Jehofa, fa nako e ntse e ya, setlhopha seno e ka nna phuthego.