LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/03 ts. 1
  • Etsa Bomolemo Jwa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Bomolemo Jwa ga Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ruri Molemo wa Gagwe o Mogolo!”
    Atamalana le Jehofa
  • Bogolo Jo Bo Gakgamatsang jwa Molemo wa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Molemo—O ka Nna le Nonofo Eno Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Bomolemo jo Bogolo Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 8/03 ts. 1

Etsa Bomolemo Jwa ga Jehofa

1 Fa re sena go bogela phirimo e ntle ya letsatsi kgotsa re sena go ja dijo tse di monate, a ga re tlhotlheletsege go leboga Jehofa, Motswedi wa dilo tsotlhe tse di molemo? Bomolemo jwa gagwe bo re patelela gore re batle go mo etsa. (Pes. 119:66, 68; Baef. 5:1) Re ka bontsha jang nonofo eno ya bomolemo?

2 Mo go Ba e Seng Badumedi: Tsela nngwe e re ka etsang bomolemo jwa ga Jehofa ka yone ke go amega go tswa pelong ka ba ba sa amaneng le rona mo tumelong. (Bagal. 6:10) Go ba direla ditiro tse di molemo tse di ka ba solegelang molemo go ka nna le matswela a a molemo malebana le tsela e ba lebang Basupi ba ga Jehofa ka yone le molaetsa o re o rerang.

3 Ka sekai, fa mokaulengwe mongwe yo mosha wa mmulatsela a ne a letetse go bona ngaka kwa tliliniking, o ne a ntse fa thoko ga mmè mongwe yo o godileng yo o neng a lebega a lwala thata go gaisa ba bangwe botlhe ba ba neng ba le teng foo. E ne ya re fa go tla nako ya gore mokaulengwe yono a bone ngaka, a letla mmè yono gore e nne ene a tsenang pele. Nako nngwe ba ne ba kopana gape kwa marekelong, mme mmè yono o ne a itumela thata fa a mmona. Le mororo a ne a sa rate go reetsa dikgang tse di molemo mo nakong e e fetileng, o ne a tlhalosa gore jaanong o a itse gore tota Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ratang baagelani ba bone. O ne a simolola go tshwarelwa thuto ya ka metlha ya Baebele.

4 Mo Bakaulengweng ba Rona: Gape, re etsa bomolemo jwa ga Jehofa fa re ithaopela go thusa badumedi ka rona. Mo dinakong tsa masetlapelo, ke rona ba ntlha go thusa bakaulengwe ba rona. Re bontsha moya o o tshwanang le ono le fa re thusa ba bangwe ka dipalangwa go ya dipokanong, fa re etela ba ba lwalang le fa re bontsha lorato mo go ba re sa ba itseng sentle mo phuthegong.—2 Bakor. 6:11-13; Baheb. 13:16.

5 Tsela e nngwe e Jehofa a leng molemo ka yone ke go ‘iketleeletsa ga gagwe go itshwarela.’ (Pes. 86:5) Re ka mo etsa ka go bontsha gore re rata bomolemo ka go itshwarela ba bangwe. (Baef. 4:32) Seno se thusa go dira gore botsalano jwa rona le badumedi ka rona e nne ‘jo bo molemo le jo bo itumedisang.’—Pes. 133:1-3.

6 E kete bomolemo jo bogolo jwa ga Jehofa bo ka dira gore re mo tlisetse pako le boitumelo tse di seng kana ka sepe. E bile e kete bo ka re tlhotlheletsa gore re etse bomolemo jwa gagwe mo dilong tsotlhe tse re di dirang.—Pes. 145:7; Jer. 31:12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela