Go Itsise Batho Leina la Modimo
1. Go ithuta leina la Modimo go ka ama batho jang?
1 O ile wa itshwara jang fa o ne o simolola go itse leina la Modimo? Batho ba le bantsi ba itshwara jaaka mosadi yo o neng a re: “Fa ke ne ke simolola go bona leina la Modimo mo Baebeleng, ke ne ka lela. Ke ne ka amiwa thata ke go itse gore nka kgona go itse leina la Modimo le go le dirisa.” O ne a tsaya go itse leina la Modimo e le kgato ya botlhokwa gore a itse Jehofa a bo a kgone go nna le botsalano le ene.
2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re rute batho ba bangwe kaga Jehofa?
2 Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go le Itsise Batho? Go itse leina la Modimo go amana le go itse dinonofo tsa gagwe, maikaelelo a gagwe le ditiro tsa gagwe. Gape go itse leina la Modimo go botlhokwa gore motho a bolokwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a re ‘ba tla bitsa Jehofa jang’ fa ba sa ithute kaga gagwe ba bo ba bontsha tumelo mo go ene? Ka gone, go botlhokwa gore Bakeresete ba itsise batho ba bangwe leina la Modimo le sotlhe se le se emelang. (Bar. 10:13, 14) Mme go na le lebaka le lengwe le legolo go gaisa leo la go bo batho ba tshwanetse go itsisiwe leina la Modimo.
3. Lebaka la rona la konokono la go rera ke lefe?
3 Ka bo1920, batho ba Modimo ba ne ba lemoga go tswa mo Dikwalong kgang e e amang lobopo lotlhe e e akaretsang go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo le go itshepisiwa ga leina la gagwe. Pele Jehofa a senya baikepi gore a tlose kgobo e e ntseng e pegwa leina la gagwe, boammaaruri kaga gagwe bo tshwanetse jwa “itsisiwe mo lefatsheng lotlhe.” (Isa. 12:4, 5; Esek. 38:23) Ka jalo, lebaka la rona la konokono la go rera ke go baka Jehofa phatlalatsa le go itshepisa leina la gagwe fa pele ga batho botlhe. (Baheb. 13:15) Go rata Modimo le moagelani go tla re rotloetsa gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong e re e laetsweng ke Modimo.
4. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba amanngwa jang le leina la Modimo?
4 “Batho ba Leina la Gagwe”: Ka 1931 re ne ra simolola go dirisa leina Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10) Fa e sa le ka nako eo, batho ba Modimo ba ntse ba itsise leina la gagwe mo e leng gore buka ya Baboledi, tsebe 124 e bolela jaana: “Motho ope fela yo o dirisang leina Jehofa a sa tshabe mo merafeng yotlhe, o tlhaolwa ka bonako fela jaaka yo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” A wena o itsiwe jalo? Go leboga bomolemo jwa ga Jehofa go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ‘bake leina la gagwe,’ re bua ka ene nako nngwe le nngwe fa go tshwanela.—Pes. 20:7; 145:1, 2, 7.
5. Boitshwaro jwa rona bo amana jang le go sikara leina la Modimo?
5 E re ka re le “batho ba leina la gagwe,” re tshwanetse go itshwara tumalanong le ditekanyetso tsa gagwe. (Dit. 15:14; 2 Tim. 2:19) Gantsi sengwe sa ntlha se batho ba se lemogang ka Basupi ba ga Jehofa ke boitshwaro jwa bone jo bo molemo. (1 Pet. 2:12) Le ka motlha re ka se batle go itshekolola leina la gagwe ka go nyatsa melaometheo ya gagwe kgotsa ka go tsaya go mo obamela go se botlhokwa mo matshelong a rona. (Lefi. 22:31, 32; Mal. 1:6-8, 12-14) Mo boemong jwa moo, e kete tsela ya rona ya botshelo e ka bontsha gore re tseela kwa godimo tshiamelo ya rona ya go sikara leina la Modimo.
6. Ke tshiamelo efe e re ka nnang nayo gone jaanong le ka bosakhutleng?
6 Gompieno re bona mafoko ano a ga Jehofa a diragadiwa: “Go tswa botlhabatsatsi le go ya bophirimong jwa lone leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng.” (Mal. 1:11) A re nneng re itsise boammaaruri kaga Jehofa mme re “bake leina la gagwe le le boitshepo ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Pes. 145:21.