Solegelwa Molemo ke go Ithuta Buka ya Atamalana le Jehofa
1 Re ne ra itumelela go amogela buka ya Atamalana le Jehofa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi.” Ba le bantsi ba ne ba bala buka eno ka bonako fela fa ba sena go e amogela. Kwantle ga pelaelo ba bangwe ba le bantsi ba ne ba dira jalo ba kgothadiwa ke temana ya ngwaga ya 2003: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jak. 4:8.
2 Ka March re tla simolola go ithuta buka ya Atamalana le Jehofa kwa Thutong ya Buka ya Phuthego. Re ka dira jang gore thuto eno e re solegele molemo thata? Go botlhokwa gore re baakanyetse. Kgaolo nngwe le nngwe e tla ithutiwa ka dibeke tse pedi, mme go rulagantswe gore go se ka ga ithutiwa dirapa tse dintsi ka beke. Seno se tla lo fa nako e e lekaneng ya gore lo fe dikarabo tse di tswang pelong tse lo di boneng fa lo ntse lo ithuta le go tlhatlhanya ka tshedimosetso eo. Mo godimo ga moo, mo dibekeng tse go ithutiwang karolo ya bofelo ya kgaolo ka tsone, go tla ithutiwa dirapa di se kae fela gore go nne le nako e e lekaneng ya go sekaseka karolo e e kgethegileng ya buka eno.
3 Go simolola ka kgaolo 2, go na le lebokose la “Dipotso Tsa go Tlhatlhanya” go ela kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe. Fa go sena go dirwa serapa sa bofelo sa kgaolo, molebedi wa thuto ya buka o tla dira gore setlhopha se tlotle ka lebokose leno. O tla kgothatsa ba ba mo setlhopheng go ntsha maikutlo a bone, a batla dintlha tse di molemo tse ba di boneng fa ba ne ba tlhatlhanya ka Dikwalo. (Dia. 20:5) Kwantle ga dipotso tse di mo lebokoseng, ka dinako tse dingwe a ka botsa dipotso tse di jaaka tseno: “Tshedimosetso eno e go bolelela eng ka Jehofa? E ama botshelo jwa gago jang? O ka e dirisa jang go thusa ba bangwe?” Mokgele wa gagwe e tla bo e le go dira gore ba ba mo setlhopheng ba akgele go tswa pelong, e seng go ba leka ka dipotso tse di sa reng sepe.
4 Atamalana le Jehofa ke buka ya mofuta wa yone e le yosi. Le fa dikgatiso tsotlhe tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” di galaletsa Jehofa, buka eno yone e itebagantse fela le go tlhalosa dinonofo tsa ga Jehofa. (Math. 24:45-47) A bo re tla nna le nako e e itumedisang jang ne! Re tla solegelwa molemo thata ke go ithuta mo gontsi ka botho jwa ga Jehofa. E kete thuto eno e ka re thusa gore re atamalane thata le Rraarona wa selegodimo, mme e kete re ka kgona go thusa ba bangwe gore le bone ba dire jalo.