Dijo Tsa Semoya ka Nako e e Tshwanetseng
1. Esekiele 36:29 e diragadiwa jang gompieno?
1 Morena Molaodimogolo Jehofa o bua jaana: ‘Ke tla bitsa dijo tsa ditlhaka ke di totise, mme ga nkitla ke lo tlisetsa leuba lepe.’ (Esek. 36:29) Mafoko ao a boporofeti a dira mo bathong ba Modimo gompieno. Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, Jehofa o dirile gore batho ba gagwe ba nne le dijo tse dintsi tsa ditlhaka tse di bolokang botshelo. Dijo tsa semoya tse di tlang ka nako tse re di newang ka dikopano tsa rona tsa kgaolo di bontsha seno sentle.
2. Jehofa o dirisitse jang dikopano tsa kgaolo go re naya dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng?
2 Kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Columbus, Ohio ka 1931, Jehofa o ne a kaela baobamedi ba gagwe gore ba amogele leina le lesha—Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) Ka 1935 go ne ga tlhaloganngwa sentle gore boidiidi jo bogolo jo bo mo go Tshenolo 7:9-17 ke bomang. Ka 1942 Mokaulengwe Knorr o ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Kagiso—A e Ka Nnela Ruri?” Puo eo e ne e kgothaletsa thata tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe mme e ne ya dira gore go tlhongwe Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Le fa dingwe tsa dikopano tseo di sa lebalesege, mme gone nngwe le nngwe ya tsone e itshupile e le tafole e e nang le dijo tse dintsi tse di agang tsa semoya tse re di neelwang ka nako e e tshwanetseng.—Pes. 23:5; Math. 24:45.
3. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re batla go solegelwa molemo ke letlepu la dijo tsa semoya kwa kopanong ya kgaolo?
3 A o Ikotla ka Tshwanelo? Go a kgonega gore re nne le dijo tse dintsintsi mme re sa otlege, fa re sa tseye matsapa a go di ja. (Dia. 26:15) Mme seno se ka direga le ka dijo tsa semoya. Kwa dikopanong di le mmalwa go lemogilwe gore ba le bantsi ba sasanka mo diphashiting go sa tlhokege kgotsa ba tlotla le ba bangwe ka nako ya lenaneo. Le fa gone metlotlo e e agang e le selo sa botlhokwa kwa kopanong, nako ya go tlotla ke pele le morago ga lenaneo. (Mor. 3:1, 7) Fa re seyo mo mannong a rona re sa reetsa ka kelotlhoko, re ka nna ra latlhegelwa ke ntlha nngwe ya botlhokwa. Gangwe le gape balebedi ba maphata a kopano le bakaulengwe ba ba nang le dikabelo ba ka nna ba tshwanelwa ke go tlotla ka dintlha tse di amanang le kopano fa lenaneo le ntse le tsweletse. Fa go sa nna jalo ba tshwanetse go tlhoma sekao ka gore ba reetse lenaneo ka kelotlhoko. Ga go ope wa rona yo o batlang go latlhegelwa ke dijo tsa semoya tse re di neelwang.—1 Bakor. 10:12; Bafil. 2:12.
4. Re ka bontsha jang gore re lebogela dijo tse dintsi tsa semoya tse Jehofa a re nayang tsone?
4 Go farologana le dithuto tsa maaka tse di sa nonotsheng tsa Labokeresete, ruri rona re itumelela thuto ya boammaaruri e e nonotshang semoyeng! (Isa. 65:13, 14) Tsela e nngwe e re ka ‘itshupang re na le tebogo’ ka yone ke ka go leba kopano e le tshono ya gore re rutwe ke Jehofa. (Bakol. 3:15) Tlhoma mogopolo mo go se mokaulengwe yo o neelang puo a se buang, e seng mo go ene ka boene, mme o lebe molaetsa oo e le o o tswang kwa ‘Motlhatlheleding wa rona yo Mogolo.’ (Isa. 30:20, 21; 54:13) Reetsa ka kelotlhoko. Kwala dintlha tsa konokono tsa puo. Maitseboa mangwe le mangwe o boeletse dintlhakgolo tsa letsatsi leo. Dirisa se o ithutang sone.
5. Dikopano tsa kgaolo di re naya mabaka afe a go itumela?
5 Kopano nngwe le nngwe e re nnang le yone pele ga Aramagedona, go sa kgathalesege gore e tshwaretswe mo kampeng ya batshabi, mo nageng e e tlhasetsweng ke ntwa, kana mo lefelong le le renang kagiso e supa gore re fentse Satane! Jaaka bakaulengwe ba ba utlwanang, re itumelela ditshono tse re nnang le tsone tsa go kopana mmogo kwa dikopanong tsa kgaolo. (Esek. 36:38) Re tlhomamisegile gore le mo lekgetlong leno gape, Jehofa o tla re neela “dijo ka nako e e tshwanetseng” ka lorato.—Luke 12:42.
[Box on page 4]
Bontsha Gore o Anaanela Tafole ya ga Jehofa
◼ Reetsa ka kelotlhoko
◼ Kwala dintlha tsa konokono
◼ Boeletsa dintlhakgolo tsa lenaneo maitseboa mangwe le mangwe
◼ Dirisa se o ithutang sone