Karolo 2: Go Baakanyetsa go Tshwara Thuto
Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
1 Go ruta motho Baebele ka tsela e e nang le matswela ga se kgang ya go tlotla fela ka setlhogo se lo ithutang sone le go bala ditemana tse di umakilweng. Re tshwanetse go ruta moithuti tshedimosetso eo ka tsela e e tla mo amang pelo. Seno se tlhoka gore re baakanyetse sentle re akantse ka motho yono yo re ithutang le ene.—Dia. 15:28.
2 Kafa re ka Baakanyetsang ka Gone: Simolola ka go rapelela moithuti yono kwa go Jehofa o bo o rapele le ka dilo tse a di tlhokang. Kopa Jehofa a go thuse gore o kgone go fitlhelela pelo ya gagwe. (Bakol. 1:9, 10) E le gore o kgone go tlhaloganya se lo ithutang sone sentle, iphe nako ya go sekaseka setlhogo sa kgaolo e lo ithutang yone, ditlhogwana le dilo le fa e ka nna dife tsa go ithuta. Ipotse jaana: ‘Molaetsa mogolo wa setlhogo seno ke ofe?’ Seno se tla go thusa gore o kgone go gatelela dintlha tsa botlhokwa fa o ntse o tshwere thuto.
3 Boeletsa serapa sengwe le sengwe sa setlhogo seo ka kelotlhoko. Batla dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng o ntse o tshwaya fela dintlha tsa konokono. Sekaseka gore ditemana tse di umakilweng di amana jang le ntlha ya konokono e e mo serapeng mme o bone gore ke dife tse lo tla di balang fa o tshwere thuto. O ka nna wa fitlhela go thusa gore, mo bukeng e lo e balang, o kwale ka bokhutshwane mo thoko dintlha tse o ka ratang go di gatelela go tswa mo ditemaneng. Moithuti o tshwanetse go tlhaloganya sentle gore dilo tse a ithutang tsone di tswa mo Lefokong la Modimo.—1 Bathes. 2:13.
4 Dira Gore Thuto e Tshwanele Motho yo o Ithutang le Ene: Morago ga moo, sekaseka thuto eo o akantse ka seo moithuti yono a se tlhokang. Leka go akanya gore o tla botsa dipotso dife le gore ke dintlha dife tse a ka nnang a thatafalelwa ke go di tlhaloganya kana go di amogela. Ipotse jaana: ‘Ke dilo dife tse a tshwanetseng go di tlhaloganya kgotsa go di tokafatsa gore a kgone go gatela pele semoyeng? Nka fitlhelela jang pelo ya gagwe?’ Mme o nne o fetofetole tsela ya gago ya go ruta gore e tsamaisane le maemo a gagwe. Ka dinako dingwe o ka nna wa bona go tlhokega gore o baakanyetse setshwantsho se o tla se dirisang, tlhaloso e e rileng kgotsa dipotso di le mmalwa tse di tla thusang moithuti gore a tlhaloganye ntlha nngwe kgotsa temana. (Neh. 8:8) Mme gone leka gore o se ka wa itsenyetsa tshedimosetso e e oketsegileng e e sa tsamaisaneng go le kalo le setlhogo. Go dira poeletso e khutshwane kwa bofelong jwa thuto go tla mo thusa gore a gakologelwe dintlha tsa konokono.
5 Ruri re a itumela fa baithuti ba basha ba ungwa maungo a a siameng gore ba galaletse Jehofa! (Bafil. 1:11) Gore o kgone go ba thusa go fitlhelela mokgele oo, baakanyetsa sentle nako le nako fa o ya go tshwara thuto ya Baebele.