Go Tokafatsa Kamano ya Rona le Jehofa
1. Kgaitsadi mongwe o ne a lemoga eng malebana le thulaganyo ya gagwe ya ka metlha ya ditiro tsa semoya?
1 Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Ke ntse ke ikgoga fela mo boammaaruring mo dingwageng di ka nna 20 tse di fetileng ka go ya dipokanong le tshimong fela.” Le fa go ntse jalo, o tswelela pele jaana: “Ke lemogile gore le fa dilo tseno di le botlhokwa, ka botsone fela di ka se ka tsa nthusa fa maemo a nna thata. . . . Jaanong ke lemoga gore ke tshwanetse go fetola tsela e ke akanyang ka yone mme ke simolole go nna le thulaganyo e e mosola ya go ithuta gore ke kgone go itse Jehofa tota ke bo ke mo rate le go anaanela se Morwawe a se re neileng.”
2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tokafatse kamano ya rona le Jehofa?
2 Go nna le kamano e e gaufi le Jehofa go tlhoka boiteko. Go tlhoka se se fetang fela go nna le thulaganyo ya ka metlha ya ditiro tsa Bokeresete. Fa re sa buisane ka metlha le Jehofa, fa nako e ntse e tsamaya a ka tloga a tshwana le mongwe yo e neng e ntse e le tsala ya rona mme jaanong re sa tlhole re kopana. (Tshen. 2:4) A re sekasekeng gore go ithuta Baebele motho ka esi le go rapela go ka re thusa jang gore re tokafatse kamano ya rona le Jehofa.—Pes. 25:14.
3. Re tshwanetse ra ithuta jang fa re batla go atamalana le Modimo?
3 Go Rapela le go Tlhatlhanya go Botlhokwa: Go ithuta ka tsela e e agang pelo ga se go tshwaya dintlha tsa konokono fela mo setlhogong se se ithutiwang le go leba ditemana tse di umakilweng. Re tshwanetse go akanya ka se tshedimosetso eo e re bolelelang sone ka ditsela tsa ga Jehofa, ditekanyetso tsa gagwe le botho jwa gagwe. (Ekes. 33:13) Go tlhaloganya dilo tsa semoya go ama maikutlo a rona e bile go re tlhotlheletsa gore re akanye ka matshelo a rona. (Pes. 119:35, 111) Motho o tshwanetse a ithuta a le esi ka boikaelelo jwa gore a atamalane le Jehofa. (Jak. 4:8) Go ithuta ka tlhoafalo go tlhoka nako le lefelo le le tshwanetseng, mme go ithuta ka metlha go tlhoka gore motho a ikgalemele. (Dan. 6:10) Tota le fa o nna o tshwaregile thata mo botshelong jwa gago, a o seegela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi gore o tlhatlhanye ka dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemolemo?—Pes. 119:147, 148; 143:5.
4. Go rapela pele ga re ithuta ka esi go re thusa jang gore re tokafatse kamano ya rona le Jehofa?
4 Thapelo e e tswang mo pelong ke karolo e e botlhokwa ya thuto e e mosola ya motho ka esi. Re tlhoka moya o o boitshepo wa Modimo gore boammaaruri jwa Baebele bo ame dipelo tsa rona mme bo re tlhotlheletse go ‘direla Modimo tirelo e e boitshepo re na le poifo ya bomodimo le tshisimogo.’ (Baheb. 12:28) Ka jalo, nako le nako fa re ithuta re tshwanetse ra simolola ka go rapela Jehofa gore a re fe moya wa gagwe. (Math. 5:3) Fa re ntse re tlhatlhanya ka Dikwalo re bo re dirisa dithuso tsa go ithuta tse re di newang ke phuthego ya ga Jehofa, re bulela Jehofa dipelo tsa rona. (Pes. 62:8) Go ithuta ka tsela eno ke karolo ya kobamelo e ka yone re bontshang gore re ineetse mo go Jehofa e bile re nonotsha kamano ya rona le ene.—Jude 20, 21.
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlhatlhanye ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi?
5 Fela jaaka go ntse ka dikamano tsa rona le batho ba bangwe, kamano ya rona le Jehofa e tshwanetse ya tlhokomelwa ka dinako tsotlhe gore e nne e gole mo botshelong jotlhe jwa rona. Ka jalo, e kete re ka reka nako letsatsi le letsatsi gore re atamalane le Modimo, re itse gore le ene o tla re atamela.—Pes. 1:2, 3; Baef. 5:15, 16.